< Johane I 4 >

1 Ditsala tse di rategang, se dumeleng sengwe le sengwe se lo se utlwang fela ka gore mongwe a re ke molaetsa o o tswang kwa Modimong. O sekasekeng go bona gore a ke one tota. Gonne go setse go na le baruti ba le bantsi ba e seng ba boammaaruri,
Mina älskade, tron icke var och en ande, utan pröven andarna, huruvida de äro av Gud; ty många falska profeter hava gått ut i världen.
2 mme tsela ya go bona gore a molaetsa wa bone o tswa mo Moweng O O Boitshepo ke go botsa potso e e reng, “A go dumelesega tota gore Jesu Keresete, Morwa Modimo, o ne a nna motho a le mo mmeleng wa setho fela jaaka rona?” Fa e le gore go ntse jalo, mme molaetsa o tswa kwa Modimong.
Därpå skolen I känna igen Guds Ande: var och en ande som bekänner att Jesus är Kristus, kommen i köttet, han är av Gud;
3 Fa e le gore ga go a nna jalo, molaetsa ga o tswe kwa Modimong, o tswa kwa go yo o tlhabantshang Keresete, jaaka “Moganetsa-Keresete” yo lo utlwileng ka ga gagwe yo o tlaa tlang mme mokgwa wa gagwe wa bobaba o o tlhabantshang ba ba kgatlhanong le Keresete,
men var och en ande som icke så bekänner Jesus, han är icke av Gud. Den anden är Antikrists ande, om vilken I haven hört att den skulle komma, och som redan nu är i världen.
4 gonne go na le mongwe mo dipelong tsa lona yo o nonofileng go gaisa moruti mongwe le mongwe yo o bosula mo lefatsheng leno la boikepo.
I, kära barn, I ären av Gud och haven övervunnit dessa; ty han som är i eder är större än den som är i världen.
5 Batho ba ke ba lefatshe leno, jalo ka tlholego ba beile megopolo fela mo dilong tsa lefatshe ebile lefatshe le a ba reetsa.
De äro av världen; därför tala de vad som är av världen, och världen lyssnar till dem.
6 Mme rona re bana ba Modimo; ke sone se e leng gore ba ba tsamayang le Modimo ba bo ba bua le One ke bone fela ba ba tlaa re reetsang. Ba bangwe ga ba kitla ba re reetsa, ke yone tsela e nngwe ya go itse gore a molaetsa o tswa kwa Modimong tota; gonne fa e le gore go ntse jalo, lefatshe ga le na go o reetsa.
Vi åter äro av Gud. Den som känner Gud, han lyssnar till oss; den som icke är av Gud, han lyssnar icke till oss. Härpå känna vi igen sanningens Ande och villfarelsens ande.
7 Ditsala tse di rategang, a re itlwaetseng go ratana, gonne lorato lo tswa kwa Modimong mme ba ba ratang ebile ba le pelonomi ba supa gore ke bana ba Modimo, le gore ba simolola go o tlhaloganya botoka.
Mina älskade, låtom oss älska varandra; ty kärleken är av Gud, och var och en som älskar, han är född av Gud och känner Gud.
8 Mme fa motho a sena lorato le bopelonomi, go supa gore ga a itse Modimo, gonne Modimo ke lorato.
Den som icke älskar, han har icke lärt känna Gud, ty Gud är kärleken.
9 Modimo o supile ka fa o re ratang ka teng ka go roma Morwaone yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng leno la boikepo go re leretse botshelo ja bosakhutleng ka loso lwa gagwe.
Därigenom har Guds kärlek blivit uppenbarad bland oss, att Gud har sänt sin enfödde Son i världen, för att vi skola leva genom honom.
10 Ka tiro e, re bona gore lorato lwa boammaaruri ke eng: ga se ka fa re ratang Modimo ka teng, mme ke lorato lwa One mo go rona go simolola ka nako e o neng o roma Morwaone go tla go nna setlhabelo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
Icke däri består kärleken, att vi hava älskat Gud, utan däri, att han har älskat oss och sänt sin Son till försoning för våra synder.
11 Ditsala tse di rategang, ere ka Modimo o re ratile mo go kalo, re tshwanetse go ratana le rona.
Mina älskade, om Gud så har älskat oss, då äro ock vi pliktiga att älska varandra.
12 Gonne le fa re ise re ke re bone Modimo, fa re ratana Modimo o nna mo go rona, le lorato lwa One mo go rona lo a nonofa.
Ingen har någonsin sett Gud. Om vi älska varandra, så förbliver Gud i oss, och hans kärlek är fullkomnad i oss.
13 Ebile o tsentse Mowa wa One O O Boitshepo mo dipelong tsa rona e le sesupo mo go rona gore re nna le One mme le One o nna le rona.
Därav att han har givit oss av sin Ande veta vi att vi förbliva i honom, och att han förbliver i oss.
14 Ebile gape, re bonye ka matlho a rona mme jaanong re bolelela lefatshe lotlhe gore Modimo o romile Morwaone go nna Mmoloki wa bone.
Och vi hava själva sett, och vi vittna om att Fadern har sänt sin Son till att vara världens Frälsare.
15 Le fa e le mang yo o dumelang gore Jesu ke Modimo, Modimo o nna mo go ene le ene mo go One.
Den som bekänner att Jesus är Guds Son, i honom förbliver Gud, och han själv förbliver i Gud.
16 Re itse gore Modimo o re rata go le kae gonne re ikutlwetse lorato lwa one, ebile re a o dumela fa o re bolelela gore o re rata thata. Modimo ke lorato, mme le fa e le mang yo o nnetseng ruri mo loratong o nnetse ruri mo Modimong le Modimo o nnetse ruri mo go ene.
Och vi hava lärt känna den kärlek som Gud har i oss, och vi hava kommit till tro på den. Gud är kärleken, och den som förbliver i kärleken, han förbliver i Gud, och Gud förbliver i honom.
17 Mme ka re nna le Keresete, lorato lwa rona lo gola sentle thata ka boitekanelo; jalo he ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re swaba ka letsatsi la tshekiso, mme re tlaa lebagana nae ka tshepo le ka boitumelo, gonne o a re rata mme le rona re a mo rata.
Därigenom är kärleken fullkomnad hos oss, att vi hava frimodighet i fråga om domens dag; ty sådan Han är, sådana äro ock vi i denna världen.
18 Ga re a tshwanela go boifa motho yo o re ratang ka lorato lo lo itekanetseng, lorato lwa gagwe lwa boammaaruri lo nyeletsa pelaelo yotlhe ka bosula jo re bo mo gopolelang go bo dira mo go rona, mme mo go supa gore ga re dumele ka botlalo gore o re rata e le ruri.
Räddhåga finnes icke i kärleken, utan fullkomlig kärlek driver ut räddhågan, ty i räddhågan ligger tanke på straff, och den som rädes är icke fullkomnad i kärleken.
19 Jalo a lo lemoga gore go mo rata ga rona go dirwa ke go bo a re ratile pele.
Vi älska, därför att han först har älskat oss.
20 Fa mongwe a re, “Ke rata Modimo,” mme a tswelela ka go ila mogagabo ke moaki; gonne fa a sa rate mogagabo yo o mmonang ka matlho, o ka rata jang Modimo o a iseng a ke a o bone?
Om någon säger sig älska Gud och hatar sin broder, så är han en lögnare. Ty den som icke älskar sin broder, som han har sett, han kan icke älska Gud, som han icke har sett.
21 Mme Modimo ka sebele o rile motho a seka a rata Modimo fela, mme a rate le mogagabo.
Och det budet hava vi från honom, att den som älskar Gud, han skall ock älska sin broder.

< Johane I 4 >