< Bakorintha II 13 >
1 Lo ke lobaka lwa boraro ke ntse ke lo etela. Dikwalo di re bolelela gore fa ba le babedi kgotsa ba le bararo ba bone phoso, e tshwanetse go otlhaelwa. [(Se ke tlhagiso ya me ya boraro jaaka ke tlaa bo ke lo etela)].
This is the third time I am coming to you. In the mouth of two or three witnesses shall every word be established.
2 Ke setse ke tlhagisitse ba ba neng ba leofa fa ke ne ke le koo mo lobakeng lo lo fetileng; jaanong ke tlhagisa gape le botlhe ba bangwe fela jaaka ke dirile, gore ka nako e, ke tla ke ipaakanyeditse go otlhaya thata ebile ga nke ke ba rekegela.
I said before, and now say beforehand, as when present the second time, so also absent now, to those who have sinned before, and to all the others, that if I come again, I will not spare;
3 Ke tlaa lo naya bosupi jotlhe jo lo bo batlang gore Keresete o bua ka nna. Keresete ga a bokoa mo go dirisanyeng ga gagwe le lona, mme ke ene nonofo e kgolo mo go lona.
since ye seek a proof of Christ speaking in me, who towards you is not weak, but is mighty among you.
4 Mmele wa gagwe wa setho o o bokoa o sule mo mokgorong, mme jaanong o tshela ka nonofo e kgolo ya Modimo. Le rona, re bokoa mo mebeleng ya rona, fela jaaka a ne a ntse, mme jaanong re a tshela re bile re na le nonofo yotlhe ya Modimo go e dirisa mo go dirisanyeng le lona.
For though he was crucified through weakness, yet he liveth through the power of God; for we also are weak in him, but we shall live together with him by the power of God toward you.
5 Itshekatshekeng, a lo Bakeresete tota? A lo fenya tlhatlhobo? A lo ikutlwa bolengteng jwa ga Keresete le nonofo gantsi mo go lona, kgotsa lo ipaya fela jaaka ekete lo Bakeresete ntswa lo se bone gotlhelele?
Try yourselves, whether ye are in the faith; prove your own selves. Know ye not your own selves, that Christ Jesus is in you, unless ye are unapproved?
6 Ke solofela gore lo ka dumela gore ke emelane le tlhatlhobo eo mme ka boammaaruri ke wa Morena.
But I trust that ye shall know, that we are not unapproved.
7 Ke rapela gore lo tshele matshelo a a siameng e seng ka ntlha ya gore re tla bonala, re supa gore se re se rutang se siame; nnyaa, gonne re batla gore lo dire tshiamo ntswa rona re nyadiwa.
Now we pray to God that ye do no evil; not in order that we may appear approved, but that ye may do what is good, though we be as unapproved.
8 Maikaelelo a rona ke go kgothatsa ka nako tse tsotlhe, e seng go solofela bosula.
For we have no power against the truth, but for the truth.
9 Re itumelela go nna bokoa le go nyadiwa fa tota lo nonofile. Keletso ya rona e kgolo le thapelo ke gore lo nne Bakeresete ba ba nonofileng.
For we are glad, when we are weak, and ye are strong; this also we pray for, even your perfection.
10 Mme ke lo kwalela se jaanong ka tsholofelo ya gore ga nkitla ke omana kgotsa ke otlhaya fa ke tla, gonne ke batla go dirisa taolo ya Morena e o e nneileng, e seng go lo otlhaya mme e leng go lo nonotsha.
For this cause I write these things while absent, that when present I may not use sharpness, according to the power which the Lord gave me for edification, and not for destruction.
11 Ke fetsa lokwalo lwa me ka mafoko a a bofelo. Itumeleng. Golang mo Moreneng. Tlhokomelang se ke se buileng. Nnang ka kutlwano le kagiso. A Modimo o o lorato le kagiso o nne le lona.
Finally, brethren, farewell! Be perfect, be of good comfort, be of one mind, live in peace; and the God of love and peace shall be with you.
12 Dumedisanyang mo Moreneng ka lorato.
Salute one another with a holy kiss.
13 Bakeresete botlhe fano ba a dumedisa thata.
All the saints salute you.
14 A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. A lorato lwa Modimo le botsa-lano jwa Mowa O O Boitshepo e nne tsa lona.
The grace of the Lord Jesus Christ, and the love of God, and the partaking of the Holy Spirit, be with you all.