< Bakorintha II 2 >

1 Ke ne ka ithaya ka re “Nnyaa, ga nke ke go dira. Ga ke na go ba utlwisa botlhoko ka loeto lo longwe lo lo botlhoko”.
내가 다시 근심으로 너희에게 나아가지 않기로 스스로 결단하였노니
2 Gonne fa ke lo utlwisa botlhoko, ke mang yo o tlaa intumedisang? Ke lona ba lo tshwanetseng go go dira, mme lo ka intumedisa jang fa ke lo utlwisa botlhoko?
내가 너희를 근심하게 하면 나의 근심하게 한 자 밖에 나를 기쁘게 하는 자가 누구냐
3 Ke gone ka moo ke kwadileng jaaka ke ne ka kwala mo lokwalong lwa bofelo, gore lo tle lo tlhamalatse dilo pele ga ke tla. Mme fa ke tla, ga ke na go utlwisiwa botlhoko ke ba ba tshwanetseng go intumedisa thata. Ke ne ka tlhomamisa gore boitumelo jwa lona ke selo se le sengwe fela le jwa me gore ga lo kitla lo itumela fa e se ke tla ka boitumelo.
내가 이같이 쓴 것은 내가 갈 때에 마땅히 나를 기쁘게 할 자로부터 도리어 근심을 얻을까 염려함이요 또 너희 무리를 대하여 나의 기쁨이 너희 무리의 기쁨인 줄 확신함이로라
4 Oo, kana ke ne ke sa rate jang go kwala lokwalo lole! Go batlile go mphatlola pelo thata mo ebileng ke lo bolelela ka boammaaruri gore ke ne ka lela. Ke ne ke sa batle go lo utlwisa botlhoko, mme ke ne ke tshwanetse go lo bontsha gore ke lo rata go le kae le go lo tlhokomela kaga se se neng se lo diragalela.
내가 큰 환난과 애통한 마음이 있어 많은 눈물로 너희에게 썼노니 이는 너희로 근심하게 하려 한 것이 아니요 오직 내가 너희를 향하여 넘치는 사랑이 있음을 너희로 알게 하려 함이라
5 Gakologelwang gore monna yo ke neng ke kwala kaga gagwe, yo o tsositseng matshwenyego otlhe, ga a nkhutsafatsa jaaka lona lotlhe, ntswa ke na le seabe mo go sone le nna. Ga ke batle go nna thata mo go ene go feta jaaka ke tshwanetse. O otlhailwe thata ke go mo gana ga lona.
근심하게 한 자가 있었을지라도 나를 근심하게 한 것이 아니요 어느 정도 너희 무리를 근심하게 한 것이니 어느 정도라 함은 내가 너무 심하게 하지 아니하려 함이라
6
이러한 사람이 많은 사람에게서 벌받은 것이 족하도다
7 Jaanong ke nako ya go mo itshwarela le go mo gomotsa. Fa go sa nne jalo o ka galakega thata a bo a ngodiega mo a se ka keng a fola.
그런즉 너희는 차라리 저를 용서하고 위로할 것이니 저가 너무 많은 근심에 잠길까 두려워하노라
8 Tsweetswee, mmontsheng gore lo santse lo mo rata thata.
그러므로 너희를 권하노니 사랑을 저희에게 나타내라
9 Ke lo kwaletse jaaka ke ne ka dira gore ke tle ke bone go re go ka lo tsaya lobaka lo lo kae go nkutlwa.
너희가 범사에 순종하는지 그 증거를 알고자 하여 내가 이것을 너희에게 썼노라
10 Fa lo itshwarela mongwe, ke a mo itshwarela le nna. Mme le fa e le eng se ke se itshwaretseng, (mo e leng gore le nna go nkamile) go itshwaretswe ka tetlelelo ya ga Keresete le gone go lo solegela molemo.
너희가 무슨 일이든지 뉘게 용서하면 나도 그리하고 내가 만일 용서한 일이 있으면 용서한 그것은 너희를 위하여 그리스도 앞에서 한 것이니
11 Lebaka le lengwe la boitshwarelo ke go ikgapha mo go tsiediweng ke Satane; gonne re itse se o lekang go se dira.
이는 우리로 사단에게 속지 않게 하려 함이라 우리가 그 궤계를 알지 못하는 바가 아니로라
12 Jalo e rile ke fitlha bokgakaleng jwa motse wa Terase, Morena a nnaya dinako tse di ntle tsa go rera Efangele.
내가 그리스도의 복음을 위하여 드로아에 이르매 주 안에서 문이 내게 열렸으되
13 Mme Tito, Mokaulengwe wa me yo o rategang, o ne a seyo go nkgatlhantsha, mme ka se ka ka nna le boiketlo mo pelong, ke hakgamatse gore o kae le gore o diragaletswe ke eng. Mme ka laela ka tlhamalalela kwa Masedonia go leka go mmona.
내가 내 형제 디도를 만나지 못하므로 내 심령이 편치 못하여 저희를 작별하고 마게도냐로 갔노라
14 Mme a go lebogwe Modimo! ka se Keresete a se dirileng, ka go re naya phenyo gore gongwe le gongwe fa re tsamayang teng a re dirise go bolelela ba bangwe kaga Morena le go anamisa Efangele jaaka setlolo se se monate.
항상 우리를 그리스도 안에서 이기게 하시고 우리로 말미암아 각처에서 그리스도를 아는 냄새를 나타내시는 하나님께 감사하노라
15 Ka ntlha ya Modimo go na le monko o o monate mo matshelong a rona. Ke monko o o monate wa ga Keresete mo go rona, monko o o monate mo go ba ba bolokilweng le ba ba sa bolokwang mo tikologong yotlhe ya rona.
우리는 구원 얻는 자들에게나 망하는 자들에게나 하나님 앞에서 그리스도의 향기니
16 Mo go ba ba sa bolokwang, re bonala jaaka monko o o boitshegang wa loso le tshenyego fa mo go ba ba itseng Keresete re le setlolo se se nayang botshelo. Mme ke mang yo o nonofetseng tiro e e ntseng jaaka e.
이 사람에게는 사망으로 좇아 사망에 이르는 냄새요 저 사람에게는 생명으로 좇아 생명에 이르는 냄새라 누가 이것을 감당하리요
17 Ke bao fela ba ba tshwanang le rona, batho ba ba itekanetseng ba ba romilweng ke Modimo, ba bua ka nonofo ya ga Keresete, le leitlho la Modimo le re okame. Ga re tshwane le ba ba bapalang ka Lefoko la Modimo, ebile ba bantsi thata, ba megopolo ya bone mo go tsamaiseng Efangele e leng ipapalelo ka yone.
우리는 수다한 사람과 같이 하나님의 말씀을 혼잡하게 하지 아니하고 곧 순전함으로 하나님께 받은 것같이 하나님 앞에서와 그리스도 안에서 말하노라

< Bakorintha II 2 >