< Bakorintha II 4 >

1 Ke Modimo ka bo one, mo kutlwelong botlhoko ya one, yo o re neileng tiro e e hakgamatsang e, (ya go bolelela ba bangwe Mafoko a one a a Molemo), mme jalo ga re kake ra lesa.
Protož majíce toto přisluhování, jakž jsme milosrdenství došli, neoblevujeme.
2 Ga re leke go gogela batho ka boferefere mo go dumeleng, ga re na kgatlhego mo go tsietseng ope. Ga re ke re leka go gapa ope go dumela gore Baebele e ruta se e sa se ruteng. Ditsela tsotlhe tseo tsa matlhabisa ditlhong re di baketse. Re ema fa pele ga Modimo jaaka re bua mme jalo re bolele boammaaruri, jaaka botlhe ba re itseng ba tlaa dumela.
Ale odmítáme ukrývání neslušnosti, nechodíce v chytrosti, aniž se lstivě obírajíce s slovem Božím, ale zjevováním pravdy v příjemnost uvodíce sebe u každého svědomí lidského před oblíčejem Božím.
3 Fa Mafoko a a Molemo a re a rerang a siregetse bangwe, a siregetse yo o tsamayang mo tseleng e e isang losong lo lo sa khutleng.
Pakliť zakryté jest evangelium naše, před těmi, kteříž hynou, zakryté jest.
4 Satane, yo o leng modimo wa lefatshe le le bosula le, o mo foufaditse, ga a kgone go bona kgalalelo ya lesedi la Efangele e e phatsimang mo go ene, kgotsa go tlhaloganya molaetsa o o hakgamatsang o re o rerang kaga kgalalelo ya ga Keresete, yo e leng Modimo. (aiōn g165)
V nichž Bůh světa tohoto oslepil mysli, totiž v nevěrných, aby se jim nezasvítilo světlo evangelium slávy Kristovy, kterýž jest obraz Boží. (aiōn g165)
5 Ga re tsamaye re rera kaga rona, mme fa e se ka ga Keresete Jesu jaaka Morena. Gotlhe mo re go buang ka ga rona ke gore re batlhanka ba lona ka ntlha ya se Keresete o se re diretseng.
Neboť ne sami sebe kážeme, ale Krista Ježíše Pána, sebe pak služebníky vašimi pro Ježíše.
6 Gonne Modimo, o o rileng, “A go nne lesedi mo lefifing”, o dirile gore re tlhaloganye gore ke phatshimo ya kgalalelo ya one e e bonalang mo sefatlhogong sa ga Jesu Keresete.
Bůh zajisté, kterýž rozkázal, aby se z temností světlo zablesklo, tenť se osvítil v srdcích našich k osvícení známosti slávy Boží v tváři Ježíše Krista.
7 Mme khumo e ya botlhokwa, lesedi le, le nonofo e jaanong e phatshimang mo go rona, e tshotswe ka setsholo se se nyelelang, se e leng mebele ya rona e e bokoa. Mongwe le mongwe o ka bona gore nonofo ya kgalalelo e e mo go rona e tshwanetse ya bo e tswa kwa Modimong mme ga se ya rona.
Mámeť pak poklad tento v nádobách hliněných, aby důstojnost té moci byla Boží, a ne z nás,
8 Re pitlagantswe mo ntlheng tsotlhe ke ma-tshwenyego, mme ga go re dire sepe. Re akabetse ka gore ga re itse gore ke eng fa dilo di direga jaana, mme ga re kgobege marapo re tlogele.
Když se všech stran úzkost míváme, ale nebýváme cele potlačeni; býváme vrtkáni, ale nebýváme docela zvrtkáni;
9 Re a tsongwa, mme Modimo ga o re latlhe. Re digelwa fa fatshe, mme re tsoge re tswelele pele.
Protivenství trpíme, ale nebýváme opuštěni; býváme opovrženi, ale nehyneme.
10 Mebele e ya rona ka metlha yotlhe e lebaganye le loso fela jaaka wa ga Jesu Keresete o dirile; jalo go bonala sentle mo go botlhe gore ke Keresete yo o tshelang mo go rona (yo o re babalelang).
Vždycky mrtvení Pána Ježíše na těle nosíme, aby i život Ježíšův na těle našem zjeven byl.
11 Ee, re tshelela mo kotsing ka metlha yotlhe mo matshelong a rona ka ntlha ya go direla Morena, mme se se re naya nako ka metlha go supela pele nonofo ya ga Jesu Keresete mo mebeleng ya rona e e swang.
Vždycky zajisté my, kteříž živi jsme, na smrt býváme vydáváni pro Ježíše, aby i život Ježíšův zjeven byl na smrtelném těle našem.
12 Ka ntlha ya go rera ga rona, re lebagane le loso, mme go feletse ele botshelo jwa lona jo bosakhutleng.
A tak smrt v nás moc provodí, ale v vás život.
13 Re bua ka bopelokgale ka se re se dumelang (re tshepa Modimo go re tlhokomela), fela jaaka mokwadi wa Pesalema a ne a bua a re, “Ke a dumela ebile jalo ke a bua.”
Majíce tedy téhož ducha víry, podlé toho, jakž psáno jest: Uvěřil jsem, protož jsem mluvil, i myť věříme, protož i mluvíme,
14 Re a itse gore Modimo o o tsositseng Morena Jesu mo losong, le rona o tlaa re busetsa gape mo botshelong le Jesu, o bo o re baya fa pele ga one le lona.
Vědouce, že ten, kterýž vzkřísil Pána Ježíše, i nás skrze Ježíše vzkřísí, a postaví s vámi.
15 Dipogiso tse tsa rona ke poelo mo go lona. Mme fa lo ntse lo ntsifala ka go gapelwa mo Moreneng, lo tlaa mo leboga ka bontsi ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya gagwe e kgolo, le Morena o tlaa galalediwa thata.
Nebo to všecko děje se pro vás, aby ta přehojná milost skrze díků činění od mnohých rozmohla se k slávě Boží.
16 Ke gone ka moo re sa kgobegeng marapo. Le fa mebele ya rona e e swa, go nonofa ga rona kafa teng mo Moreneng, go gola letsatsi le letsatsi.
Protož neoblevujeme, ale ačkoli ten zevnitřní člověk náš ruší se, však ten vnitřní obnovuje se den ode dne.
17 Matshwenyego a le dipogiso tsa rona, a mannye ebile ga a tseye lobaka lo lo leele. Le fa go ntse jalo lobaka lo lo khutshwane lo lwa bohutsana lo tlaa felela mo tshegofatsong e kgolo ya Modimo mo go rona ka metlha le metlha! (aiōnios g166)
Nebo toto nynější lehoučké ssoužení naše převelmi veliké věčné slávy břímě nám působí, (aiōnios g166)
18 Jalo ga re lebe se re ka se bonang jaanong jaana, matshwenyego a re dikanyeditse, mme re lebeletse pele boitumelo mo legodimong jo re iseng re ke re bo bone. Matshwenyego a tloga a fela, mme boitumelo jo bo tlang bo tlaa nnela ruri. (aiōnios g166)
Když nepatříme na ty věci, kteréž se vidí, ale na ty, kteréž se nevidí. Nebo ty věci, kteréž se vidí, jsou časné, ale které se nevidí, jsou věčné. (aiōnios g166)

< Bakorintha II 4 >