< Bathesalonia I 3 >
1 Lwa bofelo, erile fa ke sa tlhole ke ka kgona go itshoka, ke ne ka ikaelela go nna nosi mo Athena,
propter quod non sustinentes amplius placuit nobis remanere Athenis solis
2 Ka roma Timotheo, mokaulengwe wa rona le modiri ka rona, morongwa wa Modimo, go lo letela go nonotsha tumelo ya lona, go lo kgothatsa le go lo tshegetsa e se re kgotsa lwa nyema moko ka ntlha ya mathata a lo neng lo feta mo go one. (Mme legale lo itse gore matshwenyego a a ntsengjalo ke bontlha-bongwe jwa leano la Modimo mo go rona Bakeresete.
et misimus Timotheum fratrem nostrum et ministrum Dei in evangelio Christi ad confirmandos vos et exhortandos pro fide vestra
ut nemo moveatur in tribulationibus istis ipsi enim scitis quod in hoc positi sumus
4 Le re santse re na le lona re ne ra lo tlhagisa pele ga nako gore pogiso e tlaa tloga e tla, mme e ne ya tla.)
nam et cum apud vos essemus praedicebamus vobis passuros nos tribulationes sicut et factum est et scitis
5 Jaaka ke boletse, erile ke retelelwa ke go itshoka, ka roma Timotheo go tla go bona gore a tumelo ya lona e santse e nonofile. Ke ne ke boifa gore kgotsa Satane o setse a lo raetse le gore tiro ya rona e setse e le lefela.
propterea et ego amplius non sustinens misi ad cognoscendam fidem vestram ne forte temptaverit vos is qui temptat et inanis fiat labor noster
6 Mme jaanong Timotheo o setse a boile mme o tsile ka dikgang tse di monate tse di reng tumelo ya lona le lorato di santse di nonofile fela jaaka gale, le gore lo gakologelwa loeto lwa rona ka boitumelo le gore lo batla go re bona fela thata jaaka le rona re batla go lo bona.
nunc autem veniente Timotheo ad nos a vobis et adnuntiante nobis fidem et caritatem vestram et quia memoriam nostri habetis bonam semper desiderantes nos videre sicut nos quoque vos
7 Jalo re gomotsegile thata, bakaulengwe ba ba rategang, mo matshwenyegong otlhe a a re pitlaganyeditseng le mo pogisegong kwano, mme e re ka re itse gore lo eme ka boammaaruri mo Moreneng,
ideo consolati sumus fratres in vobis in omni necessitate et tribulatione nostra per vestram fidem
8 re ka itshokela sengwe le sengwe fela fa re itse gore lo eme ka nonofo mo go ene.
quoniam nunc vivimus si vos statis in Domino
9 Re ka leboga Modimo thata jang kaga lona le kaga boitumelo le lorato lo lo lo re neileng ka ntlha ya go lo rapelela?
quam enim gratiarum actionem possumus Deo retribuere pro vobis in omni gaudio quo gaudemus propter vos ante Deum nostrum
10 Gonne bosigo le motshegare re tswelela ka go lo rapelela, re kopa Modimo gore o re kopanye le lona gape, go kaba diphatlha dingwe tse dinnye tse di ka neng di santse di le mo tumelong ya lona.
nocte et die abundantius orantes ut videamus faciem vestram et conpleamus ea quae desunt fidei vestrae
11 A Modimo Rara wa rona ka sebele le Morena wa rona Jesu ba re rome gape kwa go lona.
ipse autem Deus et Pater noster et Dominus Iesus dirigat viam nostram ad vos
12 Gape a Morena a dire lorato lwa lona gore lo gole lo bo lo penologele mo go mongwe le mongwe, fela jaaka lorato lwa rona lo penologela kwa go lona.
vos autem Dominus multiplicet et abundare faciat caritatem in invicem et in omnes quemadmodum et nos in vobis
13 Mo go tlaa dira gore dipelo tsa lona di nonotshiwe, di tlhoke boleo di bo di itshepisiwe ke Modimo Rraa rona, gore lo tle lo eme fa pele ga one mo letsatsing leo lo sena molato fa Morena wa rona Jesu Keresete a bowa le botlhe bao ba e leng ba gagwe.
ad confirmanda corda vestra sine querella in sanctitate ante Deum et Patrem nostrum in adventu Domini nostri Iesu cum omnibus sanctis eius amen