< Bathesalonia II 3 >

1 Sa bofelo, bakaulengwe ba ba rategang, jaaka ke tla mo pheletsong ya lokwalo lo, ke lo kopa go re rapelela. Rapelelang pele gore molaetsa wa Morena o aname ka bofefo o bo o fenye gongwe le gongwe kwa o anamelang teng, o gape basokologi gongwe le gongwe jaaka o ne wa dira fa o tla kwa go lona.
Britheren, fro hennus forward preye ye for vs, that the word of God renne, and be clarified, as it is anentis you;
2 Rapelelang gape gore re gololwe mo diphapaanong tsa batho ba ba bosula, gonne ga se mongwe le mongwe yo o ratang Morena.
and that we be delyuered fro noyous and yuele men; for feith is not of alle men.
3 Mme Morena o a ikanyega; o tlaa lo nonotsha ebile o tlaa lo dibela mo ditlhaselong tsa mefuta le fa e ka nna efe ya ga Satane.
But the Lord is trewe, that schal conferme you, and schal kepe fro yuel.
4 Mme re ikanya Morena ka gore lo ntse lo dira dilo tse re di lo rutileng, le gore lo tlaa aga lo di dira.
And, britheren, we trusten of you in the Lord, for what euere thingis we comaunden to you, bothe ye don and schulen do.
5 A Morena a lo gogele mo go tlhaloganyeng masaitsiweng a lorato lwa Modimo le kaga bopelotelele jo bo tswang kwa go Keresete.
And the Lord dresse youre hertis, in the charite of God, and in the pacience of Crist.
6 Jaanong taolo ke e, bakaulengwe ba ba rategang, e ke lo e nayang mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete ka taolo ya gagwe: Ikgogeng mo Mokereseteng mongwe le mongwe yo o senyang nako ya gagwe mo botshwakgeng gape a sa latela mogopolo o re lo o neetseng wa go dira ka bonatla.
But, britheren, we denouncen to you in the name of oure Lord Jhesu Crist, that ye withdrawe you from ech brother that wandrith out of ordre, and not aftir the techyng, that thei resseyueden of vs.
7 Gonne lo itse sentle gore lo tshwanetse go re etsa: ga lo ise lo ke lo bone re senya nako re sa dire sepe;
For `ye silf witen, hou it bihoueth to sue vs. For we weren not vnpesible among you,
8 ga re ise re ke re dumele go tsaya dijo mo go ope re sa di reke; re ne ra dira bosigo le motshegare ka natla yotlhe go nna le madi a re neng re a tlhoka go tshela ka one, gore re seka ra nna mokgweleo mo go ope wa lona.
nethir with outen oure owne trauel we eeten breed of ony man, but in trauel and werynesse worchiden niyt and dai, that we greuyden noon of you.
9 E ne e se gore re ne re sena tshwanelo ya go lo kopa gore lo re otle, mme re ne re batla go lo supegetsa, lwa ntlha ka fa lo tshwanetseng go fufulela botshelojwa lona ka teng.
Not as we hadden not power, but that we schulden yyue vs silf ensaumple to you to sue vs.
10 Le re santse re le koo re na le lona re lo neetse taolo e: “Yo o ganang go dira a se ka a ja.”
For also whanne we weren among you, we denounsiden this thing to you, that if ony man wole not worche, nethir ete he.
11 Le fa go ntse jalo re utlwa gotwe bangwe ba lona ba tshelela mo botshwakgeng, ba gana go dira, ebile ba senya nako ya bone mo ditshebong.
For we han herd that summe among you goon in reste, and no thing worchen, but don curiousli.
12 Mo leineng la Morena Jesu Keresete re kopa batho ba ba ntseng jalo ra re ba didimale, ba tsene mo tirong, mme ba berekele matshelo a e leng a bone.
But we denouncen to hem that ben suche men, and bisechen in the Lord Jhesu Crist, that thei worchen with silence, and ete her owne breed.
13 Mme mo go lona ka re bakaulengwe ba ba rategang, lo seka lwa bo lwa lapisega go dira bomolemo.
But nyle ye, britheren, faile wel doynge.
14 Fa mongwe a gana go ikobela se re se buang mo lokwalong lo, bonang gore ke mang mme lo ikgoge mo go ene, gore a tle a itlhabelwe ke ditlhong.
That if ony man obeie not to oure word bi epistle, marke ye him, and comyne ye not with hym, that he be schamed;
15 Se mo tseyeng e le mmaba, mme buisanyang nae jaaka lo ka buisanya le mokaulengwe yo o tlhokang go tlhagisiwa.
and nyle ye gesse hym as an enemye, but repreue ye hym as a brother. And God hym silf of pees yyue to you euerlastinge pees in al place.
16 A Morena wa kagiso ka sebele a lo neye kagiso ya gagwe, go sa re sepe gore go diragala eng. Morena a nne le lona lotlhe.
The Lord be with `you alle.
17 Jaanong tumediso ya me ke e, e ke e kwalang ka seatla sa me, jaaka ke tlwaetse go dira kwa bofelong jwa dikwalo tsa me tsotlhe, go nna bosupi jwa gore lo tswa kwa go nna tota. Se ke mokwalo wa me tota wa seatla.
My salutacioun bi the hoond of Poul; which signe in ech epistle Y write thus.
18 A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo.
The grace of oure Lord Jhesu Crist be with `alle you. Amen.

< Bathesalonia II 3 >