< Johane I 3 >

1 Bonang ka fa Rraarona wa legodimo a re ratang ka teng, gonne o re letla go bidiwa bana ba gagwe, akanyang ka gone, re bana ba gagwe tota! Mme ka batho ba le bantsi ba sa itse Modimo, ka tlholego ga ba tlhaloganye gore re bana ba One.
videte qualem caritatem dedit nobis Pater ut filii Dei nominemur et sumus propter hoc mundus non novit nos quia non novit eum
2 Ee, ditsala tse di rategang, re setse re le bana ba Modimo gone jaanong jaana, ebile ga re kake ra akanyetsa gore go tlaa nna jang kwa morago. Mme re itse se, gore fa a tla re tshwana nae, gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse.
carissimi nunc filii Dei sumus et nondum apparuit quid erimus scimus quoniam cum apparuerit similes ei erimus quoniam videbimus eum sicuti est
3 Mme mongwe le mongwe yo o dumelang se, ka botlalo, o tlaa leka go nna phepa gonne Keresete o phepa.
et omnis qui habet spem hanc in eo sanctificat se sicut et ille sanctus est
4 Mme ba ba tswelelang ka go leofa ba kgatlhanong le Modimo, gonne sebe sengwe le sengwe se dirwa kgatlhanong le keletso ya Modimo.
omnis qui facit peccatum et iniquitatem facit et peccatum est iniquitas
5 Ebile lo itse gore o ne a nna motho gore a tle a tlose dibe tsa rona, le gore ga gona boleo mo go ene, thato ya Modimo ga e ke e tlhokafala mo go ene.
et scitis quoniam ille apparuit ut peccata tolleret et peccatum in eo non est
6 Mme jalo fa re nna mo go ene re mo obamela, re tlaa bo re sa leofe ka tsela epe; mme kaga ba ba tswelelang ba leofa, ba tshwanetse go lemoga se: gore ba leofa ka ntlha ya gore ga ba ise ba ke ba bo ba mo itse kgotsa ba nne ba gagwe.
omnis qui in eo manet non peccat omnis qui peccat non vidit eum nec cognovit eum
7 Ao bana ba me ba ba rategang, se letleng ope go lo tsietsa kaga se: fa lo dira se se molemo ka malatsi otlhe, ke ka ntlha ya gore lo molemo, fela jaaka a ntse.
filioli nemo vos seducat qui facit iustitiam iustus est sicut et ille iustus est
8 Mme fa lo tswelela lo leofa, go supa gore lo ba ga Satane, yo o saleng e re a simolola go leofa a bo a nna fela mo boleong. Mme Morwa Modimo o tletse go senya tsone ditiro tse tsa ga diabolo.
qui facit peccatum ex diabolo est quoniam ab initio diabolus peccat in hoc apparuit Filius Dei ut dissolvat opera diaboli
9 Motho yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Modimo ga a leofe, gonne jaanong botshelo jwa Modimo bo mo go ene: jalo ga a kake a nna a tswelela ka go leofa, gonne botshelo jo bosha bo tsetswe mo go ene ebile bo a mo laola, o tsetswe sesha.
omnis qui natus est ex Deo peccatum non facit quoniam semen ipsius in eo manet et non potest peccare quoniam ex Deo natus est
10 Jaanong re ka bolela gore ngwana wa Modimo ke ofe le gore yo e leng wa ga Satane ke ofe. Le fa e le mang yo o tshelang botshelo jwa sebe ebile a sa rate mogagabo o supa gore ga se wa ba ntlo ya Modimo;
in hoc manifesti sunt filii Dei et filii diaboli omnis qui non est iustus non est de Deo et qui non diligit fratrem suum
11 gonne molaetsa o o tsileng mo go rona go tswa tshimologong wa re re ratane.
quoniam haec est adnuntiatio quam audistis ab initio ut diligamus alterutrum
12 Ga re a tshwanela go nna jaaka Kaene, yo a neng a nna wa ga Satane a bo a bolaya monnawe? O mmolaetse eng? Ke ka ntlha ya gore Kaene o ne a ntse a dira bosula ebile a itse sentle gore botshelo jwa ga monnawe bo botoka go na le jwa gagwe.
non sicut Cain ex maligno erat et occidit fratrem suum et propter quid occidit eum quoniam opera eius maligna erant fratris autem eius iusta
13 Ke gone se hakgamaleng ditsala tse di rategang fa lefatshe le lo ila.
nolite mirari fratres si odit vos mundus
14 Fa re rata Bakeresete ba bangwe, go supa gore re golotswe mo moleteng re filwe botshelo ja bo sa khutleng. Mme motho yo o senang lorato mo go ba bangwe o emetswe ke loso lo lo kwa pele.
nos scimus quoniam translati sumus de morte in vitam quoniam diligimus fratres qui non diligit manet in morte
15 Le fa e le mang yo o ilang Mokeresete ka ene ke mmolai tota mo pelong; mme lo itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo ja bosakhutleng bo leng mo go ene. (aiōnios g166)
omnis qui odit fratrem suum homicida est et scitis quoniam omnis homicida non habet vitam aeternam in se manentem (aiōnios g166)
16 Re itse gore lorato lwa boammaaruri ke eng ka go tsaya malebela mo go re sweleng ga ga Keresete e le sesupo. Mme le rona re tshwanetse go ntshetsa ba ga rona ba Bakeresetse matshelo a rona setlhabelo.
in hoc cognovimus caritatem quoniam ille pro nobis animam suam posuit et nos debemus pro fratribus animas ponere
17 Mme fa mongwe yo o tshwanetseng go bo e le Mokeresete tota a na le madi a a lekanyeng gore a mo tshedise sentle, go bo go diragala gore a bone mogagabo yo o tlhokang, mme a bo a sa mo thuse, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene.
qui habuerit substantiam mundi et viderit fratrem suum necesse habere et clauserit viscera sua ab eo quomodo caritas Dei manet in eo
18 Bananyana, re khutliseng go nna re bua puo ya molomo fela re re re rata batho; a re ba rateng ka boammaaruri, re bo re go supe ka ditiro tsa rona.
filioli non diligamus verbo nec lingua sed opere et veritate
19 Hong re tlaa itse tota ka ditiro tsa rona gore re ka fa lotlhakoreng lwa Modimo, le matswalo a rona a tlaa sedimosega, le fa re ema fa pele ga Morena.
in hoc cognoscimus quoniam ex veritate sumus et in conspectu eius suadeamus corda nostra
20 Mme fa re na le matswalo a a sa siamang re bo re ikutlwa gore re dirile molato, Morena o tlaa ikutlwa fela jalo ka rona gonne o itse sengwe le sengwe se re se dirang.
quoniam si reprehenderit nos cor maior est Deus corde nostro et novit omnia
21 Mme ditsala tse di rategang, fa matswalo a rona a siame, re ka tla kwa Moreneng ka go tlhomamisa le go ikanya,
carissimi si cor non reprehenderit nos fiduciam habemus ad Deum
22 gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang.
et quodcumque petierimus accipiemus ab eo quoniam mandata eius custodimus et ea quae sunt placita coram eo facimus
23 Mme se ke sone se Modimo o reng re se dire: re dumele mo leineng la Morwaone Jesu Keresete, re bo re ratane.
et hoc est mandatum eius ut credamus in nomine Filii eius Iesu Christi et diligamus alterutrum sicut dedit mandatum nobis
24 Ba ba dirang se Modimo o se buang, ba nna le Modimo mme le One o nna nabo, re itse gore se ke boammaaruri gonne Mowa O O Boitshepo o o o re neileng o re bolelela jalo.
et qui servat mandata eius in illo manet et ipse in eo et in hoc scimus quoniam manet in nobis de Spiritu quem nobis dedit

< Johane I 3 >