< Bathesalonia I 4 >
1 Mmang ke oketse ka se, bakaulengwe ba ba rategang: Lo setse lo itse go itumedisa Modimo mo botshelong jwa lona jwa malatsi otlhe, gonne lo itse melao e re e lo neetseng e tswa kwa go Morena Jesu ka sebele. Jaanong re a lo kopa, ee, re batla se mo go lona ka leina la Morena Jesu, gore lo tshele lo le gautshwane le one mogopolo oo.
종말로 형제들아 우리가 주 예수 안에서 너희에게 구하고 권면하노니 너희가 마땅히 어떻게 행하며 하나님께 기쁘시게 할 것을 우리에게 받았으니 곧 너희 행하는 바라 더욱 많이 힘쓰라
우리가 주 예수로 말미암아 너희에게 무슨 명령으로 준 것을 너희가 아느니라
3 Gonne Modimo o batla gore lo nne boitshepo le bophepa, le go ikgapha mo sebeng sa boaka gore mongwe le mongwe wa lona a tle a nyale ka boitshepo le ka tlotlo,
하나님의 뜻은 이것이니 너희의 거룩함이라 곧 음란을 버리고
각각 거룩함과 존귀함으로 자기의 아내 취할 줄을 알고
5 e seng mo dikeletsong tsa nama jaaka baheitane ba dira, mo bosenakitsong jwa bone ka Modimo le ditsela tsa one.
하나님을 모르는 이방인과 같이 색욕을 좇지 말고
6 Mme gape le mo ke go rata ga Modimo: gore o seka wa tsietsa mo selong se, ka go tsaya mosadi wa monna yo mongwe, gonne Morena o tlaa go otlhaela go dira jalo ka kwatlhao e e botlhoko, jaaka re lo boleletse pele ka tlhwaafalo.
이 일에 분수를 넘어서 형제를 해하지 말라 이는 우리가 너희에게 미리 말하고 증거한 것과 같이 이 모든 일에 주께서 신원하여 주심이니라
7 Gonne Modimo ga o a re biletsa go nna le megopolo e e maswe le go tlala dikeletso tsa nama, mme o re bileditse go nna boitshepo le bophepa.
하나님이 우리를 부르심은 부정케 하심이 아니요 거룩케 하심이니
8 Fa mongwe a gana go tshela ka fa ditaolong tse, ga se gore o gana ditaolo tsa batho mme o gana tsa Modimo o o lo nayang Mowa O O Boitshepo.
그러므로 저버리는 자는 사람을 저버림이 아니요 너희에게 그의 성령을 주신 하나님을 저버림이니라
9 Mme kaga lorato lwa sekaulengwe lo lo itshe-kileng lo lo tshwanetseng go nna mo bathong ba Modimo, ga ke tlhoke go bua thata, ke a tlhomamisa! Gonne Modimo ka bo One o lo ruta go ratana.
형제 사랑에 관하여는 너희에게 쓸 것이 없음은 너희가 친히 하나님의 가르치심을 받아 서로 사랑함이라
10 Ke a tlhomamisa, fa lorato lwa lona lo setse lo nonofile go tswela kwa bakaulengweng botlhe ba Bakeresete mo chabeng yotlhe ya ga lona. Le fa go ntse jalo, ditsala tse di rategang, re lo kopa go ba rata segolo bogolo.
너희가 온 마게도냐 모든 형제를 대하여 과연 이것을 행하도다 형제들아 권하노니 더 많이 하고
11 Se e tshwanetseng go nna keletso ya lona ke se: go tshela botshelo jo bo ritibetseng, lo beile mogopolo mo go se se amang matshelo a lona lo dira tiro e e leng ya lona ka sebele, jaaka re lo boleletse pele.
또 너희에게 명한 것같이 종용하여 자기 일을 하고 너희 손으로 일하기를 힘쓰라
12 Ka go dira jalo batho ba e seng Bakeresete ba tlaa lo ikanya ba bo ba lo tlotla, mme ga lo kitla lo tlhokana le go baya mo go ope gore a lo fe madi a a lekanyeng go duela melato ya lona.
이는 외인을 대하여 단정히 행하고 또한 아무 궁핍함이 없게 하려 함이라
13 Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, ke batla gore lo itse se se diragalang mo Mokereseteng fa aa swa gore e tle e re fa loso lo tla, lo seka lwa utlwa botlhoko thata, jaaka ba ba se nang tsholofelo.
형제들아 자는 자들에 관하여는 너희가 알지 못함을 우리가 원치 아니하노니 이는 소망 없는 다른 이와 같이 슬퍼하지 않게 하려 함이라
14 Gonne e re ka re dumela gore Jesu o ne a swa a bo a tsoga mo losong gape, re ka dumela gape gore fa Jesu a bowa gape, Modimo o tlaa mmusa le Bakeresete botlhe ba ba suleng.
우리가 예수의 죽었다가 다시 사심을 믿을진대 이와 같이 예수 안에서 자는 자들도 하나님이 저와 함께 데리고 오시리라
15 Ke ka lo bolelela se, se tswa kwa Moreneng ka sebele: Gore rona ba re santseng re tshela, fa Morena a boa ga re kitla re tlhatloga go ya go mo kgatlhantsha pele ga ba ba mo mabitleng a bone.
우리가 주의 말씀으로 너희에게 이것을 말하노니 주 강림하실 때까지 우리 살아 남아 있는 자도 자는 자보다 결단코 앞서지 못하리라
16 Gonne Morena ka sebele o tlaa fologa kwa legodimong ka loshalaba lo logolo le go gowa ga moengele mo go amang mowa le go galaotega ga torompeta ya Modimo. Mme Bakeresete ba ba suleng ba tlaa nna ba ntlha go tlhatloga ba ya go kgatlhantsha Morena.
주께서 호령과 천사장의 소리와 하나님의 나팔로 친히 하늘로 좇아 강림하시리니 그리스도 안에서 죽은 자들이 먼저 일어나고
17 Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go kgatlhantsha Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo.
그 후에 우리 살아 남은 자도 저희와 함께 구름 속으로 끌어올려 공중에서 주를 영접하게 하시리니 그리하여 우리가 항상 주와 함께 있으리라
18 Ke gone gomotsanang lo kgothatsane ka mafoko a.
그러므로 이 여러 말로 서로 위로하라