< Petere II 3 >

1 Lo ke lokwalo lwa me lwa bobedi, bakaulengwe ba ba rategang, mme mo go tsone tsoopedi ke lekile go lo gakolola, fa lo ntetla kaga boammaaruri jo lo setseng lo bo itse:
THIS second epistle, beloved, I now write unto you; in both which I rouse up your sincere mind by awakening your recollection
2 boammaaruri jo lo bo ithutileng mo baporofiting ba ba boitshepo le mo go rona Baaposetoloi ba re lo tliseditseng mafoko a Morena le Mmoloki wa rona.
to remember the words, that have been spoken aforetime by the holy prophets, and the injunction of us the apostles of the Lord and Saviour:
3 Sa ntlha, ke batla go lo gakolola gore mo malatsing a bofelo, go tlaa tla basotli ba ba tlaa dirang bosula bongwe le bongwe jo ba bo akanyang, mme ba sotla boammaaruri.
knowing this principally, that in the last of the days there will come scoffers, walking after their own lewd passions,
4 Se e tlaa nna tsela ya bone ya kganetsanyo: “Kana Keresete o solofeditse go tla gape, a mme o tsile? Jaanong o kae? Ga a kitla a tla! Ka ntlha ya eng, fela jaaka mongwe le mongwe a ka gakologelwa, sengwe le sengwe se ntse fela jaaka mo letsatsing la ntlha la lobopo.”
and saying, Where is the promise of his coming? for ever since the fathers fell asleep, all things continue in the same state as from the beginning of the creation.
5 Ba itebatsa ka bomo boammaaruri jo: Gore Modimo o ne wa senya lefatshe ka morwalela o o boitshegang bogologolo o sena go dira magodimo ka lefoko la taolo ya One, mme wa dirisa metse go dira lefatshe le go le dikaganyetsa.
For this they chuse to keep out of sight, that by the word of God the heavens were created of old, and the earth rising out of the water and subsisting amidst the water;
6
whence the world then existing, being deluged by water, was destroyed;
7 Mme Modimo o ne wa laola lefatshe le magodimo go bolokelwa molelo ka letsatsi la katlholo, fa botlhe ba ba senang boModimo ba tlaa nyelediwa.
but the present heavens and earth by the same word are treasured up, reserved for fire at the day of judgment and perdition of ungodly men.
8 Mme se lebaleng se, ditsala tse di rategang, gore letsatsi kgotsa dingwaga tse di sekete go simologa gompieno mo Moreneng di tshwana fela le ka moso.
But let not this particular be concealed from you, beloved, that one day with the Lord is as a thousand years, and a thousand years as one day.
9 Tota ga o bonya kaga tsholofetso ya One ya go bowa, ntswa ka nako tse dingwe go tle go bonale go ntse jalo. Mme o letile, ka mabaka a a utlwalang gore ga o batle ope a nyelela, mme o naya baleofi lobaka lwa go ikwatlhaya.
The Lord doth not delay the promise (as some count it delay); but is longsuffering towards us, not willing that any should perish, but that all should have space for repentance.
10 Ruri letsatsi la Morena le e tla, le tla jaaka legodu, mme magodimo a tlaa feta ka modumo o mogolo le mebele ya selegodimo e tlaa nyelela mo molelong, mme lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone se tlaa tshujwa ka molelo.
But the day of the Lord will come as a thief by night; in which the heavens shall pass away with a rushing noise, and the first principles of matter in flames dissolve, and the earth and all the works upon it be burnt up.
11 Mme jalo ere ka sengwe le sengwe se se re dikaganyeditseng se tlaa nyerologa, re tshwanetse ra bo re tshela botshelo jo bo boitshepo jo bo nang le boModimo jo bo ntseng jang? Re tlaa tshwanelwa ke go tshela botshelo jo bo boitshepo jwa Bo-Modimo.
Seeing then that all these things must be dissolved, what manner of persons ought we to be in a course of holy conduct and acts of piety,
12 Lo tshwanetse go lebelela letsatsi leo lwa ba lwa le ipaakanyetsa, letsatsi le Modimo o tlaa tshubang magodimo ka molelo, mme mebele ya selegodimo e tlaa nyerologa e nyelela mo dikgabong.
expecting and hastening towards the coming of God’s day, at which the heavens on fire shall be dissolved, and the elements in flames be melted as wax?
13 Mme re lebeletse tsholofetso ya Modimo ya magodimo a masha le lefatshe le lesha morago ga lobaka, kwa go tlaa bong go le tshiamo fela.
But we expect according to his promise new heavens and a new earth in which dwelleth righteousness.
14 Ditsala tse di rategang, e re fa lo ntse lo lebeletse dilo tse go diragala le go tla ga gagwe, lekang thata go tshela lo sa leofe; lo bo lo nne kagiso mo go mongwe le mongwe gore a tle a lo itumelele motlhang a bowang.
Wherefore, beloved, seeing ye are expecting these things, be diligent to be found of him in peace, spotless and blameless.
15 Mme gakologelwang gore ke eng fa a diegile go tla. O re naya nako ya gore re tseye molaetsa wa gagwe wa poloko re o ise kwa go ba bangwe.
And account the long suffering of our Lord conducive to salvation; as our beloved brother Paul also, according to the wisdom given to him, hath written unto you;
16 Mokaulengwe yo o botlhale yo o rategang Paulo o buile ka dilo tse mo dikwalong tse dintsi tsa gagwe. Dikakgelo dingwe tsa gagwe ga di motlhofo go tlhaloganngwa, mme go na le batho ba ba dieleele ka bomo, ba ba agang ba batla dithanolo, ditlhaloso tse di sa tlwaelesegang, ba pitikolotse dikwalo tsa gagwe gore di reye sengwe se se pharologanyo thata le se a neng a se raya, fela jaaka ba dira mo dintlheng tse dingwe tsa dikwalo tse di boitshepo mme phelelo ya bone ke tshenyego.
as also in all his epistles, speaking in them of these things, of which some are difficult to be understood, which the uninstructed and the unstable torture, as indeed they do the rest of the scriptures unto their own destruction.
17 Ke lo tlhagisa pele ga nako, bakaulengwe ba ba rategang, gore lo tle lo itlhokomele lo se ka lwa tsewa ke diphoso tsa batho ba ba bosula ba, e se re kgotsa lwa etsaetsega lwa tlhakana nabo.
Ye therefore, beloved, knowing this before, be on your guard, that ye be not carried away with the delusion of these lawless men, and fall from your own stedfastness.
18 Mme golang mo nonofong ya semowa lo itsanye sentle le Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete. A mo go ene go nne kgalalelo yotlhe le boitumelo jwa tlotlo, go tloga fano le ka bosakhutleng. Salang sentle. Ke nna, Petere. (aiōn g165)
But grow in grace, and in the knowledge of our Lord and Saviour Jesus Christ. To him be glory now and unto the day of eternity. Amen. (aiōn g165)

< Petere II 3 >

The Great Flood
The Great Flood