< Petere I 5 >

1 Mme jaanong, ke laya lona bagolwane ba phuthego. Le nna, ke mogolwane; ka matlho a me ke bonye Keresete a a swa mo mokgorong; le nna, ke tlaa tlhakanela kgalalelo le Tlotlo ya gagwe fa a bowa. Bagolwane ka nna, se ke kopo ya me mo go lona:
Noolwekyo mbulirira abakadde abali mu mmwe nze mukadde munnammwe, omujulirwa w’okubonaabona kwa Kristo, era agabanira awamu ekitiibwa ekigenda okubikkulirwa.
2 otlang letsomane la Modimo; le tlhokomeleng, e seng ka go patika; e seng ka tsholofelo ya go tsaya sepe mo go lone, mme e leng ka ntlha ya gore lo tlhagafaletse go direla Morena.
Mulundenga ekisibo kya Katonda ekiri mu mmwe, mukiriisenga nga mukirabirira n’okwagala so si na kwemulugunya, nga mukolerera amagoba ag’obukuusa wabula olw’okujjumbira Katonda.
3 Lo se nne badipa, mme lo ba goge ka go nna sekao se se siameng.
Be mukulembera temubakambuwaliranga wabula mubakulemberenga nga mubalaga ekyokulabirako ekirungi.
4 Mme e tlaa re fa Modisa yo Mogolo a tla, tuelo ya lona e tlaa nna seabe se se senang bokhutlo mo kgalalelong le mo tlotlong ya gagwe.
Era Omusumba Omukulu bw’alikomawo, muliweebwa engule ey’ekitiibwa ekitaliggwaawo.
5 Lona makawana, lo nne kutlo mo go ba bagolwane. Mme lotlhe lo direlane ka mewa e e kokobetseng, gonne Modimo o naya ba ba ikokobetsang masego a a faphegileng, mme o tlhabana le ba ba ikgogomosang.
Mmwe abavubuka, mugonderenga abakulu. Muweerezeganenga mwekka na mwekka n’obuwombeefu kubanga “Katonda akyawa ab’amalala naye abawombeefu abawa omukisa.”
6 Fa lo ikokobetsa fa tlase ga seatla se segolo sa Modimo, mo lobakeng lwa One lo lo siameng o tlaa lo tsholetsa.
Noolwekyo mwewombeeke wansi w’omukono gwa Katonda ogw’amaanyi, naye alibagulumiza ng’obudde butuuse.
7 Mo letleng go tsaya dingongorego tsotlhe tsa lona le dipabalelo, gonne o lo akanyetsa ka metlha yotlhe o bile o lebeletse sengwe le sengwe se se lo amang.
Mumutwalirenga byonna bye mweraliikirira kubanga abalumirwa era afaayo ku buli ekibatuukako.
8 Itlhokomeleng, lo lebeleleng ditlhaselo tse di tswang kwa go Satane, mmaba, wa lona yo mogolo. O potologa jaaka tau e e dumang e e bolailweng ke tlala, o batla mongwe go mo gagolaka.
Mutunulenga, mwekuume omulabe wammwe Setaani, atambulatambula ng’empologoma enjala gy’eruma egenda ng’ewuluguma ng’enoonya gw’eneerya.
9 Nitamang fa a tlhasela. Ikanyeng Morena; lo bo lo gakologelwe gore Bakeresete ba bangwe mo tikologong ya lefatshe le bone ba raletse dipogiso tse.
Mumwaŋŋange ng’abalumbye, nga mwesiga Mukama, era mujjukire nti ebibonoobono ebiri ng’ebyo bituuka ne ku bakkiriza abalala mu nsi yonna.
10 Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa rona yo o tletseng bopelo-tlhomogi ka Keresete, o tlaa lo naya kgalalelo ya One e e sa khutleng. One ka boone o tlaa lo tsholetsa, mme o lo tlise, o lo thatafatse go gaisa ka metlha. (aiōnios g166)
Bwe mulibonaabonera akaseera, Katonda waffe atukwatirwa ekisa ng’ayita mu Kristo, alibawa ekitiibwa kye ekitaliggwaawo. Alibakomyawo, alibazzaamu amaanyi, alibawanirira era alibanyweza. (aiōnios g166)
11 Mo go One a go nne nonofo mo dilong tsotlhe, ka metlha. Amen. (aiōn g165)
Ekitiibwa n’amaanyi bibeerenga gy’ali emirembe n’emirembe. Amiina. (aiōn g165)
12 Ke lo romelela lokwalo lo lo khutshwane lo ka bopelonomi jwa ga Silefano yo, mo mogopolong wa me, e leng mokaulengwe yo o ikanyegang thata. Ke solofela gore ke lo kgothaditse ka lokwalo lo gonne ke lo neile bosupi jwa boammaaruri ka fa Modimo o segofatsang ka teng. Se ke se lo boleletseng fa se tshwanetse go lo thusa go nitama mo loratong lwa One.
Ebbaluwa eno nzija kugikwasa Sirwano, gwe mmanyi nga waaluganda mwesigwa ddala, agibaleetere. Nsuubira nga mbazizzaamu amaanyi mu bbaluwa eno, era nga mbalaze engeri Katonda gy’agabamu ekisa kye ekingi. Ebyo bye mbategeezezza bibayambe okunywerera mu kwagala kwe.
13 Phuthego e e mono Roma, ke mokaulengwe wa lona mo Moreneng, e a lo dumedisa; le morwaake Mareko.
Balonde bannammwe mu kkanisa y’e Babulooni, babalamusizza. Ne mutabani wange Makko naye abalamusizza.
14 Dumedisanang ka mabogo go supa lorato lwa Sekeresete. A kagiso e nne le lona lotlhe ba lo mo go Keresete. Ke nna, Petere
Mulamusagane n’okwagala okw’Ekikristaayo. Emirembe gibeerenga mu mmwe mwenna abali mu Kristo.

< Petere I 5 >