< Bakorintha II 3 >
1 A re simolola go nna jaaka baruti bao ba lona ba ba maaka ba ba tshwanetseng go lo bolelela gotlhe kaga bone le go tla le dikwalo tse di telele tsa go itshupa? Ke dumela gore ga lo tlhoke lwa ga ope go lo bolelela ka ga rona, a ga go a nna jalo! Mme ga re tlhoke kgakololo epe mo go lona!
Je, tutumbwile kuisifia bene kae? Tuhitaji kwaa barua ya mapendekezo kwinu au boka kwinu, kati baadhi ya bandu, je twahitaji?
2 Lokwalo loo lo ke lo batlang fela, ke lona ka bolona! Ka go leba phetogo e e molemo mo dipelong tsa lona, mongwe le mongwe o ka bona gore re dirile tiro e ntle mo go lona.
Mwenga mwabene ni barua yitu ya mapendekezo, yaiandikilwe mu'mioyo yitu, yaiyowanika na kusomwa na bandu bote.
3 Ba ka bona gore lo lokwalo lo lo tswang kwa go Keresete, lo lo kwadilweng ke rona, ga se lokwalo lo lo kwadilweng ka pene le enke, fa e se ka Mowa wa Modimo o o tshedileng; e seng lo lo gabilweng mo lefikeng, fa e se mo dipelong tsa batho.
Na mwaonesha panga mwenga ni barua boka kwa Kristo, yaitolewa ni twenga, iandikilwe na wino kwaa ila kwa Roho wa Nnongo ywabile nkoto. Iandikilwe kwaa nnani ya vibao ya maliwe, ila nnani ya vibao vya mioyo ya bandu.
4 Re bua dilo tse di siameng tse kaga rona fela ka ntlha ya tshepho ya rona e kgolo mo Modimong ka Keresete, gore o tlaa re thusa go nna boammaaruri mo go se re se buang,
Na wolo nga ujasiri tubile nao katika Nnongo pitya Kristo.
5 mme e seng ka ntlha ya gore re gopola re ka dira sengwe le sengwe se se sa feleng ka borona. Nonofo le phenyo ya rona e tswa fela mo Modimong.
Twajiamini kwaa wabene kwa kudai chochote kati boka kwitu. Badala yake, kujiamini kwitu kwaboka kwa Nnongo.
6 Ke one o o re thusitseng go bolelela ba bangwe Kgolagano e ncha go ba boloka. Ga re ba bolelele gore ba tshwanetse go utlwa molao mongwe le mongwe wa Modimo kgotsa ba swe; mme re ba bolelela gore ba na le botshelo mo Moweng O O Boitshepo. Tsela ya bogologolo ya go leka go bolokwa ka go tshegetsa Ditaolo tse di Lesome, e felela mo losong; mo tseleng e ncha, Mowa O O Boitshepo o ba naya botshelo.
Ni Nnongo ywabile atupangite tuweze pangika atumishi wa liagano lyayambe. Ayee nga liagano labile kwaa lya barua ila ni lya Roho. Kwa kuwa barua ubulaga, lakini roho yatoa ukoto.
7 Le fa tsamaiso ya molao wa bogologolo o o neng o isa losong e simologile ka kgalalelo e e kalo mo batho ba neng ba ka se ka ba leba sefatlhogo sa ga Moshe. Gonne jaaka a ne a ba neile melao ya Modimo go e utlwa, sefatlhogo sa gagwe se ne se phatsima ka kgalalelo e le nngwe le ya Modimo, le fa phatsimo e ne e setse e fifala.
Nambeambe kazi ya kiwo itichongwa katika herufi nnani ya maliwe iisile kwa namna ya utukufu panga bandu ba Israeli balilinga kwaa bene ila pitya minyo ga Musa. Ayee nga sababu ya utukufu wa minyo gake, utukufu ambao wabile wafifia.
8 A ga re kitla re lebelela kgalalelo e kgolo mo malatsing a no fa Mowa O O Boitshepo o naya botshelo?
Je, kazi ya Roho ilowa kuwa kwaa na utukufu muno?
9 Fa e ne e le gore leano le le isang tshenyegong le ne le galalela, kgalalelo e kgolo ke leano le le dirang batho go nna tshiamo le Modimo
Kwa kuwa kati huduma ya hukumu ibile na utukufu, ni mara ilenga zaidi huduma ya haki huzidi muno katika utukufu!
10 Mme tota, kgalalelo eo ya ntlha e e phatsimileng mo sefatlhogong sa ga Moshe ga e na mosola gotlhelele fa e tshwantshiwa le kgalalelo e e feteletseng ya Kgolagano e Ncha.
Ni kweli panga, chelo chakipangilwe utukufu kwanza kibile kwaa utkufu kae katika heshima yee, kwa sababu ya utukufu wanansima.
11 Jalo fa mokgwa wa bogologolo o o nyeletseng o ne o tletse kgalalelo ya legodimo, kgalalelo ya leano le lesha la Modimo la poloko ya rona le legolo thata, gonne le ka bosakhutleng.
Kwa kuwa kati chelo ambacho chabile chapeta chabile ni utukufu, ni kwa kiasi gani muno chelo ambacho ni chakudumu kibile na utukufu!
12 Ere ka re itse gore kgalalelo e ncha e, ga e kitla e nyelela, re ka ruta ka bopelokgale jo bogolo,
Kwa kuwa twajiamini eyo, tubile ni ujasiri muno.
13 mme e seng jaaka Moshe a ne a dira, yo o neng a baya letsela mo sefatlhogong sa gagwe gore Baiseraele ba se ka ba bona kgalalelo e tloga.
Tubile kwaa kati Musa, ywabekite utaji nnani ya uso bake, ili panga bandu ba Israeli baweze kwaa lola moja kwa moja mu'mwisho wa utukufu ambao ubile watiboka.
14 Ga se sefatlhogo sa ga Moshe fela se se neng sa bipiwa, mme megopolo ya batho ba gagwe le ditlhaloganyo tsa bone le tsone di ne tsa bipiwa tsa ba tsa fifadiwa. Le jaanong fa lokwalo lo balwa go lebega e ka re dipelo tsa Bajuta le megopolo ya bone di bipilwe ka sesiro se se bokete, gonne ga ba kgone go bona ba bo ba tlhaloganya tlhaloso tota ya Dikwalo. Gonne sesiro se sa go tlhoka go tlhaloganya se ka tlosiwa fela ke go dumela mo go Keresete.
Lakini malango gabe gatabilwe. Hata mpaka lisoba lee utaji wowolo bado ulekilwe nnani ya usomaji wa liagani lya kale. Ibekilwe kwaa wazi, kwa sababu ni katika Kristo kichake iondolewa kutalu.
15 Ee, le gompieno fa ba bala mekwalo ya ga Moshe dipelo tsa bone di fifetse ebile ba akanya gore go obamela Melao e e lesome ke yone tsela ya poloko.
Lakini hata leno, wakati wowote Musa asomwapo, utaji utama nnani ya mioyo yabe.
16 Mme le fa e le leng mongwe a sokologela mo Moreneng a tswa mo dibeng tsa gagwe, hong sesiro se a tlosiwa.
Lakini mundu paakeleka kwa Ngwana, utaji ulowa boka.
17 Morena ke Mowa o o ba nayang botshelo, mme fa ene a leng teng go na le kgololesego (mo go lekeng go bolokwa ka go tshegetsa melao ya Modimo.)
Nambeambe Ngwana ni Roho. Pabile ni Roho wa Ngwana, kubile ni uhuru.
18 Mme rona Bakeresete ga re na sesiro mo difatlhogong tsa rona; re ka nna diipone tse di bonatsang kgalalelo ya Morena sentle. Mme e re ka Mowa wa Morena o dira mo go rona, re tswelela thata re nna jaaka ene.
Nambeambe twenga twabote, pamope ni minyo zibile kwaa bekewa utaji, ubona utukufu wa Ngwana. Twabadilishwa nkati ya muonekano wowolo wa utukufu boka shahada jimo ya utukufu yenda yenge, kati yaibile kwa Ngwana, ambaye ni Roho.