< Petere II 2 >

1 Mme go ne go na le baporofiti ba tsietso mo malatsing ao, fela jaaka go tlaa nna le baruti ba tsietso mo go lona. Mme ka botlhale jwa bone ba tlaa bolela maaka kaga Modimo, ba fularela le e leng Morena wa bone yo o ba rekileng; mme ga bone e tlaa nna bokhutlo jo bo bofefo jo bo boitshegang.
But there arose false prophets also among the people, as there will be false teachers among you also, who will stealthily bring in destructive factions, even denying the Lord that bought them; bringing upon themselves swift destruction.
2 Ba le bantsi ba tlaa latela thuto ya bone e e bosula ya gore boaka ga bo molato. Mme ka ntlha ya bone Keresete le ditsela tsa gagwe di tlaa sotlwa.
And many will follow their dissolute ways, by reason of whom the way of truth will be evil spoken of;
3 Baruti ba, ka ntlha ya bohatlha jwa bone, ba tlaa lo bolelela sengwe fela gore ba tseye madi a lona. Mme Modimo o ba atlhotse bogologolo mme tshenyego ya bone e mo tseleng e a tla.
and in covetousness will they with feigned words make merchandise of you; for whom the judgment long ago ordained lingereth not, and their destruction slumbereth not.
4 Gonne Modimo ga o a ka wa rekegela le e leng baengele ba ba neng ba leofa, mme o ne wa ba latlhela mo moleteng, ba gokeletswe mo dikgageng tse di lefifi go fitlhelela letsatsi la katlholo. (Tartaroō g5020)
For if God spared not angels that sinned, but cast them down to hell, and delivered them over to chains of darkness, to be reserved unto judgment; (Tartaroō g5020)
5 Mme ga o a ka wa rekegela batho ba bogologolo mo morwaleleng fa e se Noa fela, motho yo o esi yo o neng a buelela Modimo le ba ntlo ya gagwe ba supa. Mo lobakeng loo, Modimo o ne wa nyeletsa lefatshe lotlhe le batho ba ba sa boifeng Modimo ka morwalela o mogolo.
and spared not the old world, but saved Noah with seven others, a preacher of righteousness, when he brought in the flood upon the world of the ungodly;
6 Kwa morago wa fetola metse ya Sodoma le Gomora dithotobolo tsa melora wa bo wa e tlosa mo ponong ya lefatshe, wa ba dira sekao sa botlhe ba ba sa boifeng Modimo gore ba lebe kwa morago mme ba boife.
and turning into ashes the cities of Sodom and Gomorrah, condemned them to overthrow, making them an example for those who in after time should live ungodly;
7 Go ntse go ntse jalo Modimo wa falotsha Lote mo Sodoma ka ntlha ya gore e ne e le mosiami, a utlwisiwa botlhoko ke bosula jo bo maswe jo a neng a bo bona gongwe le gongwe mo tikologong ya gagwe malatsi ka go tlhatlologana.
and delivered righteous Lot, distressed by the lewd conduct of the lawless men;
8
(for that righteous man dwelling among them, in seeing and hearing tormented his righteous soul from day to day with their lawless deeds; )
9 Jalo Modimo o ka falotsha nna le wena mo dithaelong tse di re dikaganyeditseng, mme wa tswelela ka go otlhaya ba ba sa o boifeng go fitlhelela letsatsi la bofelo la katlholo le tla.
the Lord knoweth how to deliver the godly out of temptation, and to reserve the unrighteous under punishment to the day of judgment;
10 O setlhogo bogolo mo go ba ba tsamayang mo bosulengjwa bone, le mo dikakanyong tsa dithato tsa bone, le ba ba ikgogomosang ebile ba le bodipa, ba sa boife go nyatsa Bagalaledi, le fa e le go ba sisimoga,
but chiefly those who walk after the flesh in the lust of uncleanness, and despise dominion. Presumptuous, self-willed, they are not afraid to rail at dignities;
11 le fa baengele ba ba kwa legodimong ba ba emang fa pele ga Morena, ebile ba nonofile thata go gaisa baruti ba ba tsietso, ba se ke ba bua ka lonyatso mabapi le ba ba bosula ba.
whereas angels, who are greater in strength and power, bring not against them a railing accusation;
12 Mme baruti ba tsietso ba dieleele, ga ba botoka bope go na le diphologolo. Ba dira sengwe le sengwe se ba ikutlwang ba se rata; ba tsaletswe go tshwarwa fela le go bolawa, ba nyatsa nonofo e e boitshegang ya bobipo e ba itseng go le gonnye fela ka yone; mme ba tlaa nyelediwa mmogo le mewa e e maswe yotlhe le dinonofo tsa molete.
but these, as brute beasts, by nature born to be taken and destroyed, railing at things which they understand not, shall even perish in their own corruption,
13 Eo ke yone tuelo e baruti ba ba tlaa e bonang ka ntlha ya dibe tsa bone. Gonne ba nna mo botlhapelweng jo bo maswe ja letsatsi le letsatsi. Ba tlhabisa ditlhong ebile ba leswe mo go lona, ba lo tsietsa ka go tshela mo sebeng ka ntlha e nngwe ba tlhakana le lona mo medirong jaaka ekete ke batho ba ba ikanyegang.
receiving the wages of unrighteousness. Counting it pleasure to riot in the day-time, spots and blemishes, reveling in their deceits while they feast with you,
14 Ga go na mosadi ope yo o ka falolang tebo ya bone ya boleo, mme ka boaka gone, ga ba ke ba kgotsofala. Ba hepisa basadi ba ba sa tiang mo tumelong, ba ithutile go nna bohula; mme ba atlhotswe ebile ba hutsitswe.
having eyes full of an adulteress, and that cannot cease from sin, alluring unstable souls, having a heart exercised in covetousness, children of a curse,
15 Ba dule mo tseleng mme ba latlhegile jaaka Balame, morwa Beore, yo o neng a ratile madi a o neng a ka a bona ka go dira tshiamololo.
they have forsaken the right way, and have gone astray, following the way of Balaam the son of Bosor, who loved the wages of unrighteousness,
16 Balame o ne a emisiwa mo tseleng ya gagwe ya boeleele fa tonki ya gagwe e bua nae ka lentswe la setho, e mo omanya e mo kgalemela.
but was rebuked for his iniquity; the dumb ass, speaking with man's voice, restrained the madness of the prophet.
17 Batho ba ga ba na mosola ba tshwana fela le metswedi ya metse e e kgadileng, ba solofetsa go le go ntsi mme ba sa tlise sepe; ga ba a nitama fela jaaka leru le le kgwekgweediwang ke matsubutsubu a diphefo. Ba sekisitswe go ya meleteng ya lefifi la bosakhutleng. (questioned)
These are wells without water, and mists driven by a tempest; for whom the blackness of darkness is reserved.
18 Ba ipelafatsa ka maleo a bone le phenyo. Mme ba dirisa dithata tsa bone jaaka seru sa bone ba hepisetsa; ba ba falotseng botshelo jo bo maswe joo mo sebeng gape.
For speaking great swelling words of vanity, they allure in the lusts of the flesh, by dissolute ways, such as were in some measure escaping from those who live in error;
19 Ba ba raya ba re, “Ga lo a bolokwa ka go nna tshiamo; lo ka nna lwa bolokwa ka go tlhoka tshiamo. Dirang se lo se ratang, lo gololesege.” Mme bone baruti ba ba ba nayang “kgololesego” e e mo molaong ke bone batlhanka ba boleo le tshenyego. Gonne motho ke motlhanka wa se se mo laolang.
promising them liberty, while they themselves are slaves of corruption; for by what a man is overcome, by the same is he also brought into bondage.
20 Mme fa motho a falotse mekgwa e e bosula ya lefatshe ka go ithuta ka ga Morena le Mmoloki wa rona Jesu Keresete, mme a bo a ithatheletsa ka sebe a bo a nna motlhanka wa sone gape, o maswe bogolo go gaisa jaaka a ne a ntse pele.
For if after they have escaped the pollutions of the world through the knowledge of the Lord and Saviour Jesus Christ, they are again entangled therein and overcome, the last state is worse with them than the first.
21 Go ne go ka nna botoka fa a ne a ise a ke a itse ka Keresete gotlhelele go na le go ithuta ka ga gagwe mme morago ga moo a bo a fapoga melao e e boitshepo e o e neetsweng.
For it would have been better for them not to have known the way of righteousness, than, after having known it, to turn from the holy commandment delivered to them.
22 Mogologolo a re, “Ntsa e boela mo matlhatseng a yone, mme kolobe e tlhapisediwa fela go bowa e bidikama mo morageng gape.” Go ntse fela jalo le mo go ba ba boelang mo dibeng tsa bone gape.
It hath happened to them according to the true proverb, The dog returned to his own vomit; and, The sow that was washed, to her wallowing in the mire.

< Petere II 2 >