< Bakorintha II 1 >

1 Ditsala tse di rategang, Lokwalo lo lo tswa mo go nna Paulo, yo o tlhomilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete; le mo go mokaulengwe wa rona yo o rategang Timotheo. Re lo kwalela lotlhe Bakeresete ba Korinta le Akaia yotlhe.
Paul, an apostle of Christ Jesus by the will of God, and Timothy the brother, to the church of God which is in Corinth, with all the holy who are in all Achaia:
2 A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete o segofatse mongwe le mongwe wa lona thata, o lo neye kagiso.
Grace be to you, and peace, from God our Fathers and the Lord Jesus Christ.
3 Kana re na le Modimo o o hakgamatsangjang, ke Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, motswedi wa kutlwelo botlhoko nngwe le nngwe, ene yo ka kgakgamatso o re gomotsang a bo a re nonotsha mo bothateng jwa rona le mo ditekong. Mme ke eng fa a dira jaana? Gore ba bangwe ba ba tshwenyegileng ebile ba tlhoka kutlwelo botlhoko ya rona le kgothatso, re ba fe thuso e e ntseng jaana le kgomotso e Modimo o e re neileng.
Blessed be God, the Father of our Lord Jesus Christ, the Father of mercies and God of all comfort,
4
who comforteth us in all our distress, that we may be able to comfort those who are in any distress by the comfort wherewith we are ourselves comforted by God;
5 Lo ka tlhomamisa gore fa re ntse re bogela Keresete, o tlaa nna a re supegetsa kgomotso ya gagwe le kgothatso.
for as the sufferings of Christ overflow to us, so through Christ doth our comfort also overflow.
6 Re mo matshwenyegong a magolo go lo tlisetsa kgomotso ya Modimo le poloko. Mme mo matshwenyegong a rona Modimo o re gomoditse ebile o re thusa gore re lo supegetse mo maitemogelong a rona ka fa Modimo o tlaa lo gomotsang ka kutlwelo botlhoko ka teng fa lo tsena mo dipogisong tse di tshwanang le tse. O tlaa lo naya nonofo go itshoka.
And whether we are distressed, it is for your comfort and salvation, which showeth its power in enabling you to bear patiently the same sufferings which we also endure; and our hope is steadfast in your behalf; or whether we are comforted, it is for your comfort and salvation,
7
knowing that as ye are sharers in the sufferings, so also ye will be sharers in the comfort.
8 Ke bona gore lo tshwanetse go itse, bakaulengwe ba ba rategang, kaga pitlagano e re neng ra feta mo go yone kwa Asia. Re ne re pitlaganye tota ebile re fentswe gotlhelele ebile re boifa gore ga re kake ra tshela mo go yone.
For we would not, brethren, have you ignorant of our distress which came upon us in Asia, that it was exceedingly heavy upon us beyond our strength, so that we despaired even of life;
9 Re ne re ikutlwa o ka re re atlholelwa go swa le go bona ka fa re neng re sena nonofo ka teng go ithusa; mme go ne go siame, gonne foo re ne ra baya sengwe le sengwe mo diatleng tsa Modimo, o ka osi o neng o ka re boloka, gonne o ka tsosa le bone baswi tota.
yea, we ourselves had within ourselves the sentence of death, that we might not trust in ourselves, but in God who raiseth the dead;
10 Mme o ne wa re thusa, wa re boloka mo losong, lo lo boitshegang; ee, re o lebeletse gore o re thuse gangwe le gape.
who delivered us from such peril of death, and is delivering; in whom we trust that he will yet deliver us,
11 Mme lo tshwanetse go re thusa le lona, ka go re rapelela. Gonne ditebogo tse dikgolo le pako tse di tswang mo go lona a di tlaa ya kwa Modimong, di tswa kwa go lona ba lo boneng dikarabo tsa one tse di hakgamatsang mo dithapelong tsa lona tsa polokego!
you also unitedly helping us by prayer, so that for this blessing bestowed on us by means of many, thanks may be given by many on your behalf.
12 Re itumela thata gore ka boikanyego jotlhe mo ditirong tsa rona tsotlhe re ne re itshekile ebile re le pelo e phepa, re ikanya mo Moreneng ka tshisibalo gore a re thuse, e seng ka fa botlhaleng jwa rona. Mme mo go boammaaruri jo bogolo, fa go kgonega, kaga mokgwa o re o dirisitseng mo go lona.
For our glorying is this, the testimony of our conscience, that in simplicity and the sincerity which is of God, not in fleshly wisdom, but in the grace of God, we have conducted ourselves in the world, and especially toward you.
13 Dikwalo tsa me di ne di tlhamaletse ebile di ikanyega; ga go na sepe se se neng se sa kwalwa sentle! Mme le fa lo sa nkitse sentle (ke solofela gore letsatsi lengwe lo tlaa nkitse), ke batla go re lo nkamogele lo bo lo ikgantshe ka nna, jaaka lo setse lo ntse, fela jaaka ke tlaa ikgantsha ka lona mo letsatsing leo le Morena Jesu o tlang gape ka lone.
For we write no other things to you, than what ye read or even acknowledge. And I trust ye will acknowledge even to the end,
as also ye have acknowledged us in part, that we are your glorying, as ye also are ours in the day of the Lord Jesus.
15 E ne e le ka ntlha ya go re ke ne ke rulagantse go tsena ka lona mo loetong lwa me go ya Masedonia, le morago jaaka fa ke tlaa bo ke bowa, gore ke ne ke ka nna tshegofatso e e menaganeng mo go lona le gore lo ka nthomela kwa Judea.
And in this confidence it was my purpose to come to you before, that ye might receive a second benefit;
and to go by way of you into Macedonia, and from Macedonia to come again to you, and by you to be forwarded on my way to Judaea.
17 Mme lo ka botsa lwa re, a ke fetotse thulaganyo ya me? A tota ga ke a dira mogopolo wa me le fa go ntse jalo? Kgotsa ke tshwana le monna wa selefatshe yo o reng “ee” fa tota a raya “nnyaa”.
Having, then, this purpose, did I act with levity? Or in my purposes do I resolve according to the flesh, that with me there should be now yea, yea, and now nay, nay?
18 Le goka! Jaaka ruri Modimo o le boammaaruri, ga ke motho yo o ntseng jalo. “Ee”, wa me ke “Ee”.
But as God is faithful, our word to you is not yea and nay.
19 Timotheo le Selefano le nna re ntse re lo bolelela kaga Jesu Morwa Modimo. Ga se yo o reng “ee” fa a raya “nnyaa”. O aga a dira fela se a se buang.
For the Son of God, Christ Jesus, who was preached among you by us, by me and Silvanus and Timothy, was not found yea and nay, but in him hath been found yea.
20 O a dira ebile o diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo, ga go re sepe gore di bontsi bo kae, go galaletsa leina la gagwe.
For as to all the promises of God, in him is yea, and in him amen, to the glory of God through us.
21 Ke one Modimo o, o o diretseng nna le wena mo tumelong ya Sekeresete le go re dira baaposetoloi go rera Mafoko a a Molemo.
Now he who maketh us with you steadfast in Christ, and anointed us, is God;
22 O beile lotshwao mo go rona, lotshwao lwa go nna ba one, wa bo wa re naya Mowa wa one O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo sa gore re ba one, e le tiragalo ya ntlha ya tsotlhe tse o tlaa re di nayang.
he who also sealed us, and gave the Spirit as a pledge in our hearts.
23 Ke goeletsa kwa Modimong go ntshupela fa ke sa bue boammaaruri: Mabaka a a dirileng gore ke seka ka lo etela ke gore ga ke batle go lo utlwisa botlhoko ka kgalemelo e e botlhoko.
But I call upon God as a witness against my soul, that it was to spare you that I came no more to Corinth;
24 Fa ke tla, le fa ke sa kake ka dira thata go thusa tumelo ya lona, gonne e setse e nonofile, ke batla go ka dira sengwe ka ga boipelo jwa lona: ke batla go lo itumedisa, e seng go lo utlwisa botlhoko.
not that we have dominion over your faith, but are helpers of your joy. For in respect to faith ye stand firm.

< Bakorintha II 1 >