< Bathesalonia I 1 >
1 Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo le Silase le Timotheo. Lo kwalelwa: Phuthego e e kwa Thesalonia, lona ba lo leng ba Modimo Rara le Morena Jesu Keresete: a tshegofatso le kagiso ya pelo e nne dineo tsa lona tse di itekanetseng di tswa kwa Modimong Rraa rona, le kwa go Jesu Keresete Morena wa rona.
Pavel a Silván a Timoteus církvi Tessalonicenských v Bohu Otci a Pánu Ježíši Kristu: Milost vám a pokoj od Boha Otce našeho a Pána Jezukrista.
2 Ka malatsi otlhe re leboga Modimo ka lona re ntse re lo rapelela ka metlha yotlhe.
Díky činíme Bohu vždycky ze všech vás, zmínku činíce o vás na modlitbách svých.
3 Ga re ke re lebala ditiro tsa lona tsa lorato fa re ntse re bua le Modimo wa rona le Rara kaga lona, le kaga tumelo ya lona e e nonofileng le ka go lebelela ka tshisibalo go bonala ga Morena wa rona Jesu Keresete.
Bez přestání pamatujíce na skutek víry vaší a na práci lásky, a na trpělivost naděje Pána našeho Jezukrista, před Bohem a Otcem naším,
4 Re a itse gore Modimo o lo tlhophile, bakaulengwe ba ba rategang thata mo Modimong.
Vědouce, bratří Bohu milí, o vyvolení vašem.
5 Gonne erile fa re lo leretse Mafoko a a molemo, e ne e se gore ke puo fela e e senang molemo mo go lona; nnyaa, lo ne lwa reetsa ka kgatlhego e kgolo. Se re se lo boleletseng se ne sa ungwa loungo lo lo nonofileng mo go lona, gonne Mowa O O Boitshepo o ne wa lo naya tlhomamiso e kgolo gore se re se buileng e ne e le boammaaruri. Ebile lo itse ka fa one matshelo a rona a neng a le sesupo mo go lona sa boammaaruri jwa molaetsa wa rona ka teng.
Nebo evangelium naše k vám nezáleželo toliko v slovu, ale i v moci, i v Duchu svatém, a v jistotě mnohé, jakož víte, jací jsme byli mezi vámi pro vás.
6 Jalo lwa nna balatedi ba rona le ba Morena; gonne lo amogetse molaetsa wa rona ka boitumelo jo bo tswang mo Moweng O O Boitshepo mo godimo ga meleko le dikutlo botlhoko tse o di lo lereditseng.
A vy následovníci naši i Páně učiněni jste, přijavše slovo ve mnohé úzkosti, s radostí Ducha svatého,
7 Mme lona ka sebele lwa nna sekao mo Bakereseteng ba bangwe botlhe mo Masedonia le mo Akaia.
Tak že jste učiněni příklad všem věřícím v Macedonii a v Achaii.
8 Mme jaanong lefoko la Morena le dule mo go lona la anamela kwa ntle kwa go ba bangwe gongwe le gongwe, kgakala go feta melelwane ya Masedonia le Akaia, gonne gongwe le gonwe kwa re yang teng re fitlhela batho ba re bolelela kaga tumelo ya lona e e sa belaesegeng mo Modimong. Ga go tlhokege gore re ba bolelele ka yone,
Nebo od vás rozhlásilo se slovo Páně netoliko v Macedonii a v Achaii, ale i na všelikém místě víra vaše, kteráž jest v Boha, roznesla se, tak že nepotřebí nám o tom nic mluviti.
9 gonne ba re bolelela gangwe le gape kaga kamogelo e e hakgamatsang e ntle e lo re amogetseng ka yone, le ka fa lo furaletseng medimo ya disetwa ka teng lo boela mo Modimong gore jaanong Modimo o o tshelang o o boammaaruri ke one Morena wa lona.
Oniť zajisté sami o nás vypravují, jaký byl příchod náš k vám, a kterak jste se obrátili k Bohu od modl, abyste sloužili Bohu živému a pravému,
10 Gape ba bua ka fa lo lebeletseng ka teng go bowa ga Morwa Modimo a tswa legodimong, ebong Jesu, yo Modimo o neng wa mo tsosa mo baswing, ebile ke ene fela Mmoloki wa rona mo bogaleng jwa Modimo jo bo boitshegang kgatlhanong le sebe.
A očekávali Syna jeho s nebe, kteréhož vzkřísil z mrtvých, totiž Ježíše, kterýž vysvobodil nás od hněvu budoucího.