< Bathesalonia II 2 >

1 Mme jaanong, ga tweng kaga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete gape, le go phuthega ga rona go mo kgatlhantsha? Tswee-tswee se tshikinngweng megopolo fela e le go fuduiwa, bakaulengwe ba ba rategang, ke puo e e reng letsatsi le la Morena le setse le bile le simologile. Fa lo utlwalela batho ba ba bonang diponatshegelo le melaetsa ya botlhokwa e e tswang kwa Modimong kaga sone se, kgotsa dikwalo tse di kaiwang di tswa kwano go nna, se ba dumeleng.
Now we beseech you, brothers, by the coming of our Lord Jesus Christ, and by our gathering together to him,
2
That you be not soon shaken in mind, or be troubled, neither by spirit, nor by word, nor by letter as from us, as that the day of Christ is at hand.
3 Se gapegeng, se tsietsegeng le fa ba reng. Gonne letsatsi leo ga le kitla le tla fa e se dilo tse pedi di diragala: Sa ntlha go tlaa nna nako ya go tsuolola Modimo mo go golo, mme motsuolodi o tlaa tla, ebong morwa molete.
Let no man deceive you by any means: for that day shall not come, except there come a falling away first, and that man of sin be revealed, the son of perdition;
4 O tlaa nyatsa modimo mongwe le mongwe o o teng, o tlaa gagolaka sengwe le sengwe sa tlotlo le kobamelo. O tlaa tsena mo tempeleng ya Modimo a nna fa fatshe jaaka Modimo, a re ene ka sebele ke Modimo.
Who opposes and exalts himself above all that is called God, or that is worshipped; so that he as God sits in the temple of God, showing himself that he is God.
5 A ga lo gakologelwe gore ke lo boleletse se mo nakong e ke neng ke na le lona ka yone?
Remember you not, that, when I was yet with you, I told you these things?
6 Mme lo itse gore o kganetswe ke eng gore a bo a ise a tle; gonne o ka tla fela fa nako ya gagwe e setse e siame.
And now you know what withholds that he might be revealed in his time.
7 Tiro e monna yo wa tsogologelo le molete o tlaa e dirang, e setse e tswelela pele, mme ene ka sebele ga a na go tla go fitlhelela yo o mo kgane-tseng a mo sutela mo tseleng.
For the mystery of iniquity does already work: only he who now lets will let, until he be taken out of the way.
8 Jalo yo o bosula yo, o tlaa bonala yo Morena Jesu a tlaa mo tshubang ka mowa wa molomo wa gagwe a bo a mo nyeletsa fa pele ga gagwe fa a boa.
And then shall that Wicked be revealed, whom the Lord shall consume with the spirit of his mouth, and shall destroy with the brightness of his coming:
9 Monna yo wa boleo, o tlaa tla e le sedirisiwa sa ga Satane, a tletse nonofo ya ga Satane, mme o tlaa tsietsa mongwe le mongwe ka ditshupo tse di sa tlwaelesegang, mme o tlaa dira dikgakgamatso tse dikgolo.
Even him, whose coming is after the working of Satan with all power and signs and lying wonders,
10 O tlaa tsietsa gotlhelele ba ba mo tseleng ya bone go ya moleting gonne ba ganne Boammaaruri, ba ganne go bo dumela le go bo rata, le go bo letla go ba boloka,
And with all delusion of unrighteousness in them that perish; because they received not the love of the truth, that they might be saved.
11 mme ka ntlha ya moo, Modimo o tlaa ba letla go dumela maaka ka dipelo tsa bone tsotlhe,
And for this cause God shall send them strong delusion, that they should believe a lie:
12 mme botlhe ba tlaa atlholwa fela ka ntlha ya go dumela maaka, go gana Boammaaruri, le go natefelelwa ke dibe tsa bone.
That they all might be damned who believed not the truth, but had pleasure in unrighteousness.
13 Mme re tshwanetse ka metlha yotlhe go leboga Modimo kaga lona, bakaulengwe ba rona ba ba ratwang ke Morena, gonne Modimo o sale o tlhopha kwa tshimologong go lo naya poloko, go lo ntlafatsa ka tiro ya Mowa O O Boitshepo le ka go ikanya Boammaaruri ga lona.
But we are bound to give thanks always to God for you, brothers beloved of the Lord, because God has from the beginning chosen you to salvation through sanctification of the Spirit and belief of the truth:
14 Ka rona o lo boleletse Mafoko a a Molemo. Gape o lo bileditse go nna le seabe mo kgalalelong ya Morena wa rona Jesu Keresete ka rona.
Whereunto he called you by our gospel, to the obtaining of the glory of our Lord Jesus Christ.
15 Ka dilo tse tsotlhe di le mo mogopolong, bakaulengwe ba ba rategang, emang lo nitame lo bo lo ngaparele thata boammaaruri jo re lo bo rutileng mo dikwalong tsa rona le ka nako e re neng re na le lona ka yone.
Therefore, brothers, stand fast, and hold the traditions which you have been taught, whether by word, or our letter.
16 A Morena wa rona Jesu Keresete ka sebele le Modimo Rraa rona, o o re ratileng wa bo wa re neela kgomotso ya bosakhutleng le tsholofelo e e sa re tshwanelang, (aiōnios g166)
Now our Lord Jesus Christ himself, and God, even our Father, which has loved us, and has given us everlasting consolation and good hope through grace, (aiōnios g166)
17 a gomotse dipelo tsa lona ka kgomotso yotlhe, a lo thuse mo go sengwe le sengwe se lo se buang le se lo se dirang.
Comfort your hearts, and establish you in every good word and work.

< Bathesalonia II 2 >