< Timotheo I 1 >

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, morongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Mmoloki wa rona le Jesu Keresete Morena wa rona, yo e leng ene fela tsholofelo ya rona.
Pál, Jézus Krisztus apostola a mi Istenünknek és Jézus Krisztusnak, a mi reménységünknek megbízatása alapján,
2 Lo ya kwa go! Timotheo. Timotheo o ntse jaaka morwaake mo dilong tsa Modimo. A Modimo Rraa rona le Jesu Keresete Morena wa rona a go bontshe tshiamo ya gagwe le kutlwelobotlhoko mme a go neye kagiso e kgolo ya pelo le mogopolo.
Timóteusnak, hitben az én igazi fiamnak: Kegyelem, irgalmasság és békesség Istentől, a mi Atyánktól és Krisztus Jézustól, a mi Urunktól.
3 Jaaka ke buile fa ke ya Masedonia, tswee-tswee nna koo mo Efeso o leke go kganela batho ba ba rutang thuto e e sa siamang. Khutlisa ditlhamane tsa bone, le dinaane tsa bone le mogopolo wa bone wa go bolokwa ka go bona kutlwelo botlhoko ka tlhatlologano ya baengele go fitlha kwa Modimong, megopolo ya sephologolo e e tsosang dipotso le dikganetsanyo boemong jwa go thusa batho go amogela leano la Modimo la tumelo.
Macedóniába menetelemkor kértelek téged, hogy maradj Efezusban, és mondd meg némelyeknek, hogy ne tanítsanak hamisan,
4
ne foglalkozzanak mesékkel és vég nélküli nemzetségtáblázatokkal, amelyek inkább vitákat támasztanak, mint Istenben való épülést hit által.
5 Se ke se tlhwaafaletseng ke gore Bakeresete botlhe koo ba tlale lorato lo lo tswang mo dipelong tse di itshekileng, le gore megopolo ya bone e nne phepa le tumelo ya bone e nonofe.
A parancsolat végcélja pedig a tiszta szívből, jó lelkiismeretből és igaz hitből való szeretet.
6 Mme baruti ba, ba tlhokomologile mogopolo o otlhe, ba bo ba senya nako ya bone mo dikganetsanyong le go bua ka boeleele.
Ezektől némelyek eltértek, és hiábavaló fecsegésre hajlottak,
7 Ba batla go nna baruti ba melao ya ga Moshe ntswa ba sena mogopolo o o tlhomameng wa gore melao eo tota e re supegetsa eng.
akik törvénytanítók akarnak lenni, de nem értik sem amiket beszélnek, sem amiket bizonygatnak.
8 Melao eo e siame fa e dirisiwa jaaka Modimo o ratile.
Tudjuk pedig, hogy a törvény jó, ha valaki a törvénynek megfelelően él vele,
9 Mme ga e a direlwa rona, ba Modimo o re bolokileng; ke ya baleofi ba ba ilang Modimo, ba ba dipelo di tsuololang, ba ba hutsang ba tlhapatsa, ba tlhasela borraabo le bommaabo ba bo ba bolaya batho.
és megérti, hogy a törvény nem az igazért adatott, hanem a törvénytiprókért és engedetlenekért, az istentelenekért és bűnösökért, a gonoszokért, a latrokért, az apa és anyagyilkosért, az emberölőkért,
10 Ee, melao e e diretswe go supa baleofi botlhe ba ba makgapha le ba ba itshekologileng! Ba ba robalanang le banna ba bangwe, bautswi ba batho, baaki le botlhe ba ba dirang dilo tse di kgatlhanong le Mafoko a a Molemo a a galalelang a Modimo wa rona, o ke leng morongwa wa One.
a paráznákért, a fajtalankodókért, emberrablókért, hazugokért, hamisan esküvőkért és mindazért, ami az egészséges tanítással ellenkezik,
amely a boldog Isten evangéliuma, amely rám bízatott.
12 Ke leboga Morena wa rona Keresete jang ka go ntlhopha mongwe wa barongwa ba gagwe, le go nnaya thata ya go nna boikanyo mo go ene,
Hálát adok Jézus Krisztusnak, a mi Urunknak, hogy engem megerősített, hűnek tartott, és szolgálatra rendelt,
13 le fa ke ne ke tle ke tlhapatse leina la ga Keresete. Ke ne ke tsoma batho ba gagwe, ke ba utlwisa botlhoko ka tsela nngwe le nngwe e ke neng ke ka e kgona. Mme Modimo wa nkutlwela botlhoko gonne ke ne ke sa itse se ke neng ke se dira, gonne ke ne ke sa itse Keresete ka nako eo.
bár előbb istenkáromló, üldöző és erőszakos voltam, de könyörült rajtam, mert hitetlenségemben tudatlanul cselekedtem,
14 Oo! Morena wa rona o ne a le pelotlhomogi go le kae, gonne o ntshupegeditse gore ke ka mo ikanya jang le go nna lorato lo lo tletseng lwa ga Jesu Keresete.
de túláradt rajtam a mi Urunknak kegyelme a Krisztus Jézusban való hittel és szeretettel.
15 Kana go boammaaruri jang, ebile ke tlhwaafalela jang gore mongwe le mongwe a bo a itse, gore Jesu Keresete o tletse mo lefatsheng go boloka baleofi, mme ke ne ke le mogolo mo go bone botlhe.
Igaz beszéd ez, és elfogadásra méltó, hogy Krisztus Jézus azért jött a világra, hogy megtartsa a bűnösöket, akik között én vagyok az első.
16 Mme Modimo o nkutlwetse botlhoko gore Jesu Keresete a ntirise jaaka sekao go supegetsa mongwe le mongwe gore o pelotelele go le kae le e leng mo baleofing ba bagolo, gore ba bangwe ba tle ba lemoge gore, le bone, ba ka nna le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
De azért könyörült rajtam, hogy Jézus Krisztus elsősorban bennem mutassa meg vég nélküli türelmét, hogy példaképe legyek azoknak, akik majd hisznek benne, és örök életet nyernek. (aiōnios g166)
17 A kgalalelo le tlotlo di nne go Modimo ka metlha le metlha. Ke kgosi ya dingwagangwaga, e e sa bonweng, e e sa sweng; ene ka esi ke Modimo, ebile o tletse botlhale Amen. (aiōn g165)
Az örökkévaló királynak, a halhatatlan, láthatatlan, egyedül bölcs Istennek tisztesség és dicsőség örökkön-örökké! Ámen. (aiōn g165)
18 Jaanong Timotheo, morwaaka, se ke taolo ya me mo go wena: tlhabana sentle mo dintweng tsa Morena, fela jaaka Morena a re boleletse ka baporofiti ba gagwe gore o tlaa dira.
Arra intelek téged, fiam, Timóteus, hogy a rád vonatkozó korábbi prófétálás értelmében harcold meg a nemes harcot,
19 Ngaparela tumelo ya gago thata mo go Keresete mme ka nako tsotlhe a segakolodi sa gago se nne se le phepa, o dira se o itseng gore se siame. Gonne batho ba bangwe ba tlhokile kutlo mo digakoloding tsa bone, mme ba dira ka bomo tse ba itsileng gore ga di a siama. Ga go hakgamatse gore erile ka bofefo ba latlhegelwa ke tumelo ya bone mo go Keresete ba sena go nyatsa Modimo jalo.
megtartva a hitet és a jó lelkiismeretet, amelyet némelyek elvetettek, és így a hit dolgában hajótörést szenvedtek.
20 Humenaio le Alekesenda ke dikai tse pedi tsa sone se, ke ne ka ba neela Satane go ba otlhaya go fitlhelela ba ithuta go sa tlhabiseng leina la ga Keresete ditlhong.
Ezek közül való Hümenaiosz és Alexandrosz, akiket átadtam a sátánnak, hogy tanulják meg, hogy ne káromolják Istent.

< Timotheo I 1 >