< Bakorintha II 8 >
1 Mme jaanong ke batla go lo bolelela se Modimo mo tshegofatsong ya one o se diretseng diphuthego mo Masedonia.
형제들아! 하나님께서 마게도냐 교회들에게 주신 은혜를 우리가 너희에게 알게 하노니
2 Le fa ba ne ba feta mo matshwenyegong a magolo le dinako tse di thata, ba tlhakantse boitumelojwa bone jo bo hakgamatsang le lehuma la bone, mme ka ntlha ya go dira jalo ga penologa letlotlo la go aba ga bone.
환난의 많은 시련 가운데서 저희 넘치는 기쁨과 극한 가난이 저희로 풍성한 연보를 넘치도록 하게 하였느니라
3 Ba ne ba sa abe fela mo ba ka go kgonang mme ba ne ba aba mo go ntsi; ebile ke ka supa gore ba ne ba batla go dira jalo e seng ka ntlha ya go ba tshwenya ga me.
내가 증거하노니 저희가 힘대로 할 뿐 아니라 힘에 지나도록 자원하여
4 Ba re kopile go tsaya madi gore ba tle ba a tlhakanele mo boitumelong jwa go thusa Bakeresete mo Jerusalema.
이 은혜와 성도 섬기는 일에 참여함에 대하여 우리에게 간절히 구하니
5 Mo go tsone tsotlhe, ba fetile mo re neng re go solofetse, gonne tiro ya bone ya ntlha e ne e le go ikopanya le Morena le rona, mo ditaelong dingwe le dingwe tse Modimo o ka bong o di ba neile ka rona.
우리의 바라던 것뿐 아니라 저희가 먼저 자신을 주께 드리고 또 하나님 뜻을 좇아 우리에게 주었도다
6 Ba ne ba na le kgatlhego thata kaga gone gore re bo re kgothaditse Tito, yo o kgothaditseng go aba ga lona mo tshimologong, go lo etela le go lo kgothatsa go fetsa seabe sa lona mo tirelong e ya go aba.
이러므로 우리가 디도를 권하여 너희 가운데서 시작하였은즉 이 은혜를 그대로 성취케 하라 하였노라
7 Lona batho ba lo koo go na le baeteledipele ka ditsela tse dintsi, lona le tumelo e kgolo, bareri ba bantsi ba ba siameng, thuto e ntsi, tlhwaafalo e kgolo le lorato mo go rona. Jaanong ke batla lo nna baeteledipele mo neong ya go aba ka bopelonomi.
오직 너희는 믿음과 말과 지식과 모든 간절함과 우리를 사랑하는 이 모든 일에 풍성한 것같이 이 은혜에도 풍성하게 할지니라
8 Ga ke lo neye taolo, ga ke re lo e dire, mme bangwe ba a e eletsa. Se ke tsela e le nngwe go supa gore lorato lwa lona ke lwa boammaaruri, gore lo feta mafoko fela.
내가 명령으로 하는 말이 아니요 오직 다른 이들의 간절함을 가지고 너희의 사랑의 진실함을 증명코자 함이로라
9 Lo itse ka fa Morena wa rona Jesu Keresete o neng a le lorato le bonolo ka teng: Le fa a ne a humile thata, ka ntlha ya go lo thusa o ne a humanega thata, gore ka go humanega ga gagwe a lo humise.
우리 주 예수 그리스도의 은혜를 너희가 알거니와 부요하신 자로서 너희를 위하여 가난하게 되심은 그의 가난함을 인하여 너희로 부요케 하려 하심이니라
10 Ke batla go ntsha mogopolo wa gore lo fetse tse lo simolotseng go di dira mo ngwageng e e fetileng, gonne lo ne lo se ba ntlha go bua mogopolo o, mme lo ba ntlha go simolola go dira sengwe kaga one.
이 일에 내가 뜻만 보이노니 이것은 너희에게 유익함이라 너희가 일 년 전에 행하기를 먼저 시작할 뿐 아니라 원하기도 하였은즉
11 Ka lo simolotse ka tlhwaafalo e kgolo, lo tshwanetse go fetsa tiro e fela ka boitumelo, lo aba se lo ka se abang mo go se lo nang naso. A mogopolo wa lona o o simologileng ka tlhwaafalo o lekalekane le tiro ya lona ya boammaaruri jaanong.
이제는 행하기를 성취할지니 마음에 원하던 것과 같이 성취하되 있는 대로 하라
12 Fa tota lo tlhwaafaletse go aba, jalo ga go botlhokwa gore lo aba go le kae. Modimo o batla lo aba se lo nang naso, e seng se lo senang naso.
할 마음만 있으면 있는 대로 받으실 터이요 없는 것을 받지 아니하시리라
13 Mme ga ke reye gore ba ba amogelang dimpho tsa lona ba thube kobo segole (iketlo) ka ditshenyegelo tsa lona,
이는 다른 사람들은 평안하게 하고 너희는 곤고하게 하려는 것이 아니요 평균케 하려 함이니
14 mme lo tshwanetse lo abelane nabo. Gone jaanong lo na le mo go ntsi, lo ka ba thusa; ka nako e nngwe ba ka abelana le lona fa lo tlhoka.
이제 너희의 유여한 것으로 저희 부족한 것을 보충함은 후에 저희 유여(有餘)한 것으로 너희 부족한 것을 보충하여 평균하게 하려 함이라
15 Ka tsela e mongwe le mongwe o tlaa nna le sengwe le sengwe se a se tlhokang.
기록한 것같이 많이 거둔 자도 남지 아니하였고 적게 거둔 자도 모자라지 아니하였느니라
16 Ke leboga Modimo ka gore o neile Tito tlhwaafalo mo go lona e ke nang nayo.
너희를 위하여 같은 간절함을 디도의 마음에도 주시는 하나님께 감사하노니
17 O itumelela go latela mogopolo wa me gore a lo etele gape, mme ke solofela gore o ka ba a tsile, gonne o tlhwaafaletse go lo bona!
저가 권함을 받고 더욱 간절함으로 자원하여 너희에게 나아갔고
18 Ke mo romela le mokaulengwe yo o itsegeng sentle, yo o bakwang thata e le Moreri wa Mafoko a a Molemo mo diphuthegong tsotlhe.
또 저와 함께 한 형제를 보내었으니 이 사람은 복음으로서 모든 교회에서 칭찬을 받는 자요
19 Mme tota, monna yo o tlhophilwe ke diphuthego go tsamaya le nna go isa mpho ya Jerusalema. Se se tlaa galaletsa Morena se bo se supa tlhwaafalo ya rona go thusa ba bangwe.
이뿐 아니라 저는 동일한 주의 영광과 우리의 원(願)을 나타내기 위하여 여러 교회의 택함을 입어 우리의 맡은 은혜의 일로 우리와 동행하는 자라
20 Ka go tsamaya mmogo re tlaa bo re itshireletsa mo dipelaelong dingwe le dingwe, gonne re eletsa gore ope a se ka a re bona molato ka mokgwa o re tshotseng mpho e kgolo e ka one.
이것을 조심함은 우리가 맡은 이 거액의 연보로 인하여 아무도 우리를 훼방하지 못하게 하려 함이니
21 Modimo o a itse gore re a ikanyega, mme ke batla gore mongwe le mongwe le ene a itse. Ke gone ka moo re dirileng thulaganyo e.
이는 우리가 주 앞에서만 아니라 사람 앞에서도 선한 일에 조심하려 함이라
22 Mme ke santse ke lo romelela mokaulengwe yo mongwe, yo re mo itseng go tswa mo maitemogelong gore ke Mokeresete yo o tsepameng. O na le kgatlhego, fa a lebelela loeto lo, ka gore ke mmoleletse gotlhe kaga tlhwaafalo ya lona ya go thusa.
또 저희와 함께 우리의 한 형제를 보내었노니 우리가 여러 가지 일에 그 간절한 것을 여러 번 시험하였거니와 이제 저가 너희를 크게 믿은고로 더욱 간절하니라
23 Fa mongwe a botsa gore Tito ke mang, lo re ke modiri ka nna, mothusi wa me mo go lo thuseng, mme lo ka nna lwa re bakaulengwe ba bangwe ba babedi ba emetse diphuthego fano, ke dikai tse di galalelang tsa ba e leng ba Morena.
디도로 말하면 나의 동무요 너희를 위한 나의 동역자요 우리 형제들로 말하면 여러 교회의 사자들이요 그리스도의 영광이니라
24 Tswee-tswee supang lorato lwa lona mo go nna mo banneng ba, mme lo ba direle gotlhe mo ke ikgantshitseng ka gone gore lo tlaa go dira.
그러므로 너희는 여러 교회 앞에서 너희의 사랑과 너희를 대한 우리 자랑의 증거를 저희에게 보이라