< Petere I 1 >

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go: Petere, mo rongwa wa ga Jesu Keresete. A kwalela: Bakeresete ba Bajuta ba ba lelekilweng mo Jerusalema mme ba falalela mo Pontose, Galalea, Kapadosia, Ausia, le Bethania.
Pita, Manzo Yesu Kristi, hi ni bi tsri wawu'u, ni wa ba chu ba ni-gbu Pontus, Galashiya, Kappodosiya, Ashiya ni Bitiniya.
2 Ditsala tse di rategang, Modimo Rara o lo tlhophile bogologolo e bile o itsile gore lo tlaa nna bana ba one. Mme Mowa o o Boitshepo o ntse o dira mo dipelong tsa lona, o lo tlhatswa ka madi a ga Jesu Keresete go lo dira gore lo mo itumedise. A Modimo o lo segofatse thata mme o lo okeletse kgololesego mo tlalelong yotlhe le poifo.
A hi tie u Irji - Tietie wa'a toh ko shishi'a, nda tie ndu ni Ruhuma u wo tre mba u iyi Yesu Kristi wa'a ka-vra. Ndu Zizih hu'yi, u'si suron mbi ndu babrahn.
3 A tlotlo yotlhe e nne mo Modimong, Modimo Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete: gonne ke kutlwelo-botlhoko ya gagwe ya kgololesego e e re neileng tshwanelo e e faphegileng ya go tsalwa sesha; gore jaanong re bo re le maloko mo lwapeng lwa Modimo. Jaanong re tshela mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gore Keresete o tsogile gape mo baswing.
Irji ni'tti Bachi mbu ndu kpa gbre-san. Ni Khikle llo suron ma, a nnota ingrji să ma ni yo suron ni tashimme Yesu Kristi.
4 Mme Modimo o beetse bana ba one mpho e e sa rekweng ya botshelo jo bo sa khutleng; lo e beetswe kwa legodimong, mpho e e itshekileng ebile e sa leswafala, e e sa fetogeng ebile e sa bole.
Gado yi a wa ana gla na, ana tie memme na, nda na khle na. Ba mlau zi ni yiwu ni shulu.
5 Mme Modimo, mo nonofong ya one e kgolo, o tlaa tlhomamisa gore lo tsene koo lo babalesegile go e amogela, ka gonne lo a o ikanya. E tlaa nna ya lona mo letsatsing leo la bofelo gore lo e bone lotlhe.
Irji hrawu ni gbengble ma ni'wa wu nyime ni kpa chuwo wa ba tsoro ni'nton bi khle.
6 Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano.
Bi ngiri kpukpo me ni wu, duk ni wa a mla bi, na he wiye me nitu gbugbu ya-a.
7 Diteko tse ke go leka tumelo ya lona fela, go bona gore a e nonofile ebile e itshekile kgotsa nnyaa. E lekwa jaaka molelo o leka gauta o bo o e tlhatswa, mme tumelo ya lona e botlhokwa thata mo Modimong go gaisa gauta; jalo fa tumelo ya lona e sala e nonofile e sena go lekwa ka molelo, e tlaa lo tlisetsa pako le kgalalelo le tlotlo mo letsatsing la go bowa go gagwe.
Iwayi tsro suron kpa nyime mbi, a bi zan zinariya wa ani tie meme'a, ko ba goun ni llu. A tie to'mba dun suron'mbi dun fe gbire-san, daraja mba nzu suron ivi wa ba tsuro Yesu Kristi'a.
8 Lo a mo rata ntswa lo ise lo ke lo mmone; le fa lo sa mmone, lo a mo ikanya; mme jaanong lo itumela ka boitumelo jo bo bonalang bo tswa legodimong ka bo lone.
Bi rihen towu, u bi sonwu. Bina towu zizan na, u bi kpa nyime niwu ndi ngiri wa'a zan wa bana tre-e na.
9 Mme tuelo ya lona ya go mo ikanya e tlaa nna poloko ya mewa ya lona.
Bi ki kpa ɖï mbi zizahn yi wa'ahe nitu yo'suron mbi, wa ani kpa yi chuwo.
10 Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng?
Ni tu chu'chuwo mbi'a, Anabawa ba bă hla tre alheri wa ani ye ni yi'a, ba frowa nda froya sren-me,
11 Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.
Ba wá ba toh ka ba nha u ntoh wa Ruhu Kristi nimi mba sia tre ni ba-a. U wayi asi ti ka wa asi hla ni bawu nitu iya u Kristi ni kikkle kpi wa ba ye ni gohn.
12 Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone.
Ba nhara-a bawu ndi bana ki ti ndu'a u mba na, amma bi yi, wa ba tre nitu kpi wa ba hla yiwu'a ni nyu biwa ba bla tre Irji ni yiwu ni zo Ruhu Irji wa a rji shu'a - ikpi wa Malaiku ba wa to'a.
13 Jaanong lo ka lebelela ka tlhoafalo le tlhalefo ya tshiamo ya Modimo fa Keresete Jesu a bowa.
U bi ka lo suron mbi nji. Sohn nchen meh. Yo suron nitu Aleri wa ba njiye ni yiwu ni ntoh wa ba bwu ni yiwu Yesu Kristi.
14 Utlwang Modimo gonne lo bana ba One; se boeleng gape mo mekgweng ya lona ya bogologolo, lo dira bosula ka go bo lo ne lo sa itse tshiamo.
Na immri bi woh-tre, na yo tu-mbi ti kpe wa bi si ta ti ni ntoh wa bina toh Irji na.
15 Mme nnang boitshepo jaanong mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, fela jaaka Morena yo o lo bileditseng go nna bana ba gagwe a le Boitshepo.
Na wawu wa a yo yi son ni nkinklah suron, biyi ngameh ban nkinklah suron'a ni-ti-mbi.
16 Ene ka boene o rile, “Lo tshwanetse go nna Boitshepo, gonne ke Boitshepo.”
Ba nha ndi, son ni nkinklah suron, u Me ngameh mi he ni nkinklah suron.
17 Mme gakologelwang gore Rraeno yo o kwa legodimong yo lo mo rapelang ga a na ba o ba ratang thata go gaisa ba bangwe fa a atlhola. O tlaa lo atlhola ka katlholo e e siametseng sengwe le sengwe se lo se dirang; jalo dirang ka poifo e e masisi mo go ene go tloga gompieno go fitlhelela lo tsena kwa legodimong.
U to bi yo “iti” wawu yi ni yi sheriya ni ko-nha nda na ya shishi njo na, njiu mgbamgbah ni zren meh.
18 Modimo o duetse thekololo go lo boloka mo tseleng e e thata go ya legodimong e borraeno ba lekileng go e tsaya, mme thekololo e o e duetseng e ne e se gauta kgotsa selefera, jaaka lo itse sentle.
Bi to ndi ana ni silva ko gold wa ani gla mba A kpa yi chuwo rji ni memme ti nkprah wa bi vu-rji ni ba ti-mbi na.
19 Mme o lo duetse ka madi a botlhokwa a botshelo a ga Keresete, yo o senang boleo, Kwana ya Modimo e e senang selabe.
Naki, A kpa yi chuwo ni iyi u Kristi, wa-a na he ni lla-tre mpempe meh na.
20 Modimo o mo tlhophile ka maikaelelo a bogologolo pele ga tshimologo ya lefatshe, mme o senotswe mo lobakanyaneng lo lo fetileng, mo malatsing ano a bofelo, e le tshegofatso mo go lona.
Irji chu Kristi rji ni memmle wa-a yo nchi u ti mgbumgblu'a, u a bwu ni yiwu ni ntoh bi wa ba kle yi.
21 Ka ntlha ya se, go ikanya ga lona go ka nna mo Modimong o o tsositseng Keresete mo baswing wa bo wa mo naya kgalalelo e kgolo. Jaanong tumelo ya lona le tshegofatso di ka nna mo go ene a le nosi.
Wawu yi bwu nkoh u kpa Irji ni tawu, wa A nzuw rji nimi biwa ba kyu u nda nu ruron u chu, nitu kii yo suron mbi ni he tu-nkoh Irji.
22 Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe.
Bi kpa suron mbi du kpan nitu bi wo tre njanji'a. Wayi he nitu son u njanji u mmri vayi; bi ka son kpa-mbi rji nimi suron mbi.
23 Gonne lo na le botshelo jo bosha. Ga lo a bo newa ke batsadi ba lona, gonne botshelo jo ba neng ba lo bo neile bo tlaa nyelela. Jo bosha jo bo tlaa nna ka bosakhutleng. (aiōn g165)
Ba ngrji yi ngari, ana rji ni bi wa-ani ti memme na, a rji ni bi wa-ana ti memme na, ni kii bi kpa vri mba imbru tre Irji'a. (aiōn g165)
24 Ee, botshelo jwa rona jwa tlholego bo tlaa nyelela jaaka bojang fa bo nna bosetlha bo omelela. Bogolo jwa rona jotlhe bo tshwana le sethunya se se kgolegang se bo se wela fa fatshe;
U “ikpa yi he na giga, ibi ngame he na u flawa u giga. Giga ba ba kyu, u flawa ba kuhle,
25 mme Lefoko la Morena le tlaa nna ka bosakhutleng. Le molaetsa wa gagwe ke Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng. (aiōn g165)
U tre Irji na kle na. Wayi ahi tre njanji wa ba hla ni yiwu. (aiōn g165)

< Petere I 1 >