< Timotheo I 5 >

1 O se ka wa gakalela motho yo o godileng, mme o mo kope ka maitseo fela jaaka fa e ka bo e le rrago. Buisa makau fela jaaka bo mogoloo ba o ba ratang thata.
Staršího netresci, ale napomínej jako otce, mladších jako bratří,
2 O tseye basadi ba ba godileng jaaka bommago, le basetsana jaaka bokgaitsadiyo, o akanye megopolo e e itshekileng fela ka bone.
Starých žen jako matek, mladic jako sestr, ve vší čistotě.
3 Phuthego e tshwanetse go tlhokomela ka lorato basadi ba batlholagadi fa ba sena ope yo o ka ba thusang.
Vdovy měj v poctivosti, kteréž pravé vdovy jsou.
4 Mme fa ba na le bana kgotsa ditlogolwana, ba ke bone ba ba tshwanetseng go ba tlhokomela, gonne tshiamo e tshwanetse go simologa kwa lwapeng, go thusa batsadi ba ba tlhokang. Se ke selo se se itumedisang Modimo thata.
Pakli která vdova dítky neb vnuky má, nechažť se učí předně k svému domu pobožnosti dokazovati, a zase rodičům se odplacovati; neboť jest to chvalitebné a vzácné před oblíčejem Božím.
5 Phuthego e tshwanetse go tlhokomela batlholagadi ba ba humanegileng ba bile ba le bosi mo lefatsheng, fa ba lebeletse thuso mo Modimong, ba bile ba senya nako e ntsi mo thapelong;
Kteráž pak právě vdova jest a osamělá, máť naději v Bohu, a trváť na modlitbách a svatých žádostech dnem i nocí.
6 mme e seng fa ba senya nako ya bone mo ditshebong, ba batla dikgatlhego tsa senama, ba onatsa mewa ya bone.
Ale rozkošná, živa jsuci, již umřela.
7 Se e tshwanetse go nna molao wa phuthego ya gago gore Bakeresete ba tle ba itse ba bo ba dire se se molemo.
Protož to přikaž, ať jsou bez úhony.
8 Mme mongwe le mongwe yo o se kitlang a tlhokomela ba gagabo fa ba tlhoka thuso, bogolo thata ba ntlo ya gagwe, ga a na tshwanelo ya go ipitsa Mokeresete. Motho yo o ntseng jalo o maswe go feta moheitane.
Jestliže pak kdo o své, a zvláště o domácí péče nemá, zapřelť víry, a jest horší než nevěřící.
9 Motlholagadi yo o batlang go nna mongwe wa badiri ba phuthego ba ba faphegileng o tshwanetse bogolo a bo a na le dingwaga di le masome a marataro mme a kile a nyalwa gangwe fela.
Vdova buď vyvolena, kteráž by neměla méně šedesáti let, kteráž byla jednoho muže manželka,
10 O tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke mongwe le mongwe ka ntlha ya tshiamo e o e dirileng. A o goditsitse bana ba gagwe sentle? A o ne a le tshiamo mo baeting le mo Bakereseteng ba bangwe? A o ipaakanyeditse go supa tshiamo ya gagwe nako tsotlhe?
O níž by svědectví bylo, že dobré skutky činila, jestliže dítky vychovala, jestliže do domu pocestné přijímala, jestliže svatým nohy umývala, jestliže bídným posluhovala, jestliže každého skutku dobrého pilna byla.
11 Mme batlholagadi ba basha ga ba a tshwanela go nna maloko a setlhopha se se faphegileng se, ka gore, morago ga lobakanyana ba ka tlhokomologa maikano a bone mo go Keresete mme ba nyalwa gape.
Ale mladých vdov nepřijímej; nebo když, nedbajíce na Krista, v chlipnost se vydadí, vdávati se chtějí,
12 Mme ba tlaa bonwa molato ka ntlha ya go senya maikano a bone a ntlha.
Jsouce již hodné potupení, proto že první víru zrušily.
13 Gape, ba ka nna ba nna ditshwakga ba senya nako ya bone mo go tsamayeng ba seba mo malwapeng ka go tlhatlologana, ba tsena mo ditirong tsa batho ba bangwe.
Nýbrž také jsouce i zahálevé, učí se choditi po domích; a netoliko zahálevé, ale i klevetné a všetečné, mluvíce, což nesluší.
14 Jalo ke bona go le botoka gore batlholagadi ba basha ba, ba nyalwe gape ba nne le bana, ba tlhokomele malwapa a bone; mme ga go ope yo o ka ba rayang sepe.
Protož chci, aby se mladší vdávaly, děti rodily, hospodyně byly, a žádné příčiny protivníku nedávaly ku pomlouvání.
15 Gonne ke boifa gore bangwe ba bone ba setse ba kgelogile mo phuthegong mme ba timeditswe ke Satane.
Nebo již se některé uchýlily zpět po satanu.
16 Mmang ke lo gakolole gape gore ba ga gabo motlholagadi ba tshwanetse go mo tlhokomela, a se ka a nna morwalo wa phuthego. Mme phuthego e ka dirisa madi a yone go tlhokomela batlholagadi ba ba bosi ba ba senang kwa ba yang teng.
Protož má-liť kdo věřící neb která věřící vdovy, opatrujž je, a nebuď obtěžována církev, aby těm, kteréž právě vdovy jsou, postačilo.
17 Baruti ba ba dirang tiro ya bone sentle ba tshwanetse go duelwa sentle ebile ba tshwanetse go itumelelwa thata, bogolo thata ba ba dirang thata mo therong le mo thutong.
Předložení, kteříž dobře spravují, dvojí cti hodni jmíni buďte, zvláště ti, kteříž pracují v slovu a v učení.
18 Gonne Dikwalo tsa re, “O se bofe kgomo molomo fa e photha mabele, e lese e je fa entse e tsamaya!” Mme mo gongwe tsa re, “Ba ba dirang ba tshwanelwa ke tuelo ya bone!”
Nebo praví písmo: Volu mlátícímu nezavížeš úst. A hodenť jest dělník své mzdy.
19 O se reetse dingongorego kgatlhanong le moruti fa e se go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo go mo sekisa.
Proti staršímu žaloby nepřijímej, leč pode dvěma neb třmi svědky.
20 Fa tota a leofile, ke gone o tshwanetseng go kgalemelwa fa pele ga phuthego yotlhe gore ope a seka a dira jaaka ene.
Ty pak, kteříž hřeší, přede všemi tresci, aby i jiní bázeň měli.
21 Ke go laya ka tlhoafalo fa pele ga Modimo le Morena Jesu Keresete le baengele ba ba boitshepo gore o dire se le fa moruti e ka bo e le tsala ya gago e e faphegileng kgotsa nnyaa. Botlhe ba tshwanetse go tsholwa ka tekatekanyo.
Osvědčujiť před oblíčejem Božím, a Pána Jezukrista, i vyvolených andělů, abys těchto věcí ostříhal bez přijímání osob, nic nečině podlé náchylnosti.
22 O se ka wa itlhaganelela go tlhopha moruti; e ka re kgotsa wa tlodisa dibe tsa gagwe matlho mme ga lebega e ka re o a di dumelela. Tlhomamisa gore wena ka bowena o kgaogane le dibe.
Nevzkládej rukou rychle na žádného, a neobcuj hříchům cizím. Sebe samého ostříhej v čistotě.
23 (Mme mo ga go reye gore o tlogele go nwa mofine gotlhelele. O tshwanetse go nwa go le gonnye e le molemo wa mala a gago gonne o aga o lwala).
Nepí již více vody, ale vína skrovně užívej, pro svůj žaludek a časté nemoci své.
24 Mme gakologelwa gore banna bangwe, le e leng baruti tota, ba tshela botshelo jo bo leswe ebile mongwe le mongwe o itse ka gona. Mo mabakeng a a ntseng jaana o ka dira sengwe ka gone. Mme mo mabakeng a mangwe ke letsatsi la katlholo fela le le tlaa senolang boammaaruri jo bo boitshegang.
Některých lidí hříchové prvé zjevní jsou, předcházející soud, některých pak i následují.
25 Fela jalo, batho ba itse gore baruti bangwe ba dira bomolemo go le kae, mme nako nngwe ditiro tsa bone tse dintle ga di itsiwe go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.
A takž také i skutkové dobří prvé zjevní jsou. Což pak jest jinak, ukryti se nemůže.

< Timotheo I 5 >