< Bakorintha II 7 >

1 Ka re na le ditsholofetso tse di kgolo tse, ditsala tse di rategang, a re fulareleng sengwe le sengwe se se ka re leswefatsang, a e ka bo e le mo mmeleng kgotsa mo moweng mme re iphepafatse gore re nne mo poifong-Modimo ka botlalo, re ineele one o le nosi.
پس‌ای عزیزان، چون این وعده‌ها راداریم، خویشتن را از هر نجاست جسم وروح طاهر بسازیم و قدوسیت را در خدا ترسی به‌کمال رسانیم.۱
2 Tswee-tswee re buleleng dipelo tsa lona gape, gonne ga go ope wa lona yo re kileng ra mmogisa. Ga go ope wa lona yo re mo timeditseng. Ga re a tsietsa ope le fa e le go tseela ope sepe.
ما را در دلهای خود جا دهید. بر هیچ‌کس ظلم نکردیم و هیچ‌کس را فاسد نساختیم وهیچ‌کس را مغبون ننمودیم.۲
3 Ga ke bue se go lo omanya kgotsa go lo kgala, gonne jaaka ke setse ke buile, lo mo pelong ya me ka bosakhutleng, ebile ke tshela ke bo ke swa le lona.
این را از روی مذمت نمی گویم، زیرا پیش گفتم که در دل ماهستید تا در موت و حیات با هم باشیم.۳
4 Ke lo ikantse thata, le boikgantsho jwa me mo go lona bo bogolo. Lo nkgothaditse thata; lo intumedisitse thata le mo dipogisong tsa me tsotlhe.
مرا برشما اعتماد کلی و درباره شما فخر کامل است. ازتسلی سیر گشته‌ام و در هر زحمتی که بر مامی آید، شادی وافر می‌کنم.۴
5 Erile re goroga mo Masedonia re ne re sena boitapoloso; ka kwa ntle, matshwenyego a ne a le gongwe le gongwe a re dikaganyeditse; mo teng ga rona, dipelo tsa rona di ne di tletse letshogo le poifo.
زیرا چون به مکادونیه هم رسیدیم، جسم ماآرامی نیافت، بلکه در هرچیز زحمت کشیدیم؛ در ظاهر، نزاعها و در باطن، ترسها بود.۵
6 Mme Modimo o o nametsang ba ba dipelo di botlhoko wa re nonotsha ka go goroga ga ga Tito.
لیکن خدایی که تسلی دهنده افتادگان است، ما را به آمدن تیطس تسلی بخشید.۶
7 E ne e se go bonala ga gagwe fela mo go neng ga re itumedisa, mme le mafoko a o neng a a tlisa ka lobaka lo lo ntle lo a neng a na le lona ka lone. Fa a mpolelela ka fa lo neng lo ntebeletse ka teng, le ka fa lo neng lo hutsahetse ka teng ka ga se se neng se diragetse, le kaga boammaaruri jwa lona le lorato mo go nna, jalo, ka itumela thata!
و نه از آمدن او تنهابلکه به آن تسلی نیز که او در شما یافته بود، چون ما را مطلع ساخت از شوق شما و نوحه گری شماو غیرتی که درباره من داشتید، به نوعی که بیشترشادمان گردیدم.۷
8 Ga ke tlhole ke utlwa botlhoko ka go bo ke lo romeletse lokwalo loo, ntswa ke ne ka utlwa botlhoko ka lobakanyana ke lemoga ka fa go neng go tlaa lo utlwisa botlhoko ka teng. Mme go ne go lo tlhokofaditse ka lobakanyana fela.
زیرا که هرچند شما را به آن رساله محزون ساختم، پشیمان نیستم، اگرچه پشیمان هم بودم زیرا یافتم که آن رساله شما رااگر هم به ساعتی، غمگین ساخت.۸
9 Jaanong ke a itumela ka ke lo lo romeletse, e seng ka ntlha ya gore e lo utlwisitse botlhoko, mme e leng ka ntlha ya gore le kutlo-botlhoko e lo buseditse mo Modimong. E ne e le khutsafalo e e siameng e lo e utlwileng, khutsafalo e Modimo o batlang batho ba one ba nna nayo gore ke se ka ka tla mo go lona ka kgakalo.
الحال شادمانم، نه از آنکه غم خوردید بلکه از اینکه غم شما به توبه انجامید، زیرا که غم شما برای خدابود تا به هیچ وجه زیانی از ما به شما نرسد.۹
10 Gonne ka dinako tse dingwe Modimo o dirisa bofutsana mo matshelong a rona go re thusa go ikwatlhaela sebe le go batla botshelo jo bosakhutleng. Re se ka ra utlwa botlhoko ka go bo romela ga one. Mme bohutsana jwa motho yo o seng Mokeresete ga se bohutsana jwa boikwatlhao jwa boammaaruri ebile ga bo kake jwa kganela loso lo lo sa khutleng.
زیرا غمی که برای خداست منشا توبه می‌باشد به جهت نجات که از آن پشیمانی نیست؛ اما غم دنیوی منشا موت است.۱۰
11 Bonang fela gore bo-molemo jwa khutsafalo e e tswang mo Modimong bo lo diretse go le kae! Ga lo tlhole lo kgotha magetla a lona mme lo ne lwa tlhwaafala lwa ba lwa ikanyega, lwa ba lwa tlhwaafalela thata go tlogela boleo jo ke lo kwale-tseng kaga jone.
زیرا اینک همین‌که غم شما برای خدا بود، چگونه کوشش، بل احتجاج، بل خشم، بل ترس، بل اشتیاق، بل غیرت، بل انتقام را در شما پدید آورد. در هر چیزخود را ثابت کردید که در این امر مبرا هستید.۱۱
12 Lo ne lwa tshoga kaga se se neng sa diragala, lwa ba lwa tlhwaafalela go tla go thusa, lo ne lwa baakanya matshwenyego lwa ba lwa a fenya lwa otlhaya monna jaaka ke ne ka dira gore Morena a tle a ntshupegetse selekanyo se lo re tlhokometseng ka sone. Seo e ne e le maikaelelo a me go thusa monna yo o leofileng, kgotsa rraagwe yo o mo diretseng phoso.
باری هرگاه به شما نوشتم، بجهت آن ظالم یا مظلوم نبود، بلکه تا غیرت ما درباره شما به شمادر حضور خدا ظاهر شود.۱۲
13 Mo kgothatsong e lo re e neileng ka lorato lwa lona, re ne ra itumedisiwa ke boitumelo jwa ga Tito ka fa lo neng lwa mo amogela sentle ka teng lwa ba lwa dira gore a ikutlwe a le mo gae.
و از این جهت تسلی یافتیم لیکن در تسلی خود شادی ما ازخوشی تیطس بینهایت زیاده گردید چونکه روح او از جمیع شما آرامی یافته بود.۱۳
14 Ke mmoleletse ka fa go tlaa nnang ka teng, ke mmoleletse pele ga a ntlogela ka boikgantsho jwa me ka lona, mme ga lo a ka lwa ntlhabisa ditlhong, ke ne ke aga ke lo bolelela boammaaruri ka metlha yotlhe, mme jaanong boikgantsho jwa me ka Tito le jone bo supile boammaaruri!
زیرا اگردرباره شما بدو فخر کردم، خجل نشدم بلکه چنانکه همه سخنان را به شما به راستی گفتیم، همچنین فخر ما به تیطس راست شد.۱۴
15 O lo rata thata bogolo go gaisa fa a gakologelwa ka fa lo neng lo mo reeditse ka teng ka lorato, ebile lo mo amogetse ka tlhwaafalo le ka lorato lo lo hakgamatsang.
و خاطراو به سوی شما زیادتر مایل گردید، چونکه اطاعت جمیع شما را به یاد می‌آورد که چگونه به ترس و لرز او را پذیرفتید.۱۵
16 Mo go intumedisa jang, ka ntlha ya gore jaanong ke tlhomamisa gore rotlhe go siame mo go rona, gape ke ka nna le boikanyo mo go lona.
شادمانم که درهرچیز بر شما اعتماد دارم.۱۶

< Bakorintha II 7 >