< Timotheo I 6 >

1 Batlhanka ba e leng Bakeresete ba tshwanetse go direla beng ba bone thata ba bo ba ba tlotla; se direng gore gotwe batho ba ga Keresete ke badiri ba ba ditshwakga. Se letleng gore leina la Modimo kgotsa thuto ya One e nyadiwe ka ntlha ya se.
Trälarna, som under ok äro, skola hålla sina herrar alla äro värda; på det Guds Namn och lärdom icke skall försmädd varda.
2 Fa mong-wa bone e le Mokeresete, moo ga go reye gore ba itepeletse; bogolo ba tshwanetse go dira thata ka gore mokaulengwe mo tumelong o thusiwa ke maiteko a bone. O rute boammaaruri jo, mme o kgothatse botlhe go bo tshegetsa.
Men de som hafva trogna herrar, de skola icke förakta dem, fördenskull de äro bröder; utan vara dess mer tjenstaktige, att de trogne, och älskade, och delaktige uti välgerningene äro. Sådant lär, och förmana.
3 Mme bangwe ba ka gana dilo tse, mme ke dithuto tse di nonofileng tse di tshedileng tsa Morena Jesu Keresete ebile ke motheo wa botshelo jwa Semodimo.
Ho der annars lärer, och icke blifver vid vårs Herras Jesu Christi helsosamma ord, och vid den lärdom som är om Gudaktigheten;
4 Le fa e le mang yo o buang sengwe se sele se se farologanyeng le se, o a ikgantsha ebile o seeleele. O tila se mafoko a ga Keresete a se rayang le dikganetsanyo tse di felelang mo mafufeng le mo bosilong, tse di isang fela mo go bidiweng ka maina a e seng one, dipateletso le dipelaelo tse di bosula.
Han är förmörkrad, och vet intet, utan är sjuk i spörsmål och ordaträtor, af hvilkom födes afund, kif, försmädelse, onda misstankar,
5 Baganetsi ba, ba ditlhaloganyo tsa bone di bo filweng ke sebe, ga ba itse go bolela boammaruri; mo go bone go bolela Mafoko a a Molemo ke leano la go dira madi fela. Ikgapheng mo go bone.
Onyttiga disputeringar emellan de menniskor, som i sitt sinne förderfvade äro, ifrå hvilka sanningen är borttagen, de der mena att gudaktigheten är en vinning. Drag dig ifrå sådana.
6 A o batla go huma? O setse o humile fa o itumela ebile o siame.
Men vara gudelig, och låta sig nöja, är vinning nog.
7 Le gone ebile ga re a ka ra tla le madi fa re tla mo lefatsheng leno gape ga re kake ra tsaya le fa e le ledinyana le le lengwe fa ree swa.
Ty vi hafve intet fört in i verldena; derföre är det klart, att vi icke heller kunne något föra härut;
8 Jalo re tshwanetse go itumela fela kwa ntle ga madi fa re na le dijo le diaparo tse di lekanyeng.
Utan då vi hafve födo och kläder, så låtom oss dermed nöja.
9 Mme batho ba ba eletsang go huma ka bonako ba simolola go dira mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang gore ba bone madi, dilo tse di ba utlwisang botlhoko di bile di sulafatsa ditlhaloganyo tsa bone mme kwa bofelong di ba ise kwa moleting.
Men de som vilja rike varda, falla uti frestelse, och i snaro, och i mång dåraktig och skadelig begärelse, de der sänka menniskorna uti förderf och fördömelse.
10 Gonne go rata madi ke yone kgato ya ntlha e e yang kwa mefuteng yotlhe ya boleo. Batho bangwe ebile ba setse ba kgelogile mo Modimong ka ntlha ya go a rata, mme ka go dira jalo ba itsentse mo mathateng a mantsi.
Ty girighet är en rot till allt ondt; till hvilka somlige hafva haft lust, och äro dermed ville farne ifrå trone, och hafva gjort sig sjelfva mycken bedröfvelse.
11 Oo, Timotheo, o monna wa Modimo. Tshaba dilo tse tsotlhe tse di bosula mme mo boemong jwa mo, o dire se se molemo le se se siameng, o ithuta go mo ikanya le go rata ba bangwe, le go nna pelotelele le tshiamo.
Men du, Guds menniska, fly sådant; far efter rättfärdigheten, Gudaktigheten, tron, kärleken, tålamod, saktmod.
12 Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya basupi ba le bantsi. (aiōnios g166)
Kämpa en god trones kamp; fatta evinnerligit lif, till hvilket du ock kallad äst, och bekänt hafver en god bekännelse för mång vittne. (aiōnios g166)
13 Ke go laya fa pele ga Modimo o o nayang botlhe botshelo, le fa pele ga ga Ponto Pilatwe,
Jag bjuder dig för Gudi, som all ting gör lefvande; och för Christo Jesu, som under Pontio Pilato betygat hafver en god bekännelse;
14 gore o diragatse tsotlhe tse o di go boleletseng gore o di dire, gore ope a se ka a go bona molato go tloga fano go fitlhelela Morena wa rona Jesu Keresete a boa.
Att du håller budet obesmittadt, ostraffelig, intill vårs Herras Jesu Christi uppenbarelse;
15 Gonne mo lobakeng lo lo tshwanetseng, Keresete o tlaa senolwa mo legodimong ke Modimo Mothatayotlhe, Kgosi ya dikgosi le Morena wa Barena,
Hvilka oss bete skall i sin tid den salige och allena väldige Konungen öfver alla Konungar, och Herren öfver alla herrar.
16 yo ka esi a se ka keng a swa, yo o nnang mo leseding le legolo le go senang ope yo o ka mo atamelang. Ga go na ope yo o kileng a mmona, kgotsa yo o tlaa mmonang. Mo go ene a go nne tlotlo le nonofo e e sa feleng le puso ka metlha le metlha. Amen. (aiōnios g166)
Den der allena hafver odödelighet; den der bor uti ett ljus der ingen tillkomma kan; den ingen menniska sett hafver, icke heller se kan; honom vare ära och evigt rike. Amen. (aiōnios g166)
17 Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela. (aiōn g165)
Bjud dem som rike äro i denna verld, att de icke äro storsinte, icke heller sätta sitt hopp på de ovissa rikedomar; utan på lefvande Gud, hvilken oss all ting rikeliga gifver till att nyttja; (aiōn g165)
18 Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng.
Att de göra väl, och rike varda på goda gerningar, gerna gifva, äro oförtrutne;
19 Ka go dira jalo ba tlaa bo ba ipolokela dikhumo kwa legodimong, ke yone fela polokelo ya bosakhutleng! Mme ba tlaa tshela botshelo jwa Sekeresete jo bo nang le maungo mono lefatsheng le kwa legodimong.
Sammansamka sig sjelfvom en god grund framdeles, att de måga fatta evinnerligit lif.
20 Oo, Timotheo, o se ka wa tlhoka go dira dilo tse, tse Modimo o di go neetseng. Ikgaphe mo dikganetsanyong tsa boeleele le mo go ba ba ipelafatsang ka “kitso” ya bone mme seo se supa fa ba sena nayo.
O Timothee, förvara det dig betrodt är; och fly oandelig och onyttig ord och trätor, som gå af falskeliga berömd konst;
21 Bangwe ba batho ba, ba latlhegetswe ke selo sa botlhokwa mo botshelong, ga ba itse Modimo. A kutlwelo botlhoko ya Modimo e nne mo go wena.
Hvilka somlige föregifva, och fara ville om trona. Nåd vare med dig. Amen.

< Timotheo I 6 >