< Timotheo I 6 >
1 Batlhanka ba e leng Bakeresete ba tshwanetse go direla beng ba bone thata ba bo ba ba tlotla; se direng gore gotwe batho ba ga Keresete ke badiri ba ba ditshwakga. Se letleng gore leina la Modimo kgotsa thuto ya One e nyadiwe ka ntlha ya se.
Let as many servants as are under the yoke, esteem their own masters worthy of all honor, that the name of God and his doctrine be not defamed.
2 Fa mong-wa bone e le Mokeresete, moo ga go reye gore ba itepeletse; bogolo ba tshwanetse go dira thata ka gore mokaulengwe mo tumelong o thusiwa ke maiteko a bone. O rute boammaaruri jo, mme o kgothatse botlhe go bo tshegetsa.
And let not those who have believing masters, not despise them, because they are brethren; but let them serve them more, because they are believers, and beloved, who receive the benefit. These things teach and exhort.
3 Mme bangwe ba ka gana dilo tse, mme ke dithuto tse di nonofileng tse di tshedileng tsa Morena Jesu Keresete ebile ke motheo wa botshelo jwa Semodimo.
If any one teach differently, and consent not to wholesome dictates of our Lord Jesus Christ, and to the doctrine which is according to godliness;
4 Le fa e le mang yo o buang sengwe se sele se se farologanyeng le se, o a ikgantsha ebile o seeleele. O tila se mafoko a ga Keresete a se rayang le dikganetsanyo tse di felelang mo mafufeng le mo bosilong, tse di isang fela mo go bidiweng ka maina a e seng one, dipateletso le dipelaelo tse di bosula.
he is puffed up with pride, knowing nothing; but is doting about questions, and verbal contentions, from which come envy, strife, evil speakings, unjust suspicions,
5 Baganetsi ba, ba ditlhaloganyo tsa bone di bo filweng ke sebe, ga ba itse go bolela boammaruri; mo go bone go bolela Mafoko a a Molemo ke leano la go dira madi fela. Ikgapheng mo go bone.
perverse disputings of men wholly corrupted in mind, and destitute of the truth; who reckon gain to be godliness: from such, stand aloof.
6 A o batla go huma? O setse o humile fa o itumela ebile o siame.
But godliness with contentment is great gain.
7 Le gone ebile ga re a ka ra tla le madi fa re tla mo lefatsheng leno gape ga re kake ra tsaya le fa e le ledinyana le le lengwe fa ree swa.
For we brought nothing into the world, and it is evident that we can carry out nothing.
8 Jalo re tshwanetse go itumela fela kwa ntle ga madi fa re na le dijo le diaparo tse di lekanyeng.
Wherefore, having food and raiment, with these let us be content.
9 Mme batho ba ba eletsang go huma ka bonako ba simolola go dira mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang gore ba bone madi, dilo tse di ba utlwisang botlhoko di bile di sulafatsa ditlhaloganyo tsa bone mme kwa bofelong di ba ise kwa moleting.
But they who will be rich, fall into temptation, and a snare, and into many foolish and hurtful lusts, which plunge men into destruction and perdition.
10 Gonne go rata madi ke yone kgato ya ntlha e e yang kwa mefuteng yotlhe ya boleo. Batho bangwe ebile ba setse ba kgelogile mo Modimong ka ntlha ya go a rata, mme ka go dira jalo ba itsentse mo mathateng a mantsi.
For the love of money is the root of all evil, which some, eagerly desiring, have wholly erred from the faith, and pierced themselves all around with many sorrows.
11 Oo, Timotheo, o monna wa Modimo. Tshaba dilo tse tsotlhe tse di bosula mme mo boemong jwa mo, o dire se se molemo le se se siameng, o ithuta go mo ikanya le go rata ba bangwe, le go nna pelotelele le tshiamo.
Therefore, do you, O man of God! flee these things, and pursue righteousness, piety, faith, love, patience, meekness.
12 Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya basupi ba le bantsi. (aiōnios )
Combat the good combat of faith: lay hold on eternal life; to which, also, you have been called, and have confessed the good confession in the presence of many witnesses. (aiōnios )
13 Ke go laya fa pele ga Modimo o o nayang botlhe botshelo, le fa pele ga ga Ponto Pilatwe,
I charge you, in the presence of God, who makes all alive-- and of Christ Jesus, who witnessed to Pontius Pilate the good confession;
14 gore o diragatse tsotlhe tse o di go boleletseng gore o di dire, gore ope a se ka a go bona molato go tloga fano go fitlhelela Morena wa rona Jesu Keresete a boa.
that you keep this commandment without spot, unblamable, till the appearing of our Lord Jesus Christ;
15 Gonne mo lobakeng lo lo tshwanetseng, Keresete o tlaa senolwa mo legodimong ke Modimo Mothatayotlhe, Kgosi ya dikgosi le Morena wa Barena,
which appearance, at the proper season, the blessed and only Potentate, the King of king, and Lord of lords will exhibit;
16 yo ka esi a se ka keng a swa, yo o nnang mo leseding le legolo le go senang ope yo o ka mo atamelang. Ga go na ope yo o kileng a mmona, kgotsa yo o tlaa mmonang. Mo go ene a go nne tlotlo le nonofo e e sa feleng le puso ka metlha le metlha. Amen. (aiōnios )
who only has immortality--dwelling in light inaccessible; whom no man has seen, nor can see: to whom be honor and might everlasting. Amen. (aiōnios )
17 Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela. (aiōn )
Charge the rich in the present world not to be elated in mind, nor to trust in uncertain riches, but in the living God, who confers on us richly all things for enjoyment-- (aiōn )
18 Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng.
to do good, to be rich in lovely works, ready to distribute, communicative,
19 Ka go dira jalo ba tlaa bo ba ipolokela dikhumo kwa legodimong, ke yone fela polokelo ya bosakhutleng! Mme ba tlaa tshela botshelo jwa Sekeresete jo bo nang le maungo mono lefatsheng le kwa legodimong.
providing for themselves a good foundation for hereafter, that they may lay hold on eternal life.
20 Oo, Timotheo, o se ka wa tlhoka go dira dilo tse, tse Modimo o di go neetseng. Ikgaphe mo dikganetsanyong tsa boeleele le mo go ba ba ipelafatsang ka “kitso” ya bone mme seo se supa fa ba sena nayo.
O Timothy, guard the things committed to you in trust, avoiding profane babblings, and oppositions of knowledge, falsely so named:
21 Bangwe ba batho ba, ba latlhegetswe ke selo sa botlhokwa mo botshelong, ga ba itse Modimo. A kutlwelo botlhoko ya Modimo e nne mo go wena.
which some, professing, have erred, with respect to the faith. Favor be with you.