< Bakorintha II 6 >
1 Mme jaaka badiri le Modimo re lo kopa gore lo se phaile molaetsa o o hakgamatsang wa bopelonomi jo bogolo ja Modimo.
我们是与上帝同在的工人,也劝你们不要毫无意义地接受上帝的恩典。
2 Gonne Modimo wa re, “Selelo sa lona se tsile mo go nna ka nako e e tshwanetseng, fa dikgoro tsa kamogelo di ne di atlhame. Ke lo thusitse ka letsatsi le poloko e neng e abiwa ka lone.” Gone jaanong Modimo o ipaakanyeditse go lo amogela. Gompieno o ipaakanyeditse go lo boloka.
正如上帝所说:“我在恰当的时间听到了你们的声音,我将在救赎日拯救你们。”相信我,现在就是那最佳时机!现在就是救赎之日!
3 Re leka go tshela ka tsela e e siameng gore ope a se ka a dira molato kgotsa a boela kwa morago mo go batleng Morena ka tsela e re dirang ka yone, gore ope a se ka a re bona molato a ba a o baya mo Moreneng.
我们从未阻碍并绊倒任何人,确保我们所做的一切不会受到谴责。
4 Mme tota, mo go sengwe le sengwe se re se dirang, re leka go supa gore re baruti ba boamaaruri ba Modimo. Ka bobelotelele re itshokela pogiso le mathata matshwenyego a mefuta yotlhe.
相反,我们竭尽所能表明自己是上帝的好仆人。我们凭借持久的忍耐,忍受所有的苦难、艰辛和不幸。
5 Re iteilwe, ra tsenngwa mo dikgolegelong, ra lebagana le bo nko-di-aboga, ra dira thata, ra nna re lebeletse mo masigong re sa robale, ra ba ra ikitsa dijo.
我们曾被殴打、监禁、攻击和围殴。我们曾拼命工作、夜不能眠、忍受饥饿。
6 Re itshupile go nna se re se ipitsang ka matshelo otlhe a rona le ka go tlhaloganya Efangele le ka bobelotelele jwa rona. Re ntse re le tshiamo le boamaaruri jwa lorato le go tladiwa ka Mowa O O Boitshepo.
我们凭借对上帝的认知,以无可指责的方式生活着,保持耐心和善良,心中注满圣灵,显示诚挚的爱,以此展示我们是谁。
7 Re ntse re le boammaaruri ka nonofo ya Modimo e re thusa mo go tsotlhe tse re di dirang. Ditlhabano tsotlhe tsa motho yo o boifang Modimo, ditlhabano tsa phemelo, le ditlhabano tsa go tlhasela, e ntse e le tsa rona.
我们只说真话,与上帝的力量同在。我们的武器就是真实和良善正直,我们用右手发动攻击,用左手保护自己。
8 Re emetse Morena ka boammaaruri le fa bangwe ba re tlotla kgotsa ba re nyatsa, le fa ba re tshwaya diphoso kgotsa ba re baka. Re a ikanyega, mme ba re bitsa baaki.
无论荣耀和羞辱、无论被诅咒还是赞美,我们都继续前行。人们将我们视为骗子,但我们讲述的都是真理。
9 Lefatshe le a re itlhokomolosa, mme re itsiwe ke Modimo; re tshela gaufi le loso, mme ke rona ba, re santse re itekanetse. Re ne ra bolaesega mme ra bolokesega mo losong.
尽管我们的名字众人皆知,但却被众人所忽视。我们等待着死亡,但仍然活着;我们被鞭打,却没有被杀死;
10 Dipelo tsa rona di botlhoko, mme le fa gontse jalo re na le boitumelo jwa Morena. Re humanegile, mme re abela ba bangwe dimpho tse di kgolo tse di humileng tsa semowa. Ga re a itsholela sepe, mme le fa go ntse jalo re itumelela sengwe le sengwe.
我们看似忧愁,却始终欢喜;看似贫穷,却让很多人富有;看似一无所有,却拥有一切。
11 Oo, ditsala tsa me tsa Korintha! “Ke lo boleletse maikutlo ame otlhe; ke lo rata ka pelo yame yotlhe”.
哥林多人,我的朋友啊!我一直都直言不讳,用宽广的胸怀爱你们!
12 Botsididi jo bo sa leng teng mo gare ga rona ga se ka ntlha ya tlhaelo epe ya lorato ka fa ntlheng ya me, mme ka gore lorato lwa lona lo lo nnye thata jalo ga lo nkame go ntsenya mo teng.
我们从不吝惜对你们的爱,但你们却拒绝爱我们。
13 Ke bua le lona jaa-nong jaaka ekete lo bana ba e leng ba me. Re buleleng dipelo tsa lona! Re supegetseng lorato!
请以同样的方式回应我们的爱,就像你们是我的孩子,要心胸宽广!
14 Lo se tlhakane le ba ba sa rateng Morena, gonne batho ba Modimo ba ka tlhakanela eng le baleofi? Lesedi le ka nna jang le lefifi?
不要与你们不信任的人同流合污,善良和卑劣怎能有相通之处?光明和黑暗又有何共同点?
15 Mme ke bokopano bofe jo bo ka nnang mo gare ga ga Keresete le Diabolo. Mokeresete o ka nna le botsalano jang le motho yo o sa dumeleng.
基督和撒旦怎能达成共识?信的和不信之人如何分享心得?
16 Mme go ka nna le bokopano bofe fa gare ga Tempele ya Modimo le medimo ya disetwa? Gonne lo Tempele ya Modimo, legae la Modimo o o tshelang, mme Modimo o buile kaga lona jaana wa re, “Ke tlaa nna mo go bone, ke bo ke tsamaya mo go bone, mme ba tlaa nna batho bame le nna ke tlaa nna Modimo wa bone.”
上帝的圣殿与神像怎能协调?我们就是永生上帝的殿,正如上帝说:“我将住在他们中间,在他们中间来往。我将成为他们的上帝,他们将成为我的子民。”
17 Ke gone ka mo Morena o boileng a re, “Ba leseng; ikgaoganyeng le bone; lo se ka lwa ama dilo tsa bone tse di maswe (makgapha), mme ke tlaa lo amogela,
所以,主说:“离开他们,把你们与他们区别开。不可触摸不洁净之物,我将接纳你们。”
18 Ke tlaa nna Rraalona, le lona lo tlaa nna bomorwaake le bo-morwadiake.”
全能的主说:“我要成为你们的父亲,你们要做我的儿女。”