< Timotheo I 2 >

1 Mme dikgakololo tsa me ke tse: Rapele lang ba bangwe thata; ba kopeleng kutlwelo botlhoko ya Modimo; lebogelang tsotlhe tse o tlaa di ba direlang.
Ik vermaan dan voor alle dingen, dat gedaan worden smekingen, gebeden, voorbiddingen, dankzeggingen, voor alle mensen;
2 Ka yone tsela e, rapelelang dikgosi le botlhe ba ba nang le taolo mo go rona kgotsa ba maemo a a kwa godimo, gore re tle re tshele ka kagiso le kutlwano, re dirisa nako ya rona mo botshelong jwa Semodimo mme re akanya go le gontsi ka Morena.
Voor koningen, en allen, die in hoogheid zijn; opdat wij een gerust en stil leven leiden mogen in alle godzaligheid en eerbaarheid.
3 Se, se molemo ebile se itumedisa Modimo Mmoloki wa rona,
Want dat is goed en aangenaam voor God, onzen Zaligmaker;
4 gonne o eleletsa botlhe go bolokwa le go tlhaloganya boammaaruri jo:
Welke wil, dat alle mensen zalig worden, en tot kennis der waarheid komen.
5 gore Modimo o mo ntlheng e nngwe le batho botlhe ba ka fa ntlheng e nngwe, mme Jesu Keresete, yo e leng motho ka sebele, o mo gare ga bone go ba kopanya,
Want er is een God, er is ook een Middelaar Gods en der mensen, de Mens Christus Jezus;
6 ka go naya batho botlhe botshelo jwa gagwe. Se ke molaetsa o Modimo o o neetseng lefatshe ka nako e e tshwanetseng.
Die Zichzelven gegeven heeft tot een rantsoen voor allen, zijnde de getuigenis te zijner tijd;
7 Mme ke tlhophilwe jaaka moruti le morongwa wa Modimo, se ke boammaaruri, gore ke rute Badichaba boammaaruri jo, le go ba supegetsa leano la poloko la Modimo ka tumelo.
Waartoe ik gesteld ben een prediker en apostel (ik zeg de waarheid in Christus, ik lieg niet), een leraar der heidenen, in geloof en waarheid.
8 Jalo ke batla banna gongwe le gongwe go rapela ka mabogo a a itshekileng a tsholeleditswe kwa Modimong, ba golotswe mo sebeng le mo bogaleng le mo kgannyeng.
Ik wil dan, dat de mannen bidden in alle plaatsen, opheffende heilige handen, zonder toorn en twisting.
9 Mme le basadi fela jalo, ba didimetse, ba le botlhale ka go itshwara sentle le ka go apara. Bakeresete ba basadi ba tshwanetse go bonwa ka tshiamo le molemo, e seng ka mokgwa o ba iphorang moriri ka one kgotsa ka ntlha ya dibaga tsa bone kgotsa diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo.
Desgelijks ook, dat de vrouwen, in een eerbaar gewaad, met schaamte en matigheid zichzelven versieren, niet in vlechtingen des haars, of goud, of paarlen, of kostelijke kleding;
Maar (hetwelk de vrouwen betaamt, die de godvruchtigheid belijden) door goede werken.
11 Basadi ba tshwanetse go reetsa mme ba ithuta ka tidimalo le ka boikokobetso.
Een vrouw late zich leren in stilheid, in alle onderdanigheid.
12 Ga ke ise ke ko ke letle basadi go ruta banna kgotsa go ba laola. A ba didimale mo dikopanong tsa diphuthego tsa lona.
Doch ik laat de vrouw niet toe, dat zij lere, noch over den man heerse, maar wil, dat zij in stilheid zij.
13 Ka ntlha ya eng? Ka ntlha ya gore Modimo o dirile Adamo pele, mme morago wa dira Efa.
Want Adam is eerst gemaakt, daarna Eva.
14 Mme ga se Adamo yo o neng a tsiediwa ke Satane, fa e se Efa, mme phelelo ya nna boleo.
En Adam is niet verleid geworden; maar de vrouw, verleid zijnde, is in overtreding geweest.
15 Jalo Modimo wa romela kutlobotlhoko le pogiso mo basading fa bana ba bone ba tsholwa, mme o tlaa boloka mewa ya bone fa ba mo ikanya, ba tshela ba didimetse, ba siame, ba na le matshelo a a itumedisang.
Doch zij zal zalig worden in kinderen te baren, zo zij blijft in het geloof, en liefde, en heiligmaking, met matigheid.

< Timotheo I 2 >