< Bakorintha II 9 >

1 Ke lemoga gore ga go tlhokege go lo lotlegela se, go thusa batho ba Modimo.
关于为圣徒提供帮助之事,我本不想提及。
2 Gonne ke itse ka fa lo tlhwaafaletseng go go dira ka teng, ebile ke ikgantsheditse ditsala mo Masedonia gore lo sale lo ipaakanyeditse go romela kabelo ngogola. Mme tota, ke ka tlhoafalo e ya lona e e tlhotlheleditseng ba le bantsi go simolola go thusa.
我知道你们热切地希望提供帮助。我曾向马其顿人称赞你们,说:“亚该亚人去年已经预备好了。”他们中很多人都受到你们热心的激励。
3 Mme ke romela banna ba fela go tlhomamisa gore tota lo ipaakantse, jaaka ke ba boleletse gore lo tlaa bo lo ipaakantse, le madi a lona otlhe a phuthilwe; ga ke batle gore mo nakong e go ikgantsha ga me kaga lona e bo e le lefela.
我派了那几位兄弟造访,就是为了证明你们的确值得我的称赞,让你们可以按照我所说的准备妥当。
4 Ke ka tlhajwa ke ditlhong thata, mmogo le lona fa bangwe ba Masedonia ba tla le nna, mme ba fitlhela gore ga lo ise lo bo lo ipaakanye ke sena go lo bolelela!
这是为了防止如果马其顿人和我一同去你们那里,你们却没有准备好。如果这项任务失败了,我们会感到非常难堪,更不用说你们了!
5 Jalo ke kopile bakaulengwe ba bangwe go goroga pele ga me go bona gore mpho e lo e solofeditseng e siame. Ke batla gore e bo e le mpho tota e sa lebege jaaka ekete e ntshitswe ka patiko.
所以我才决定让几位兄弟提前造访你们,让你们提前筹足之前所答应的捐款。这样你们的帮助就是真正的馈赠,而非勉强而为之。
6 Mme gakologelwang, fa o o fa go le go botlana, o tlaa amogela mo go botlana, molemi yo o lemang peo e se kae fela, o bona thobo e potlana, mme fa a lema thata, o tlaa roba mo go ntsi.
我还想提醒你们这一点:种得少就收获少,种得多就收获的多。
7 Mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka fa o tshwanetseng go aba ka teng. Lo se pateletse ope go ntsha mo go ntsi go feta mo tota ene a batlang go go ntsha, gonne batho ba ba abang ka bopelontle ke bone ba Modimo o ba nayang dikgele,
每个人都要按照自己已经决定的方式捐赠,不要为难,不必勉强,因为诚心捐赠之人才会获得上帝的爱。
8 Modimo o nonofile go lo direla ka go lo naya sengwe le sengwe se lo se tlhokang le go feta moo, gore go se ka ga lekana le tse lo di tlhokang fela, gore go tle go sale go le gontsi mo go tlaa abelwang ba bangwe ka boitumelo.
上帝恩典你们一切,让你们始终富足,所以也就有足够的能力帮助别人。
9 Go ntse jaaka dikwalo di bolela di re: “Motho wa Modimo o abela bahumanegi ka pelo e tshweu. Ditiro tsa gagwe tse di molemo di tlaa nna tlotlo mo go ene ka bosakhutleng.” (aiōn g165)
正如经文所说:“他慷慨救济穷人,他的慷慨之情永不消逝。” (aiōn g165)
10 Gonne Modimo, o o nayang molemi peo go lema, mme morago, o mo neye thobo e e siameng go ja, o tlaa nna o lo naya peo gore lo leme, ebile o tlaa e godisa gore lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona.
上帝为撒种者提供种子,为人类提供食物。他必将为你们加倍提供种子,让你们的慷慨之情收获更多。
11 Ee, Modimo o tlaa lo naya go le gontsi gore le lona lo tle lo abele ba bangwe mo thobong ya lona, mme fa re isa dimpho tsa lona kwa go ba ba di tsholang ba tlaa thubega ka tebogo le pako mo Modimong ka ntlha ya thuso ya lona.
你们将万事富足,这样就可以始终慷慨给予,你们的慷慨将让其他人感谢上帝。
12 Jalo dilo tse pedi tse di molemo di diragala ka ntlha ya dimpho tsa lona, ba ba tlhokang ba a thusiwa, mme ba leboga Modimo mo go golo.
当你用这种方式提供服务,不仅满足了上帝使徒的需求,也让许多人感谢上帝。
13 Ba lo ba thusang ba tlaa itumela e seng fela ka ntlha ya dimpho tsa bopelo-ntle jwa lona mo go bone le ba bangwe, mme ba tlaa baka Modimo ka tshupo e gore ditiro tsa lona di molemo fela jaaka thuto ya lona.
你们的慷慨彰显了你们的真实天性,这份慷慨惠及的众人,将因你们的顺从感谢上帝。因为这体现了你们对基督福音的承诺,彰显出你们为他们和其他人的慷慨之心。
14 Mme ba tlaa lo rapelela ka tlhwaafalo e kgolo le maikutlo ka ntlha ya tshegofatso e e hakgamatsang ya Modimo e e supilweng ka lona.
他们会用无尽的爱为你们祈祷,因为上帝通过你们传递他的厚恩。
15 Lebogang Modimo ka Morwaa-one, ebong neo e e hakgamatsang e go leng thata go ka e tlhalosa ka molomo.
感谢上帝的恩赐,这远非言语所能形容。

< Bakorintha II 9 >