< Petere I 2 >
1 Ke gone tlogelang maikutlo a lona a kilo. Se itirengjaaka e ka re lo siame! Latlhang go tlontlololana le mafufa le ditshebo.
Putting away therefore all wickedness, and all deceit, and hypocrisy, and envy, and all slander,
2 Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela mashi. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe.
as newborn babies, long for the pure milk of the word, that you may grow thereby to salvation,
if indeed you have tasted that the Lord is good:
4 Tlang mo go Keresete, yo e leng ene motheo wa Lefika le le tshedileng le Modimo o agang mo go lone le fa batho ba mo ganne o botlhokwa thata mo Modimong o o mo tlhophileng mo godimo ga botlhe.
coming to him, a living stone, though rejected by people but chosen by God, precious.
5 Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang.
You also, as living stones, are built up as a spiritual house, to be a holy priesthood, to offer up spiritual sacrifices, acceptable to God through Jesus Christ.
6 Jaaka Dikwalo di gatelela di re, “Bonang ke romela Keresete go nna mokgethegi yo o tlhophilweng ka kelotlhoko, Lentswe la botlhokwa la kgokgotsho la phuthego ya me, ebile ga ke kitla ke tlhabisa bape ditlhong ba ba mo ikanyang.”
Because it is contained in Scripture, "Look, I am laying in Zion a stone, a chosen precious cornerstone, and whoever believes in him will not be put to shame."
7 Ee, o botlhokwa thata mo go lona ba lo dumelang; le mo go ba ba mo ganang, ee, “Lone lentswe la kgokotsho, le le gannweng ke baagi ke lone le e leng lentswe la kgokgotsho, le le tlotlwang thata ebile e le bontlha bongwe jwa kago.”
For you who believe therefore is the honor, but for those who do not believe, "The stone which the builders rejected, has become the chief cornerstone,"
8 Gape Dikwalo tsa re, “Ke lentswe le bangwe ba tlaa kgotswang mo go lone, ebile ke le le tlaa ba digang.”
and, "a stone to stumble over, and a rock to trip over." For they stumble at the word, being disobedient, to which also they were appointed.
9 Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle.
But you are a chosen race, a royal priesthood, a holy nation, a people for his own possession, that you may proclaim the excellence of him who called you out of darkness into his marvelous light:
10 Lo kile lwa bo lo se ba sepe; mme jaanong lo ba Modimo. Lo kile lwa bo lo itse go le gonnye ka tshiamo ya Modimo; mme jaanong matshelo a lona a fetotswe ke gone.
who once were not a people, but now are God's people, who had not obtained mercy, but now have obtained mercy.
11 Bakaulengwe ba ba rategang, lo baeti fela mono. E re ka legae la lona tota le le kwa legodimong ke lo kopa gore lo ikgaphe mo ditlhapelong tse di bosula tsa lefatshe leno; ga se tsa lona, gonne di tlhabana le mewa ya lona.
Beloved, I urge you as foreigners and temporary residents, to abstain from fleshly lusts, which war against the soul;
12 Nnang kelotlhoko ka fa lo itshwarang ka teng mo go bangwe ka lona ba ba sa bolokwang; gonne le fa ba lo belaela ba bua kaga lona ba tlaa fetsa ba baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo fa Keresete a bowa.
having good behavior among the nations, so in that of which they speak against you as evildoers, they may by your good works, which they see, glorify God in the day of visitation.
13 Ka ntlha ya Morena, utlwang molao mongwe le mongwe wa puso ya lona: molao wa kgosi jaaka e le tlhogo ya morafe,
Subject yourselves to every human institution for the Lord's sake: whether to the king, as supreme;
14 le ya bagolwane ba kgosi, gonne o ba rometse go otlhaya ba ba dirang molato, le go tlotla ba ba dirang tshiamo.
or to governors, as sent by him for vengeance on evildoers and for praise to those who do well.
15 Ke go rata ga Modimo gore matshelo a lona a a siameng a didimatse dieleele tse di nyatsang Efangele ba sena kitso ya gore e ka ba direla eng, ba ise ba ke ba lemoge nonofo ya yone.
For this is the will of God, that by well-doing you should put to silence the ignorance of foolish people:
16 Lo golotswe mo molaong, mme mo ga go reye gore lo gololesegile go dira molato. Tshelang jaaka ba ba golotsweng go dira go rata ga Modimo fela ka nako tsotlhe.
as free, and not using your freedom as a pretext for evil, but as slaves of God.
17 Tlotlang mongwe le mongwe. Ratang Bakeresete gongwe le gongwe. Boifang Modimo lo tlotle puso.
Honor all people. Love the brotherhood. Fear God. Honor the king.
18 Batlhanka, lo tshwanetse go tlotla beng ba lona lo bo lo dire sengwe le sengwe se ba reng lo se dire, e seng fela fa ba siame ebile ba le bonolo, mme le fa ba le ditlhogo-di-thata ebile ba le setlhogo.
Servants, be in subjection to your masters with all fear; not only to the good and gentle, but also to the wicked.
19 Bakang Morena fa lo otlhaelwa go dira tshiamo!
For it is commendable if someone endures pain, suffering unjustly, because of conscience toward God.
20 Le fa go ntse jalo, ga lo newe tlotlo epe ka go nna pelotelele fa lo iteelwa melato ya lona; mme fa lo dira tshiamo lo bo lo e bogela, ebile lo le pelotelele mo dititeong, Modimo o itumela segolo bogolo.
For what glory is it if, when you sin, you patiently endure beating? But if, when you do well, you patiently endure suffering, this is commendable with God.
21 Dipogo tse ke bontlha bongwe jwa tiro e Modimo o e lo neetseng. Keresete yo o lo bogetseng, ke sekao sa lona. Latelang dikgato tsa gagwe:
For to this you were called, because Christ also suffered for you, leaving you an example, that you should follow his steps,
22 ga a ise a ke a leofe, ga a ise a ke a bue maaka,
who "committed no sin, nor was deceit found in his mouth."
23 ga a ise a ke a busolose fa a tlhapadiwa; erile fa a boga ga a ise a ke a leke go ipusolosetsa; o ne a tlogela tsheko ya gagwe mo mabogong a Modimo o o atlholang ka tshiamo ka nako tsotlhe
Who, when he was cursed, did not curse back. When he suffered, did not threaten, but committed himself to him who judges righteously;
24 O tshotse morwalo wa maleo a rona ka mmele wa gagwe fa a a swa mo mokgorong, gore re tle re fetse le sebe mme re tshele botshelo jo bo siameng go tloga gompieno. Gonne dintho tsa gagwe di fodisitse tsa rona!
who his own self bore our sins in his body on the tree, that we, having died to sins, might live to righteousness; by whose wounds you were healed.
25 Jaaka dinku lo ne lo dule mo Modimong, mme jaanong lo boetse mo modiseng wa lona, motlhokomedi wa mewa ya lona yo o lo babalelang mo ditlhaselong tsotlhe.
For you were going astray like sheep; but now have returned to the Shepherd and Overseer of your souls.