< Johane II 1 >

1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Nna Johane Mogolwane wa phuthego. Ke lo kwalela: Siria mosadi yo o rategang, mongwe wa ba e leng ba Modimo tota, le bana ba gagwe ba ke ba ratang thata, jaaka mongwe le mongwe a ba rata mo phuthegong.
Старець. Обраній пані та її дітям, яких я люблю в істині, і не тільки я, але й всі, хто пізнав істину,
2 Ere ka boammaaruri bo le mo dipelong tsa rona ka bosakhutleng, (aiōn g165)
бо істина залишилася в нас і буде з нами повік. (aiōn g165)
3 Modimo Rara le Jesu Keresete Morwaone ba tlaa re segofatsa ka kutlwelo botlhoko e kgolo le kagiso, le ka boammaaruri le lorato.
Благодать, милість і мир від Бога Отця й від Ісуса Христа, Сина Отця, нехай буде з нами в істині й любові.
4 Ke itumela thata jang go bona bangwe ba bana ba gago fano, le go ba bona ba tshela jaaka ba tshwanetse, ba setse boammaaruri morago, ba obamela taolo ya Modimo.
Я сильно зрадів, тому що знайшов серед твоїх дітей тих, хто ходить в істині, згідно із заповіддю, яку ми отримали від Отця.
5 Mme jaanong ke batla go lo gakolola ka bofefo ditsala tse di rategang, ka molao o mogologolo o Modimo o saleng o o re naya go tswa tshimologong, gore Bakeresete ba tshwanetse go ratana.
І тепер прошу тебе, пані, не так, ніби пишу тобі нову заповідь, але ту, яку маємо від початку: любімо одне одного!
6 Fa re rata Modimo, re tlaa dira sengwe le sengwe se o se re bolelelang. Mme o sale o re bolelela go tswa tshimologong gore re ratane.
І в цьому полягає любов: щоб ми жили за Його заповідями. Це є заповідь, яку ви чули від початку. За нею й живіть!
7 Itlhokomeleng mo baeteledingpele ba e seng ba boammaaruri, mme go na le ba le bantsi ba bone mo tikologong, ba ba sa dumeleng gore Jesu Keresete o tsile mo lefatsheng e le motho a na le mmele o o tshwanang le wa rona. Batho ba ba ntseng jalo ba kgatlhanong le boammaaruri le Keresete.
Тому що у світі з’явилося багато тих, хто вводить в оману й не визнає Ісуса Христа, Який прийшов у тілі. Це є антихрист і ошуканець.
8 Itlhokomeleng mo go nneng jaaka bone, lo bo lo latlhegelwa ke sekgele se lona le nna re ntseng re fufulela go se tsaya. Tlhomamisang gore lo amogela tuelo ya lona e e tletseng e e tswang kwa Moreneng.
Пильнуйте себе, щоб ви не загубили того, що ми напрацювали, але щоб ви отримали повну винагороду.
9 Gonne fa lo tlolela kwa pele go feta thuto ya ga Keresete, lo tlaa tlogela Modimo kwa morago; mme fa lo ikanyega mo dithutong tsa ga Keresete, lo tlaa nna le Modimo. Mme lo tlaa nna le Rara le Morwa.
Кожен, хто віддаляється й не залишається у вченні Христа, не має Бога. Той, хто залишається у вченні, має Отця і Сина.
10 Fa mongwe a tla go lo ruta, mme a sa dumele se Keresete a se rutileng, lo se ka lwa bo lwa mo laletsa kwa malapeng a lona. Lo se ka lwa mo kgothatsa ka gope.
Якщо хтось приходить до вас і не приносить цього вчення, не приймайте його до вашого дому й не кажіть йому: «Вітаю!».
11 Fa lo ka mo laletsa kgotsa lwa mo kgothatsa lo tlaa bo lo tlhakanetse nae boikepo jwa gagwe.
Бо той, хто каже: «Вітаю!», розділяє його лихі вчинки.
12 Ke ne ke eletsa go bua tse dingwe, mme ga ke batle go di bua mo lokwalong lo, gonne ke solofela go tla go lo bona ka bofefo mme ke gone re tlaa buisanyang ka tsone re bo re nna le nako ya boitumelo.
Я мав би багато чого вам написати, але не хочу [цього робити] чорнилом на папері. Я сподіваюся прийти до вас, і ми поговоримо віч-на-віч, щоб наша радість була повна.
13 Bana ba ga kgaitsadio ba a go dumedisa, yo e leng mongwe wa ba ba itshenketsweng ke Modimo. Wa lona ruri, Johane.
Діти твоєї обраної сестри вітають тебе!

< Johane II 1 >