< Bakorintha II 11 >
1 Ke solofela gore lo tlaa nna pelotelele le nna fa ke ntse ke bua jaaka seeleele jaana. Ntetlang go bua se se mo pelong ya me.
If only you would bear with me for a bit in my foolishness! Yes, do bear with me!
2 Ke lo tlhwaafaletse ka tlhwaafalo ya Modimo, ke tlhwaafaletse gore lorato lwa lona e nne lwa ga Keresete a le nosi, fela jaaka kgarebane e e itshekileng e bolokela monna a le mongwe lorato lwa yone, yo e tlang nnang ene monna wa gagwe.
I am jealous for you with a godly jealousy, because I promised you in marriage to one husband, to present you as a pure virgin to Christ.
3 Mme ke a boifa, ke tshaba gore ka tsela nngwe lo tlaa timediwa mo boitshekong jwa lona mo Moreneng, fela jaaka Efa a ne a tsiediwa ke Satane mo tshimong ya Edene.
But I am afraid that just as the serpent deceived Eve by his craftiness, so your minds will be led astray from simple devotion to Christ.
4 Lo lebega lo tsietsega ka bonako: lo dumela sengwe le sengwe se mongwe fela o se lo bolelelang le fa a rera kaga Jesu yo mongwe go na le yo re mo rerang, kgotsa mewa e e farologaneng go na le Mowa O O Boitshepo o lo o amogetseng, kgotsa a lo supegetsa tsela e sele ya go bolokwa. Lo dumela gotlhe.
For if someone comes to you and preaches a different message about Jesus than the one we preached, or if you receive a different spirit than the one you received, or a different gospel than the one you accepted, you bear with it well enough.
5 Le fa go ntse jalo, ga ke bone gore “Barongwa ba ba hakgamatsang” ba ba ipitsang gore ba tswa kwa Modimong, ga ba nkgaise ka gope.
For I consider myself to be in no way inferior to these “super-apostles.”
6 Fa ke le sebui se se bokoa, mme ke itse se ke buang kaga sone, jaaka ke akanya gore lo gopola jalo jaanong, gonne re go tlhomamisitse gangwe le gape.
I may be untrained in speech, but I do not lack knowledge; indeed, in every way we have been made known to you in everything.
7 A ke kile ka dira phoso ka ingotla go dira gore lo ntebele kwa tlase ka ntlha ya gore ke lo reretse Mafoko a Modimo a a Molemo kwa ntle ga go lo kopa sepe.
Did I commit a sin by humbling myself so that you might be exalted, because I preached the gospel of God to you free of charge?
8 Mo boemong jwa moo ke “thopile” diphuthego tse dingwe ka go tsaya se ba neng ba se nthomeletse mme ka se dirisa fa ke santse ke na le lona, gore ke tle ke lo direle kwa ntle ga tuelo epe. Mme fa moo go setse go fetile mme ke tshwerwe ke tlala, ke ne ke ntse ke sa lo kope sepe, gonne Bakeresete ba ba neng ba tswa kwa Masedonia ba ntletse mpho e nngwe. Ga ke ise nke ke lo kope le fa e le ledi ebile ga ke kitla ke dira jalo.
I “robbed” other churches by receiving support from them in order to serve you!
When I was with you and in need, I did not burden anyone, for the brothers who came from Macedonia supplied what I needed. I kept myself from being a burden to you in any way, and I will continue to do so.
10 Ke solofetsa se ka selekanyo sengwe le sengwe sa boammaaruri jo ke nang najo, gore ke tlaa bolelela mongwe le mongwe mo Akaia ka gone!
As surely as the truth of Christ is in me, this boasting of mine will not be silenced in the regions of Achaia.
11 Ka ntlha ya eng? A ke ka ntlha ya gore lwa re ga ke lo rate? Modimo o a itse gore ke a lo rata.
Why? Because I do not love you? God knows I do!
12 Mme ke tlaa go dira gore ke tlhokise ba ba ipelafatsang seipato sa gore ba dira tiro ya Modimo jaaka re e dira.
But what I am doing I will continue to do, so that I may deny any opportunity to those who want to be regarded as our equals in what they boast about.
13 Modimo ga o a roma batho bao gotlhelele; ke “batsietsi” ba ba lo tsietsang gore lo gopole gore ke baaposetoloi ba ga Keresete.
For such men are false apostles and deceitful workers, disguising themselves as apostles of Christ.
14 Le fa go ntse jalo ga ke hakgamale! Satane o ka iphetola moengele wa lesedi,
And no wonder, for even Satan disguises himself as an angel of light.
15 jalo ga go hakgamatse gore batlhanka ba gagwe ba ka dira jalo le bone, ba bonale jaaka baruti ba Modimo. Kwa bokhutlong ba tlaa amogela kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanelang ditiro tsa bone tsa boikepo.
Therefore it is no great surprise if his servants also disguise themselves as servants of righteousness. Their end will be according to their works.
16 Gape ke a lo kopa, se gopoleng gore ke latlhile botlhale jwa me go bua jaana; mme le fa lo gopola jalo, ntheetsang, nna seeleele, sematla, fa le nna ke ipelafatsa go se kae jaaka ba dira.
I repeat: Let no one consider me to be a fool. But if you do, receive me just as you would a fool, so that I too may boast a little.
17 Go ikgantsha mo go ntseng jalo ga se sengwe se Morena o se ntaoletseng go se dira, gonne ke dira jaaka seeleele se se senang tlhaloganyo.
What I say in this confidence of boasting, I am not saying in accordance with the Lord, but as a fool.
18 Le fa go ntse jalo batho bao ba tsweletse ka go lo bolelela gore ba ditswerere go le kae, le nna ke tlaa tswelela jalo.
Since many boast according to the flesh, I too will boast.
19 (Lo gopola gore lo botlhale thata, le fa go ntse jalo lo reetsa dieleele tseo; ka boitumelo; ga lo re sepe fa di lo dira makgoba a tsone di bo di tsaya sengwe le sengwe se lo nang naso, ba lo ja ntsoma, di lo faphamola sefatlhogo.
For you gladly bear with fools since you are so wise!
You bear with it if anyone enslaves you, devours you, takes advantage of you, exalts himself, or hits you in the face.
21 Ketlhabiwa ke ditlhong gore ke re ga ke a nonofa mme ke le pelokgale jalo! Mme le fa e le eng se ba ka ipelafatsang ka sone, ke bua jaaka seeleele gape, ke ka ipelafatsa ka sone le nna).
To my shame I admit that we were too weak for that! But whatever anyone else dares to boast about—I am speaking like a fool—I also dare to boast about.
22 Ba ikgantsha gore ke Bahebera, a ke bone? Ee, le nna ke Mohebera, ebile ba re ke Baiseraele, batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo? Le nna ke Moiseraele. Ebile ba re ke bo morwa Aberahame? Ee, le nna ke morwawe.
Are they Hebrews? So am I. Are they Israelites? So am I. Are they the offspring of Abraham? So am I.
23 Ba re ba direla Keresete? Mme ke mo diretse go feta! (A ke kile ka ipelafatsa jaana?) Ke dirile thata, ke golegilwe gantsinyana, ke iteilwe mo go senang palo, mme ka lebagana le loso gantsintsi.
Are they servants of Christ? (I am speaking like I am out of my mind!) I am even more so, with far more labors, with beatings beyond measure, with far more imprisonments, and often facing death.
24 Makgetho a matlhano a a farologanyeng, Bajuta ba ntiteile dithupa di le masome a mararo le boferabongwe.
Five times I received from the Jews the forty lashes minus one.
25 Ke iteilwe ka dithobane gararo. Ka kgobotlediwa ka maje gangwe fela. Ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka tlhola mo lewatleng bosigo jotlhe le letsatsi le le latelang.
Three times I was beaten with rods. Once I was stoned. Three times I was shipwrecked; a night and a day I spent in the open sea.
26 Ke tsamaile maeto a maleele a a lapisang ebile ke tsenye mo kotsing ya merwalela gantsi, mo bothukuthing, le mo go bagaetsho, Bajuta, le mo diatleng tsa Badichaba. Ke ne ka lebagana le dikotsi tse di diphatsa thata di tswa mo bathong ba bantsi ba metse le mo losong mo dikakeng le mo matsubutsubung a mawatle le mo bathong ba ba ipitsang bakaulengwe mo Moreneng mme e se bone.
I have often been on journeys, exposed to dangers from rivers, dangers from robbers, dangers from my own people, dangers from the Gentiles, dangers in the city, dangers in the wilderness, dangers at sea, and dangers among false brothers.
27 Ke tshedile ka letsapa, le ditlhabi le masigo ke sa robale. Ke bolailwe ke tlala gantsi le lenyora ka bo ka felelwa ke dijo; ke roromisitswe ke serame gantsi, ke sena diaparo tse di lekanyeng go nthuthafatsa.
I have endured labor and hardship, many sleepless nights, and hunger and thirst. I have often gone without food and have been cold due to a lack of sufficient clothing.
28 Jalo, mo godimo ga tse tsotlhe, ke na le tlhobaelo e e tsweletseng pele gore diphuthego di tsamaya jang:
Apart from these external things, there is my daily burden: my concern for all the churches.
29 Ke mang yo e a reng a dirile phoso ke se ke ke mo utlwele botlhoko? Ke mang yo e a reng fa a wa ke se ke ke rate go thusa? Ke mang yo e a reng fa a utlwisitswe botlhoko mo moweng ke nne fela ke sa gakalele yo o mo utlwisitseng botlhoko?
Who is weak, and I am not weak? Who is made to stumble, and I do not burn with indignation?
30 Mme fa e le gore ke tshwanetse go ikgantsha, ke ka mpa ka ikgantsha kaga dilo tse di mpontshang bokoa jwa me.
If I must boast, I will boast about the things that show my weakness.
31 Modimo, Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, yo o tshwanetseng go bakwa ka metlha le metlha, o a itse gore ke bolela boammaaruri. (aiōn )
The God and Father of the Lord Jesus Christ, who is blessed forever, knows that I am not lying. (aiōn )
32 Jaaka erile kwa Damaseko molaodi wa kgosi Aretase a mpeela badisa mo dikgorong tsa motse go ntshwara;
In Damascus the governor under King Aretas was guarding the city of the Damascenes, wanting to arrest me,
33 mme ke ne ka falotshiwa ka thapo le seroto mo phatlheng ya lokotswana lo lo ageletseng motse mme jalo ka tswa! (A go itsege mo go golo!).
but I was let down in a basket through a window in the city wall and escaped from his hands.