< Petere II 1 >
1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Simone Petere, motlhanka le morongwa wa ga Jesu Keresete. Lo ya kwa go: botlhe ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona. Tumelo e ke buang ka yone ke ya mofuta o Jesu Keresete Modimo le Mmoloki wa rona o e re nayang. E ntle jang e bile o tshiamo jang go naya mongwe le mongwe wa rona tumelo e, e e tshwanang.
Šimon Petr, služebník a apoštol Ježíše Krista, těm, kteříž spolu s námi zaroveň drahé dosáhli víry, pro spravedlnost Boha našeho a spasitele Jezukrista:
2 A o batla boutlwelo-botlhoko jwa Modimo thata le kagiso? Jalo ithute go mo itse botoka thata.
Milost vám a pokoj rozmnožen buď skrze známost Boha a Ježíše Pána našeho.
3 Gonne fa o mo itse thata, o tlaa go naya ka nonofo ya gagwe, sengwe le sengwe se o se batlang go tshela botshelo jwa boammaaruri: O tlhakanela le rona le eleng kgalalelo le tshiamo ya gagwe.
Jakož nám od jeho Božské moci všecko, což k životu a ku pobožnosti náleželo, darováno jest, skrze známost toho, kterýž povolal nás k slávě a k ctnosti;
4 Mme ka yone fela nonofo e kgolo eo, o re neile khumo le masego a a hakgamatsang a o a solofeditseng, jaaka tsholofetso ya go re boloka mo dikeletsong le mo boleong jo bo re dikaganyeditseng, le go re naya mokgwa wa gagwe.
Pročež veliká nám a drahá zaslíbení dána jsou, abyste skrze ně Božského přirození účastni učiněni byli, utekše porušení toho, kteréž jest na světě v žádostech.
5 Mme go nna le dimpho tse, lo tlhoka mo gogolo go feta tumelo; lo tshwanetse gape go dira thata go nna tshiamo, le fa go sa lekana. Gonne lo tshwanetse go ithuta go itse Modimo thata le go bona se o batlang lo se dira.
Na to tedy samo všecku snažnost vynaložíce, přičinějte k víře své ctnost, a k ctnosti umění,
6 Gape, ithuteng go beela dikeletso tsa lona fa thoko gore lo tle lo nne pelotelele le tshiamo, ka boitumelo lo letla Modimo go tsamaya le lona.
K umění pak zdrželivost, a k zdrželivosti trpělivost, k trpělivosti pak pobožnost,
7 Se se tlaa dira gore kgato e e latelang e kgonege, e e leng ya lona go itumelela batho ba bangwe le go ba rata, mme morago lo tlaa gola mo go ba rateng thata.
Ku pobožnosti pak bratrstva milování, a k milování bratrstva lásku.
8 Fa lo ntse lo tsweletse sentle mo tseleng e, lo tlaa nonofa mo moweng lo bo lo nna le maungo le tiriso mo go Morena wa rona Jesu Keresete.
Ty zajisté věci když budou při vás a rozhojní se, ne prázdné, ani neužitečné postaví vás v známosti Pána našeho Jezukrista.
9 Mme mongwe yo o palelwang ke go sala mekgwa e ya tumelo morago, ke sefofu, ebile ga a bone sentle, mme o lebetse gore Modimo o mo golotse mo botshelong jo bogologolo jwa sebe le gore jaanong o ka tshela botshelo jo bo tiileng, botshelo jo bo siametseng Morena.
Nebo při komž není těchto věcí, slepýť jest, toho, což vzdáleno jest, nevida, zapomenuv se na očištění svých starých hříchů.
10 Jalo bakaulengwe ba ba rategang, dirang thata go supa tota gore lommogo le ba Modimo o ba biditseng le ba o ba tlhophileng, mme ga lo kitla lo kgotswa kgotsa lo wa.
Protož raději, bratří, snažujte se povolání a vyvolení své upevňovati; nebo to činíce, nepadnete nikdy.
11 Mme Modimo o tlaa lo bulela dikgoro tsa legodimo go tsena mo Bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena le mmoloki wa rona Jesu Keresete. (aiōnios )
Takť zajisté hojné způsobeno vám bude vjití k věčnému království Pána našeho a spasitele Jezukrista. (aiōnios )
12 Ke rulaganyetsa go nna ke lo gakolola dilo tse ka metlha le fa lo setse lo di itse ebile tota lo tsamaya sentle!
Protož nezanedbámť vždycky vám připomínati těch věcí, ačkoli umělí i utvrzení jste v přítomné pravdě.
13 Mme Morena Jesu Keresete o mpontshitse gore malatsi a me mo lefatsheng a badilwe, ke gaufi le go swa.
Neboť to mám za spravedlivé, dokudž jsem v tomto stánku, abych vás probuzoval napomínáním,
14 Fela fa ke santse ke le fa ke ikaelela go nna ke lo romelela dikgakololo tse,
Věda, že brzké jest složení stánku mého, jakož mi i Pán náš Ježíš Kristus oznámil.
15 ke solofela go di gatelela sentle mo go lona gore lo tle lo di gakologelwe ka lobaka lo loleele fa ke sena go tloga.
Přičinímť se tedy všelijak o to, abyste vy po odchodu mém na ty věci rozpomínati se mohli.
16 Gonne re ne re sa lo bolelele dinaane fa re lo tlhalosetsa nonofo ya Morena wa rona Jesu Keresete le go tla ga gagwe gape. Ka matlho a me ke bonye phatsimo e kgolo le kgalalelo ya gagwe!
Nebo ne nějakých vtipně složených básní následujíce, známu učinili jsme vám Pána našeho Jezukrista moc a příchod, ale jakožto ti, kteříž jsme očima svýma viděli jeho velebnost.
17 Ke ne ke le gone mo thabeng e e boitshepo fa a phatshima ka tlotlo e o e neilweng ke Modimo Rraagwe;
Přijalť zajisté od Boha Otce čest a slávu, když se stal k němu hlas takový od velebné slávy: Tentoť jest ten můj milý Syn, v němž mi se zalíbilo.
18 ke utlwile lentswe leo le le galalelang la Bogosi le le neng le tswa legodimong, le re, “Yo ke Morwaake yo o rategang thata; ke itumela thata ka ene.”
A ten hlas my jsme slyšeli s nebe pošlý, s ním byvše na oné hoře svaté.
19 Jalo re bonye ebile re tlhomamisitse gore se Baporofiti ba se buileng se diragetse. Lo tlaa bo lo dira sentle go tlhokomela sengwe le sengwe se ba se kwadileng, gonne jaaka lesedi le phatshima mo felong fa go lefifi, mafoko a bone a re thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi tse gongwe di ka bong di fifetse ebile di le thata. Mme fa lo ela tlhoko boammaaruri jo bo hakgamatsang jwa mafoko a baporofiti, jalo lesedi le tlaa phatsima mo meweng ya lona mme Keresete Naledi ya moso o tlaa phatsima mo dipelong tsa lona.
A mámeť přepevnou řeč prorockou, kteréžto že šetříte jako svíce v temném místě svítící, dobře činíte, až by se den rozednil, a dennice vzešla v srdcích vašich,
20 Gonne ga go na polelelo-pele epe e e kwadilweng mo Lokwalong e e ikakanyeditsweng ke moporofiti ka bo ene. E ne e le ka Mowa O O Boitshepo o o neng o le mo bathong ba ba ratang Modimo o o ba neetseng molaetsa wa boammaruri o o tswang kwa Modimong.
Toto nejprvé znajíce, že žádného proroctví písma výklad nezáleží na rozumu lidském.
Nebo nikdy z lidské vůle nepošlo proroctví, ale Duchem svatým puzeni byvše, mluvili svatí Boží lidé.