< Petere I 3 >
1 Basadi ba lo nyetsweng, kopanelang dithulagaganyo le banna ba lona; gonne fa ba gana go reetsa fa lo bua le bone kaga Morena, ba tlaa fenngwa ke maitseo a lona, le matshelo a a itshekileng.
⸀Ὁμοίωςγυναῖκες ὑποτασσόμεναι τοῖς ἰδίοις ἀνδράσιν, ἵνα ⸀καὶεἴ τινες ἀπειθοῦσιν τῷ λόγῳ διὰ τῆς τῶν γυναικῶν ἀναστροφῆς ἄνευ λόγου κερδηθήσονται
2 Matshelo a lona a BoModimo a tlaa bua le bone botoka go gaisa mafoko a lona.
ἐποπτεύσαντες τὴν ἐν φόβῳ ἁγνὴν ἀναστροφὴν ὑμῶν.
3 Se kgatlhweng ke bontle jo bo ka fa ntle jo bo mo mekgabong ya gauta, kgotsa diaparo tse di maphatsi-phatsi, kgotsa go itoga moriri.
ὧν ἔστω οὐχ ὁ ἔξωθεν ἐμπλοκῆς τριχῶν καὶ περιθέσεως χρυσίων ἢ ἐνδύσεως ἱματίων κόσμος,
4 Nnang bantle mo teng, mo teng ga dipelo tsa lona, ka bontle jo bo sa feleng jo bo siameng le ka mowa o o didimetseng o o leng botlhokwa thata mo Modimong.
ἀλλʼ ὁ κρυπτὸς τῆς καρδίας ἄνθρωπος ἐν τῷ ἀφθάρτῳ τοῦ ⸂πραέως καὶ ἡσυχίου πνεύματος, ὅ ἐστιν ἐνώπιον τοῦ θεοῦ πολυτελές.
5 Bontle joo, jo bo mo teng, bo bonywe mo basading ba baitshepi ba bogologolo, ba ba neng ba ikanya Modimo ebile ba dirisanya sentle le banna ba bone mo dithulaganyong.
οὕτως γάρ ποτε καὶ αἱ ἅγιαι γυναῖκες αἱ ἐλπίζουσαι ⸀εἰςθεὸν ἐκόσμουν ἑαυτάς, ὑποτασσόμεναι τοῖς ἰδίοις ἀνδράσιν,
6 Jaaka Sara, a ne a utlwa monna wa gagwe Aberahame, a mo tlotla jaaka tlhogo ya lolwapa. Mme fa lo dira jalo lo tlaabo lo latela dikgato tsa gagwe jaaka barwadie ba ba siameng ebile ba dira se se molemo; jalo ga lo kitla lo boifa gore e ka re kgotsa lwa kgopisa banna ba lona.
ὡς Σάρρα ⸀ὑπήκουσεντῷ Ἀβραάμ, κύριον αὐτὸν καλοῦσα· ἧς ἐγενήθητε τέκνα ἀγαθοποιοῦσαι καὶ μὴ φοβούμεναι μηδεμίαν πτόησιν.
7 Lona banna ba lo nyetseng, lo tshwanetse go nna kelotlhoko mo basading ba lona, lo itse se basadi ba lona ba se tlhokang, lo bo lo ba tlotle jaaka tokololo e e bokoa. Gakologelwang gore lona le basadi ba lona lo barui mmogo mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo, mme fa lo sa ba direle jaaka lo tshwanetse dithapelo tsa lona ga di kitla di arabiwa.
Οἱ ἄνδρες ὁμοίως συνοικοῦντες κατὰ γνῶσιν, ὡς ἀσθενεστέρῳ σκεύει τῷ γυναικείῳ ἀπονέμοντες τιμήν, ὡς καὶ ⸀συγκληρονόμοιςχάριτος ζωῆς, εἰς τὸ μὴ ἐγκόπτεσθαι τὰς προσευχὰς ὑμῶν.
8 Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng.
Τὸ δὲ τέλος πάντες ὁμόφρονες, συμπαθεῖς, φιλάδελφοι, εὔσπλαγχνοι, ⸀ταπεινόφρονες
9 Se dueleng bosula ka jo bongwe. Se ipusolosetseng mo go ba ba buang bosula ka lona. Mo boemong jwa moo, rapelelang gore Modimo o ba thuse, gonne re tshwanetse ra nna tshiamo mo go ba bangwe, mme Modimo o tlaa re go segofaletsa.
μὴ ἀποδιδόντες κακὸν ἀντὶ κακοῦ ἢ λοιδορίαν ἀντὶ λοιδορίας τοὐναντίον δὲ ⸀εὐλογοῦντες ὅτι εἰς τοῦτο ἐκλήθητε ἵνα εὐλογίαν κληρονομήσητε.
10 Fa o batla botshelo jo bo itumedisang, jo bo siameng, laola loleme lwa gago, o bo o tlhokomele dipounama tsa gago mo go bueng maaka.
ὁ γὰρ θέλων ζωὴν ἀγαπᾶν καὶ ἰδεῖν ἡμέρας ἀγαθὰς παυσάτω τὴν ⸀γλῶσσανἀπὸ κακοῦ καὶ ⸀χείλητοῦ μὴ λαλῆσαι δόλον,
11 Fapoga mo bosuleng mme o dire tshiamo. Leka go tshelela mo kagisong le fa o tshwanetse go e latela go fitlhelela o e bona!
ἐκκλινάτω ⸀δὲἀπὸ κακοῦ καὶ ποιησάτω ἀγαθόν, ζητησάτω εἰρήνην καὶ διωξάτω αὐτήν·
12 Gonne Morena o lebeletse baba ba gagwe, o reeditse dithapelo tsa bone; mme sefatlhogo sa gagwe se kgatlhanong thata le ba ba dirang bosula.
ὅτι ὀφθαλμοὶ κυρίου ἐπὶ δικαίους καὶ ὦτα αὐτοῦ εἰς δέησιν αὐτῶν, πρόσωπον δὲ κυρίου ἐπὶ ποιοῦντας κακά.
13 Mme ka metlha yotlhe ga go na ope yo o tlaa lo utlwisang botlhoko go batla gore lo dire tshiamo.
Καὶ τίς ὁ κακώσων ὑμᾶς ἐὰν τοῦ ἀγαθοῦ ⸀ζηλωταὶγένησθε;
14 Mme le fa ba tshwanetse, lo tshwanetse go fufegelwa, gonne Modimo o tlaa go lo duelela.
ἀλλʼ εἰ καὶ πάσχοιτε διὰ δικαιοσύνην, μακάριοι. τὸν δὲ φόβον αὐτῶν μὴ φοβηθῆτε μηδὲ ταραχθῆτε,
15 O ikanye Keresete Morena wa gago mme fa mongwe a botsa gore ke eng fa o dumela ka tsela e o dumelang ka yone e, ipaakanyetse go mmolelela, mme o mmolelele ka tshiamo le maitseo.
κύριον δὲ τὸν ⸀Χριστὸνἁγιάσατε ἐν ταῖς καρδίαις ὑμῶν, ⸀ἕτοιμοιἀεὶ πρὸς ἀπολογίαν παντὶ τῷ αἰτοῦντι ὑμᾶς λόγον περὶ τῆς ἐν ὑμῖν ἐλπίδος,
16 Dirang tshiamo; mme fa batho ba bua ka lona, ba lo raya maina a a sa siamang, ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya go lo akela fa lo ne lo dira tshiamo fela.
⸀ἀλλὰμετὰ πραΰτητος καὶ φόβου, συνείδησιν ἔχοντες ἀγαθήν, ἵνα ἐν ᾧ ⸀καταλαλεῖσθεκαταισχυνθῶσιν οἱ ἐπηρεάζοντες ὑμῶν τὴν ἀγαθὴν ἐν Χριστῷ ἀναστροφήν.
17 Gakologelwang gore, fa Modimo o batla gore lo boge, go molemo go bogela tshiamo go na le go bogela se se sa siamang!
κρεῖττον γὰρ ἀγαθοποιοῦντας, εἰ θέλοι τὸ θέλημα τοῦ θεοῦ, πάσχειν ἢ κακοποιοῦντας.
18 Keresete le ene o ile a boga. O swetse dibe tsa rona rotlhe baleofi gangwe fela, le fa ene a ne a sena sebe, gore a tle a re ise gae kwa Modimong re babalesegile. Mme le fa mmele wa gagwe o ne wa a swa, mowa wa gagwe o ne wa tswelela wa tshela,
ὅτι καὶ Χριστὸς ἅπαξ περὶ ἁμαρτιῶν ⸀ἔπαθεν δίκαιος ὑπὲρ ἀδίκων, ἵνα ⸀ὑμᾶςπροσαγάγῃ τῷ θεῷ, θανατωθεὶς μὲν σαρκὶ ζῳοποιηθεὶς δὲ πνεύματι·
19 mme e ne e le mo moeng fa a etela mewa e e mo kgolegelong, a e rerela,
ἐν ᾧ καὶ τοῖς ἐν φυλακῇ πνεύμασιν πορευθεὶς ἐκήρυξεν,
20 mewa ya ba ba neng ba gana go reetsa Modimo, bogologolo pele ga malatsi a ga Noa, ba ganne go reetsa Modimo, le fa o ne wa ba letela ka bopelo-telele fa Noa a ntse a aga araka (ntlo e e kokobalang). Le fa go ntse jalo e ne e le batho ba ferabobedi fela ba ba neng ba bolokwa mo go nweleng mo morwaleleng o o boitshegang oo.
ἀπειθήσασίν ποτε ὅτε ἀπεξεδέχετο ἡ τοῦ θεοῦ μακροθυμία ἐν ἡμέραις Νῶε κατασκευαζομένης κιβωτοῦ εἰς ἣν ⸀ὀλίγοι τοῦτʼ ἔστιν ὀκτὼ ψυχαί, διεσώθησαν διʼ ὕδατος.
21 (Seo, ke se kolobetso e se re supegetsang: Mo kolobetsong re supa gore re bolokilwe mo losong le mo tshekisong ka tsogo ya ga Keresete; e seng gore mebele ya rona e tlhatswiwe ka metse fela, mme eleng gore mo go kolobediweng, re boela mo Modimong re o kopa go tlhatswa dipelo tsa rona mo sebeng).
ὃ ⸂καὶ ὑμᾶς ἀντίτυπον νῦν σῴζει βάπτισμα, οὐ σαρκὸς ἀπόθεσις ῥύπου ἀλλὰ συνειδήσεως ἀγαθῆς ἐπερώτημα εἰς θεόν, διʼ ἀναστάσεως Ἰησοῦ Χριστοῦ,
22 Mme jaanong Keresete o kwa legodimong, o ntse mo felong ga tlotlego go bapa le Modimo Rara, baengele botlhe le dinonofo di a mo obamela, di a mo utlwa.
ὅς ἐστιν ἐν ⸀δεξιᾷθεοῦ πορευθεὶς εἰς οὐρανὸν ὑποταγέντων αὐτῷ ἀγγέλων καὶ ἐξουσιῶν καὶ δυνάμεων.