< Bathesalonia II 1 >

1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo, Silase le Timotheo. Lo ya kwa: Phuthegong ya Thesalonia, e e babalesegileng mo Modimong Rraa rona le mo go Morena Jesu Keresete.
Paulus und Silvanus und Timotheus der Versammlung der Thessalonicher in Gott, unserem Vater, und dem Herrn Jesus Christus:
2 A Modimo Rara le Morena Jesu Keresete ba lo neye masego a a itekanetseng le dipelo tse di tletseng kagiso le ditlhaloganyo.
Gnade euch und Friede von Gott, unserem Vater, und dem Herrn Jesus Christus!
3 Bakaulengwe ba ba rategang, go leboga Modimo kaga lona ke selo fela se se siameng go dirwa, mme ke tiro ya rona mo Modimong, ka ntlha ya tsela ya boammaaruri e ntle ya ka fa tumelo ya lona e godileng ka teng, le ka ntlha ya go gola ga go ratana ga lona.
Wir sind schuldig, Brüder, Gott allezeit für euch zu danken, wie es billig ist, weil euer Glaube überaus wächst, und die Liebe jedes einzelnen von euch allen gegeneinander überströmend ist,
4 Re itumelela go bolelela diphuthego tse dingwe kaga bopelotelele jwa lona le tumelo ya lona e e tletseng mo Modimong, mo godimo ga matshwenyego le mathata a lo a raletseng.
so daß wir selbst uns euer rühmen in den Versammlungen Gottes wegen eures Ausharrens und Glaubens [O. eurer Treue] in allen euren Verfolgungen und Drangsalen, die ihr erduldet;
5 Ke sone sesupo se fela sa tsela e e sa patikeng e e siameng e Modimo o dirang dilo ka yone, gonne o dirisa dipogiso tsa lona go lo baakanyetsa bogosi jwa One,
ein offenbares Zeichen [O. ein Beweis] des gerechten Gerichts Gottes, daß ihr würdig geachtet werdet [O. werden sollt] des Reiches Gottes, um dessentwillen ihr auch leidet:
6 fa gape a baakanyetsa ba ba lo utlwisang botlhoko katlholo le kwatlhao.
wenn es anders bei Gott gerecht ist, Drangsal zu vergelten denen, die euch bedrängen,
7 Ke gone ke rayang lona ba lo bogang ke re, Modimo o tlaa lo naya boikhutso mmogo le rona fa Morena Jesu a bonala ka tshoganetso a tswa kwa legodimong a le mo kgabong e e tukang ya molelo le baengele ba gagwe,
und euch, die ihr bedrängt werdet, Ruhe mit uns bei der Offenbarung des Herrn Jesus vom Himmel, mit den Engeln seiner Macht,
8 a lere katlholo mo go ba ba sa batleng go itse Modimo, le ba ba ganang go amogela leano la one go ba boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete.
in flammendem Feuer, wenn er Vergeltung gibt denen, die Gott nicht kennen, und denen, die dem Evangelium unseres Herrn Jesus Christus nicht gehorchen;
9 Ba tlaa otlhaiwa mo moleting wa bosakhu-tleng, ba kgaoganyeditswe ruri le sefatlhogo sa Morena, ba se kitla ba bona kgalalelo ya nonofo ya gagwe, (aiōnios g166)
welche Strafe leiden werden, ewiges Verderben vom [O. hinweg vom] Angesicht des Herrn und von der Herrlichkeit seiner Stärke, (aiōnios g166)
10 fa a tla go amogela kgalaletso le tlotlo ka ntlha ya gotlhe mo a go diretseng batho ba gagwe, ebong baitshepi ba gagwe. Mme lo tlaa nna mo gare ga ba ba mmakang, gonne lo dumetse Lefoko la Modimo le re le lo neetseng.
wenn er kommen wird, um an jenem Tage verherrlicht zu werden in seinen Heiligen und bewundert in allen denen, die geglaubt haben; denn unser Zeugnis bei [O. an] euch ist geglaubt worden.
11 Mme jalo re tsweletse ka go lo rapelela gore Modimo wa rona o lo dire mofuta wa bana ba o batlang go nna nabo, o lo dire tshiamo fela ka fa lo eletsang go nna ka teng, o duela tumelo ya lona ka nonofo ya One.
Weshalb wir auch allezeit für euch beten, auf daß unser Gott euch würdig erachte der Berufung und erfülle alles Wohlgefallen seiner Gütigkeit und das Werk des Glaubens in Kraft,
12 Mme mongwe le mongwe o tlaa galaletsa leina la Morena Jesu Keresete ka ntlha ya maungo a ba a bonang mo go lona; mme kgalalelo ya lona e kgolo e tlaa bo e le gore lo ba gagwe. Kutlwelo botlhoko ya Modimo wa rona le ya Morena Jesu e dirile gore mo gotlhe go kgonege mo go lona.
damit der Name unseres Herrn Jesus Christus verherrlicht werde in euch, und ihr in ihm, nach der Gnade unseres Gottes und des Herrn Jesus Christus.

< Bathesalonia II 1 >