< Petere I 4 >
1 E re ka Keresete a bogile a bile a utlwisitswe botlhoko, le lona lo tshwanetse go boga fela jaaka a bogile; lo tshwanetse go ipaakanyetsa go boga, le lona. Mme ke gone gakologelwang gore fa mebele ya lona e boga, sebe se latlhegelwa ke nonofo ya sone.
Ainsi donc, puisque Christ a souffert pour nous dans la chair, armez-vous aussi du même esprit; car celui qui a souffert dans la chair a cessé de pécher,
2 Mme ga lo kitla lo senya lobaka lwa lona ka go tsamaya mo dithatong tse di bosula, mme lo tlaa tlhwaafalela go dira go rata ga Modimo.
afin que vous ne viviez plus le reste de votre temps dans la chair selon les convoitises des hommes, mais selon la volonté de Dieu.
3 Ka lobaka lo lo fetileng lo dirile dilo tse di bosula tse batho ba ba sa itseng Modimo ba di itumelelang ebong, boaka, dithato tsa nama, go nwa bojalwa, mediro ya boitaolo, botlhapelwa, le kobamelo ya medimo ya disetwa, le dibe tse dingwe tse di maswe.
Car nous avons assez passé notre temps à satisfaire les désirs des païens, et à marcher dans l'impudicité, les convoitises, les ivrogneries, les orgies, les carrousels, et les idolâtries abominables.
4 Ee, ditsala tsa lona tsa pele di tlaa hakgamala thata fa lo sa tlhole lo tlhakana le bone mo dilong tse di bosula tse ba di dirang, mme ba tlaa lo tshega ka tshotlo ba bo ba lo nyatsa.
Ils trouvent étrange que vous ne couriez pas avec eux dans les mêmes excès d'émeute, et ils parlent mal de vous.
5 Mme gakologelwang gore, ba tshwanetse go lebagana le moatlhodi wa botlhe, batshedi le baswi; ba tlaa otlhaelwa tsela e ba tshedileng ka yone.
Ils rendront compte à celui qui est prêt à juger les vivants et les morts.
6 Ke gone ka moo Mafoko a a Molemo a reretsweng le e leng bone ba ba suleng, ba ba bolailweng ke morwalela, gore le fa mebele ya bone e otlhailwe ka loso, ba bo ba ka nna ba tshela mo meweng ya bone jaaka Modimo o tshela.
Car c'est dans ce but que la Bonne Nouvelle a été annoncée même aux morts, afin qu'ils soient jugés comme des hommes dans la chair, mais qu'ils vivent comme devant Dieu dans l'esprit.
7 Bokhutlo jwa lefatshe bo e tla ka bonako. Jalo nnang batho ba ba tlhwaafetseng ba ba rapelang.
Mais la fin de toutes choses est proche. C'est pourquoi, soyez sains d'esprit, maîtres de vous-mêmes, et sobres dans la prière.
8 Mo godimo ga tsone tsotlhe, tswelelang mo go supeng lorato lo logolo mo go ba bangwe, gonne lorato lo bipa melato e mentsi ya lona.
Et surtout, soyez sérieux dans votre amour entre vous, car l'amour couvre une multitude de péchés.
9 Itumeleleng go nna mo malapeng a lona le ba ba tlhokang dijo kgotsa marobalo.
Soyez accueillants les uns envers les autres, sans vous plaindre.
10 Modimo o neile mongwe le mongwe wa lona dinonofo tse di faphegileng; tlhomamisang go di dirisa go thusa ba bangwe, lo bolelela ba bangwe masego a Modimo a mantsi.
Comme chacun a reçu un don, employez-vous à vous servir les uns les autres, comme de bons gestionnaires de la grâce de Dieu sous ses diverses formes.
11 A o bileditswe go rera? Jalo rera fela jaaka ekete Modimo o ne a bua ka wena. A o bileditswe go thusa ba bangwe? Go dire ka thata yotlhe le nonofo e Modimo o e go nayang, gore Modimo o tle o galalediwe ka Jesu Keresete; a go nne kgalalelo kwa go ene ka metlha le metlha, Amen. (aiōn )
Si quelqu'un parle, que ce soit comme si c'était les paroles mêmes de Dieu. Si quelqu'un sert, que ce soit avec la force que Dieu fournit, afin qu'en toutes choses Dieu soit glorifié par Jésus-Christ, à qui appartiennent la gloire et la domination dans les siècles des siècles. Amen. (aiōn )
12 Ditsala tse di rategang, lo se etsaetsege, kgotsa lwa hakgamala fa lo tsena mo ditekong tse di molelo tse di kwa pele, gonne mo ga se mo go sa itsiweng, selo se se sa tlwaelesegang se, se tlaa lo diragalela.
Bien-aimés, ne vous étonnez pas de l'épreuve ardente qui vous a été imposée pour vous éprouver, comme si une chose étrange vous arrivait.
13 Mo boemong jwa mo, itumeleng, gonne diteko tse di tlaa lo dira bapati ba ga Keresete mo pogisong ya gagwe, mme morago lo tlaa nna le boipelo jo bo hakgamatsang jwa go tlhakanela kgalalelo ya gagwe mo letsatsing le le tlang fa le bonadiwa.
Mais parce que vous participez aux souffrances de Christ, réjouissez-vous, afin qu'à la révélation de sa gloire vous vous réjouissiez aussi d'une joie extrême.
14 Itumele fa o hutsiwa o bo o tlhapadiwa ka ntlha ya go nna Mokeresete, gonne fa moo go diragala, Mowa wa Modimo o tlaa tla mo go wena ka kgalalelo e kgolo.
Si l'on vous insulte pour le nom du Christ, vous êtes heureux, car l'Esprit de gloire et de Dieu repose sur vous. De leur côté, il est blasphémé, mais de votre côté, il est glorifié.
15 A ke se ka ka utlwa ka go boga ga gago ka ntlha ya go bolaya kgotsa go utswa kgotsa go dira matshwenyego kgotsa go nna molotlhanyi kgotsa go tsena mo dilong tsa batho ba bangwe.
Que nul de vous ne souffre comme meurtrier, ou voleur, ou malfaiteur, ou comme se mêlant des affaires des autres.
16 Mme ga go tlhabise ditlhong go bogela go nna Mokeresete. Baka Modimo ka ntlha ya tshwanelo ya go nna mo baneng ba ga Keresete, o bo o bidiwa ka leina la gagwe le lentle!
Mais si l'un de vous souffre parce qu'il est chrétien, qu'il n'ait pas honte, mais qu'il glorifie Dieu à ce sujet.
17 Gonne lobaka lwa katlholo lo tsile, mme lo tshwanetse go simologa pele mo baneng ba e leng ba Modimo. Mme fa rona ba re leng Bakeresete re tshwanetse go atlholwa, ke bokhutlo jo bo maswe jang jo bo letileng ba ba iseng ba ke ba dumele mo Modimong.
Car le temps est venu où le jugement doit commencer par la maison de Dieu. S'il commence d'abord par nous, qu'arrivera-t-il à ceux qui n'obéissent pas à la Bonne Nouvelle de Dieu?
18 Fa basiami ba sa bolokwe ka motlhofo, ba e seng ba Modimo bone ba ka nna le letshoba lefe la go bolokwa?
« S'il est difficile pour le juste d'être sauvé, qu'arrivera-t-il à l'impie et au pécheur? »
19 Jalo fa lo boga ka fa go rateng ga Modimo, tswelelang lo dire tshiamo lo ikanye Modimo o o lo bopileng, gonne ga o kake wa lo tlhabisa ditlhong.
Que ceux-là aussi qui souffrent selon la volonté de Dieu en faisant le bien lui confient leurs âmes, comme à un Créateur fidèle.