< Bathesalonia I 5 >
1 Mo gotlhe go tlaa diragala leng? Tota ga ke tlhoke go bua sepe kaga gone, bakaulengwe ba ba rategang,
Zvino, hama, kana dziri nguva kana misi hatifaniri kuti tikunyorerei,
2 gonne lo itse sentle gore ga go na ope yo o itseng. Letsatsi leo la Morena le tlaa tla go lebetswe jaaka legodu mo bosigong.
nokuti imi munoziva kwazvo kuti zuva raShe richauya sembavha usiku.
3 E tlaa re fa batho ba re, “Gotlhe go siame, sengwe le sengwe se ritibetse ebile go na le kagiso”, jalo ka tshoganetso tshenyego e kgolo e tlaa ba wela ka bofefo jaaka ditlhabi tsa pelegi tsa mosadi di simolola fa ngwana wa gagwe a tsholwa. Mme batho ba, ga ba kitla ba falola ka gope, ga go kitla go nna le lefelo la go iphitlha.
Vanhu pavanenge vachiti, “Rugare norunyararo,” kuparadzwa kuchasvika pamusoro pavo nokukurumidza, somukadzi ane mimba worwadziwa, uye havangapunyuki.
4 Mme bakaulengwe ba ba rategang, ga lo mo lefifing ka dilo tse, ebile ga lo na go hakgamala jaaka legodu fa letsatsi leo la Morena le tla.
Asi imi, hama, hamusi murima zvokuti zuva iri rikusvikirei sembavha.
5 Gonne lotlhe lo bana ba lesedi le ba motshegare, mme ga lo ba lefifi le ba bosigo.
Imi mose muri vanakomana vechiedza navanakomana vamasikati. Hatizi vousiku kana verima.
6 Jalo itlhokomeleng, lo se robale jaaka ba bangwe. Lebelelang go bowa ga gagwe lo bo lo nne boitekanelo.
Saka zvino, ngatiregei kuita savamwe vavete, asi ngatisvinurei uye tive vanozvidzora.
7 Bosigo ke nako ya go robala le nako e batho ba tagwang ka yone.
Nokuti avo vanovata, vanovata usiku, uye avo vanodhakwa, vanodhakwa usiku.
8 Mme a rona ba re nnang mo leseding re nne boitekanelo re sireleditswe ke thebe ya tumelo le lorato, mme re apare tsholofelo ya boitumelo ya poloko jaaka tlhoro ya itshireletso.
Asi sezvo tiri vamasikati, ngatizvidzorei, takapfeka kutenda norudo sechidzitiro chechipfuva, netariro yoruponeso senguwani.
9 Gonne Modimo ga o a re tlhophela go tshololela bogale jwa One mo go rona, fa e se go re boloka ka Morena wa rona Jesu Keresete.
Nokuti Mwari haana kutisarudza kuti tive vokutsamwirwa asi kuti tigamuchire ruponeso kubudikidza naIshe wedu Jesu Kristu.
10 O re swetse gore re tle re nne nae ka malatsi otlhe, re sule le re tshela ka nako ya fa a bowa.
Akatifira isu kuitira kuti, kunyange takasvinura kana tivete, tigare pamwe chete naye.
11 Ke gone kgothatsanang lo agane, fela jaaka lo setse lo dira.
Naizvozvo kurudziranai uye muvakane, sezvamunoita zvino.
12 Bakaulengwe ba ba rategang, tlotlang bagolwane ba phuthego ya lona ba ba dirang ka natla mo go lona ebile ba lo tlhagisa mo go tsotlhe tse di sa siamang.
Zvino tinokukumbirai, hama, kuti muremekedze avo vanoshanda nesimba pakati penyu, vari pamusoro penyu muna She uye vanokurayirai.
13 Ba tlotleng thata lo bo lo ba neye lorato ka pelo yotlhe gonne ba leka thata go lo thusa. Mme gakologelwang se, go seka ga nna komano mo go lona.
Muvakudze zvikuru murudo nokuda kwebasa ravo. Garai murunyararo nomumwe nomumwe wenyu.
14 Bakaulengwe ba ba rategang, tlhagisang ba ba ditshwakga; gomotsang ba ba tshogileng; pepetletsang ba ba bokoa; lo bo lo nne pelotelele mo go mongwe le mongwe.
Uye tinokukurudzirai, hama, kuti muyambire avo vano usimbe, mukurudzire vanotya, batsirai vasina simba, muite mwoyo murefu kuvanhu vose.
15 Lo bone gore ope a seka a busolosa bosula ka bosula, mme ka malatsi otlhe lo leke go diralana molemo.
Muve nechokwadi kuti kurege kuva nomunhu anodzorera chakaipa nechakaipa, asi edzai kuva nomwoyo munyoro kuno mumwe nomumwe wenyu uye nokuna vose.
16 Itumeleng ka metlha yotlhe.
Farai nguva dzose;
17 Nnang lo rapele ka malatsi otlhe.
rambai muchinyengetera;
18 Lebogang ka malatsi otlhe go sa re sepe gore go diragala eng, gonne mo ke go rata ga Modimo mo go lona ba lo leng ba ga Keresete Jesu.
vongai pazvinhu zvose, nokuti ndiko kuda kwaMwari kwamuri muna Kristu Jesu.
19 Se hupetseng Mowa O O Boitshepo.
Musadzima moto woMweya;
20 Se tshegeng ka tshotlo ba ba porofitang,
musazvidza zviprofita.
21 mme sekasekang sengwe le sengwe se se buiwang gore lo tlhomamise gore se boammaaruri, mme fa se le boammaaruri, se amogeleng.
Edzai zvinhu zvose. Batirirai kune zvakanaka.
22 Ithibeng mo mofuteng mongwe le mongwe wa bosula.
Regai zvakaipa zvose.
23 A Modimo wa kagiso ka sebele o lo ntlafatse gotlhelele; gape a mowa wa lona le pelo ya lona le mebele ya lona e nne e nonofile e sena molato go fitlhelela letsatsi leo le Morena wa rona Jesu Keresete a tlaa tlang ka lone gape.
Mwari pachake, iye Mwari worugare, ngaakuitei vatsvene kwazvo kwazvo. Mweya wenyu wose, nomwoyo uye nomuviri zvichengetwe zvisina mhosva pakuuya kwaIshe wedu Jesu Kristu.
24 Modimo o o go bileditseng go nna ngwana wa One, o tlaa go direla mo gotlhe, fela jaaka o solofeditse.
Iye anokudanai akatendeka uye achazviita.
25 Bakaulengwe ba ba rategang, re rapeleleng.
Hama, tinyengeterereiwo.
26 Ntumedisetsang bakaulengwe botlhe koo ka seatla.
Kwazisai hama dzose nokutsvoda kutsvene.
27 Ke lo laola mo leineng la Morena go balela Bakeresete botlhe lokwalo lo.
Ndinokurayirai pamberi paIshe kuti tsamba iyi iverengerwe hama dzose.
28 Mme a masego a a itekanetseng a a tswang kwa go Morena wa rona Jesu Keresete a nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo.
Nyasha dzaIshe wedu Jesu Kristu ngadzive nemi.