< Bathesalonia I 2 >
1 Lona ka sebele lo a itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore loeto loo lo ne lwa nna lwa botlhokwa jang.
For selv vet I, brødre, om den inngang vi fikk hos eder, at den ikke er blitt uten frukt;
2 Lo itse gore re ne ra sotlwa jang kwa Filipi pele ga re tla kwa go lona, le gore re bogile go le kae teng. Le fa go ntse jalo Modimo o ne wa re naya kgothatso go boelela molaetsa o mo go lona ka bopelokgale, le fa re ne re dikaganyeditswe ke baba.
men enda vi forut hadde lidt og var blitt mishandlet i Filippi, som I vet, fikk vi dog frimodighet i vår Gud til å tale Guds evangelium til eder under megen strid.
3 Jalo lo ka bona gore re ne re sa rere ka maikutlo ape a tsietso kgotsa maikaelelo ape a a bosula mo megopolong ya rona; re ne re tlhamaletse gape re le boammaaruri.
For vår forkynnelse kommer ikke av villfarelse eller av urenhet eller med svik;
4 Gonne re bua re le barongwa ba ba tswang kwa Modimong, re ikantswe ke One go bolela boammaaruri; ga re fetole molaetsa wa One ka gope go kgatlha batho ba ba o utlwang; gonne re direla Modimo ka osi, o o tlhatlhobang dikakanyo tse di boteng tsa dipelo tsa rona.
men likesom vi av Gud er aktet verdige til at evangeliet blev oss betrodd, således taler vi, ikke som de som vil tekkes mennesker, men Gud, som prøver våre hjerter.
5 Le fa e le gangwe fela ga re ise re ke re leke go lo gapa ka mafoko a a borethe, jaaka lo itse sentle, le Modimo o itse gore re ne re sa itire ditsala tsa lona gore lo tle lo re neye madi!
For hverken kom vi nogensinne med smigrende ord, som I vet, eller med skalkeskjul for havesyke, Gud er vårt vidne,
6 Fa e le kaga kgalaletso, ga re ise re ke re e kope mo go lona kgotsa mo go ope, legale ka re le baaposetoloi ba ga Keresete, re ne re na le tshwanelo ya gore lo re neye tlotlo.
heller ikke søkte vi ære av mennesker, hverken av eder eller av andre, enda vi hadde kunnet kreve ære som Kristi apostler;
7 Mme re ne re siame mo go lona jaaka mmabana a otla bana ba gagwe ebile a ba tlhokomela.
men vi var milde iblandt eder: likesom en mor varmer sine barn ved sitt bryst,
8 Re ne ra lo rata thata thata, mo e leng gore ga re a ka ra lo naya molaetsa wa Modimo fela, mme re lo neile le one matshelo a rona tota.
således vilde vi gjerne i inderlig kjærlighet til eder gi eder ikke bare Guds evangelium, men og vårt eget liv, fordi I var blitt oss kjære.
9 A ga lo gakologelwe, bakaulengwe ba ba rategang, ka fa re dirileng ka teng ka bonatla mo go lona? Bosigo le motshegare re ne re fufulela go bona se se lekaneng gore tshedisa gore ditshenyegelo tsa rona di se ka tsa nna mokgweleo mo go ope wa lona, jaaka re rerile Mafoko a a Molemo a Modimo mo go lona.
I minnes jo, brødre, vårt strev og vår møie: under arbeid natt og dag, for ikke å falle nogen av eder til byrde, forkynte vi Guds evangelium for eder.
10 Lona ka sebele lo basupi ba rona, jaaka Modimo le one e le mosupi, gore re ntse re siame re ikanyega ebile re se na molato mo go mongwe le mongwe wa lona.
I er vidner, og Gud med, hvor hellig og rettferdig og ulastelig vi ferdedes iblandt eder, I troende,
11 Re buile le lona jaaka rabana a buisanya le bana ba gagwe, a ga lo gakologelwe? Re lo kopa, re lo kgothatsa ebile re batla
likesom I vet hvorledes vi formante hver og en av eder, som en far sine barn, og la eder på hjerte
12 gore matshelo a lona a malatsi otlhe a seka a tlhabisa Modimo ditlhong, mme a lere boitumelo mo go One o o lo laleditseng mo bogosing jwa One go nna le seabe mo kgalalelong ya One.
og bad eder inderlig å vandre verdig for Gud, som har kalt eder til sitt rike og sin herlighet.
13 Mme ga re kitla re khutlisa go leboga Modimo kaga se: gore erile fa re lo rerela, ga lo ise lo ke lo tseye gore mafoko a re neng re a bua e ne e kane e le a rona fela, mme lo ne lwa amogela se re neng re se bua e le Lefoko la Modimo tota, le tota e neng e le lone, mme le ne la fetola matshelo a lona fa lo le dumela.
Og derfor takker også vi Gud uavlatelig for at da I fikk det Guds ord vi forkynte, tok I imot det, ikke som et menneske-ord, men, som det i sannhet er, som et Guds ord, som og viser sig virksomt i eder som tror.
14 Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, lo bogile se diphuthego mo Judea di se bogileng, lo bogisiwa ke ba ga lona, fela jaaka ba ne ba bogisiwa ke ba ga bone ebong Bajuta.
For I, brødre, er blitt efterfølgere av de Guds menigheter som er i Kristus Jesus i Judea, idet og I har lidt det samme av eders egne landsmenn som de har lidt av jødene,
15 Erile ba sena go bolaya baporofiti ba bone, ba ne ba bolaya le ene Morena Jesu; mme jaanong ba re bogisitse setlhogo thata ba bo ba re leleka. Ba kgatlhanong le Modimo le botlhe
som og slo den Herre Jesus og profetene ihjel og forfulgte oss og ikke tekkes Gud og står alle mennesker imot,
16 ba leka go re kganela gore re seka ra rerela Badichaba. Ba tlhabana ka ntlha ya go boifa gore e ka re kgotsa bangwe ba bolokwa; mme jalo dibe tsa bone di tswelela ka go gola. Mme lwa bofelo bogale jwa Modimo bo tsile mo go bone.
idet de hindrer oss fra å tale til hedningene, så de kan bli frelst, forat de alltid må fylle sine synders mål. Dog, vreden har endelig nådd dem!
17 Bakaulengwe ba ba rategang, fa re sena go kgaogana le lona lobakanyana ntswa dipelo tsa rona di ise di ke di lo tlogele, re ne ra leka thata go boela kwa go lona go lo bona gape.
Men da vi, brødre, hadde vært skilt fra eder en kort stund, med vårt åsyn, ikke med hjertet, gjorde vi oss i vår store lengsel så meget mere umak for å få se eders åsyn,
18 Re ne re rata go tla, mme nna Paulo, ke lekile gangwe le gape, mme Satane a re kganela.
fordi vi gjerne vilde komme til eder - jeg, Paulus, både én gang og to ganger - men Satan hindret oss.
19 Gonne re tshelela eng, se se re nayang tsholofelo le boitumelo ebile e le tuelo le serwalo se re ikgantshang ka sone? Ke lona! Ee, lo tlaa re leretse boitumelo jo bogolo fa re ema mmogo fa pele ga Morena Jesu Keresete fa a tla gape.
For hvem er vel vårt håp eller vår glede eller vår hederskrans? er ikke også I det for vår Herre Jesu åsyn ved hans komme?
20 Gonne lo kgalalelo ya rona le boitumelo.
I er jo vår ære og vår glede.