< Johane I 2 >
1 Bananyana ba me, ke lo bolelela selo se gore lo tle lo ikgaphe mo boleong. Mme fa lo leofa, go na le mongwe go lo rapelela mo go Rara. Leina la gagwe ke Jesu Keresete, ene yo e leng mosiami ebile a itumedisa Modimo ka botlalo.
filioli mei haec scribo vobis ut non peccetis sed et si quis peccaverit advocatum habemus apud Patrem Iesum Christum iustum
2 Ke ene yo o rweleng bogale jwa Modimo ka ntlha ya dibe tsa rona go re golola mo bogaleng jwa Modimo, a bo a re lere mo bolekaneng le Modimo, ebile ke boitshwarelo jwa dibe tsa rona, le gale e seng tsa rona fela, ebong tsa lefatshe lotlhe.
et ipse est propitiatio pro peccatis nostris non pro nostris autem tantum sed etiam pro totius mundi
3 Mme re ka tlhomamisa jang gore re ba gagwe? Re ka tlhomamisa ka go sekaseka bokafateng jwa rona ra re: a tota re leka go dira se a batlang re se dira?
et in hoc scimus quoniam cognovimus eum si mandata eius observemus
4 Mongwe o ka re, “Ke Mokeresete; ke mo tseleng ya me go ya legodimong; ke wa ga Keresete.” Mme fa a sa dire se Keresete a mo rayang a re a se dire, ke moaki.
qui dicit se nosse eum et mandata eius non custodit mendax est in hoc veritas non est
5 Mme ba ba dirang se Keresete a se ba rayang gore ba se dire, ba tlaa nna ba rata Modimo thata. Ke yone tsela ya go itse gore a o Mokeresete kgotsa nnyaa.
qui autem servat verbum eius vere in hoc caritas Dei perfecta est in hoc scimus quoniam in ipso sumus
6 Le fa e le mang yo a reng ke Mokeresete a tshele fela jaaka Keresete a ne a tshela.
qui dicit se in ipso manere debet sicut ille ambulavit et ipse ambulare
7 Bakaulengwe ba ba rategang, ga ke lo kwalele taolo e ncha gore lo e obamele, gonne ke taolo e kgologolo e lo ntseng lo na nayo ka malatsi otlhe go tswa tshimologong. Lotlhe lo sale lo e utlwile pele.
carissimi non mandatum novum scribo vobis sed mandatum vetus quod habuistis ab initio mandatum vetus est verbum quod audistis
8 Le fa go ntse jalo e ncha ka malatsi otlhe ebile e lo direla fela jaaka e ne e direla Keresete; mme fa re obamela taolo e, ebong go ratana, lefifi le a nyelela mo matshelong a rona, mme mo go rona go pha-tsime lesedi le lesha la botshelo la ga Keresete.
iterum mandatum novum scribo vobis quod est verum et in ipso et in vobis quoniam tenebrae transeunt et lumen verum iam lucet
9 Le fa e le mang yo o reng o tsamaya mo leseding la ga Keresete mme a ila Mokeresete ka ene o santse a le mo lefifing.
qui dicit se in luce esse et fratrem suum odit in tenebris est usque adhuc
10 Mme le fa e le mang yo o ratang Mokeresete ka ene o “tsamaya mo leseding” ebile o ka bona tsela ya gagwe a sa kgopiwe mo lefifing le mo boleong.
qui diligit fratrem suum in lumine manet et scandalum in eo non est
11 Gonne yo o ilang Mokeresete ka ene otsamaya mo lefifing la semowa ebile ga a itse kwa a yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse gore a seka a bona tsela.
qui autem odit fratrem suum in tenebris est et in tenebris ambulat et nescit quo eat quoniam tenebrae obcaecaverunt oculos eius
12 Ke lo kwalela dilo tse lotlhe, bananyana ba me, gonne lo itshwaretswe dibe mo leineng la ga Jesu Mmoloki wa rona.
scribo vobis filioli quoniam remittuntur vobis peccata propter nomen eius
13 Ke lo kwalela dilo tse lona ba lo godileng gonne ruri lo itse Keresete, ene yo o ntseng a tshedile go tswa tshimologong. Mme lona makau, ke bua le lona gonne lo fentse ntwa ya ga Satane. Gape ke kwalela lona basimanyana le lona basetsanyana gonne le lona lo ithutile go itse Modimo Rraa-rona.
scribo vobis patres quoniam cognovistis eum qui ab initio est scribo vobis adulescentes quoniam vicistis malignum
14 Mme lona borrabana ba lo itseng Modimo wa bosakhutleng, le lona makawana a a nonofileng, ka Lefoko la Modimo mo dipelong tsa lona, ebile lo fentse ntwa ya ga Satane, ke lo raya ke re:
scripsi vobis infantes quoniam cognovistis Patrem scripsi vobis patres quia cognovistis eum qui ab initio scripsi vobis adulescentes quia fortes estis et verbum Dei in vobis manet et vicistis malignum
15 khutlisang go rata lefatshe leno le le bosula, le gotlhe mo le go lo neelang, gonne fa lo rata dilo tse, lo supa tota gore ammaaruri ga lo rate Modimo;
nolite diligere mundum neque ea quae in mundo sunt si quis diligit mundum non est caritas Patris in eo
16 gonne dilo tse tsotlhe tsa lefatshe, dikeletso tse di bosula tse, dikeletso tsa boaka, kgatlhego ya go reka sengwe le sengwe se se gapang maikutlo a gago, le boikgodiso jo bo dirwang ke khumo le go tlotlega, dilo tse ga di tswe kwa Modimong. Ditswa mo lefatsheng leno le le bosula.
quoniam omne quod est in mundo concupiscentia carnis et concupiscentia oculorum est et superbia vitae quae non est ex Patre sed ex mundo est
17 Mme lefatshe leno le a fela, mme dilo tse di bosula tse di idiwang tse di tlaa fela le lone, mme le fa e le mang yo o tswelelang a dira go rata ga Modimo o tlaa tshelela ruri. (aiōn )
et mundus transit et concupiscentia eius qui autem facit voluntatem Dei manet in aeternum (aiōn )
18 Bana ba me ba ba rategang, nako ya bofelo ya lefatshe leno e setse e tsile. Lo utlwile ka Moganetsa Keresete yo o tlang, ene yo o tlhabantshang Keresete, le gompieno batho ba le bantsi ba ba ntseng jaana ba setse ba tsile. Tiragalo e, e re dira gore re tlhomamise tota gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse.
filioli novissima hora est et sicut audistis quia antichristus venit nunc antichristi multi facti sunt unde scimus quoniam novissima hora est
19 Batho ba ba tlhabantshang Keresete ba, e kile ya ne e le maloko a diphuthego tsa rona, mme tota e ne e se ba rona, gonne fa go ne go ntse jalo ba ka bo ba sa lomologa mo go rona. E rile ba lomologa mo go rona, ga supa sentle gore e ne e se ba rona gotlhelele.
ex nobis prodierunt sed non erant ex nobis nam si fuissent ex nobis permansissent utique nobiscum sed ut manifesti sint quoniam non sunt omnes ex nobis
20 Mme lona ga lo a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona, ebile lo itse boammaaruri.
sed vos unctionem habetis a Sancto et nostis omnia
21 Jalo ga ke lo kwalele jaaka ekete ke kwalela batho ba ba tlhokang go itse boammaaruri, mme ke lo kgalemela lo le ba lo itseng go lemoga pharologanyo fa gare ga boammaaruri le mmaaka.
non scripsi vobis quasi ignorantibus veritatem sed quasi scientibus eam et quoniam omne mendacium ex veritate non est
22 Ana moaki yo mogolo ke mang? Ke yo o reng Jesu ga se Keresete. Motho yo o ntseng jalo ke moganetsa-Keresete, gonne ga a dumele mo go Modimo Rara le mo go Morwaone.
quis est mendax nisi is qui negat quoniam Iesus non est Christus hic est antichristus qui negat Patrem et Filium
23 Gonne motho yo o sa dumeleng mo go Keresete, Morwa Modimo, ga a kake a dumela le mo Modimong. Mme yo o nang le Keresete Morwa Modimo, o na le One Modimo Rara.
omnis qui negat Filium nec Patrem habet qui confitetur Filium et Patrem habet
24 Jalo nnang lo dumele se lo se rutilweng go tswa tshimologong. Fa lo dira jalo, lo tlaa aga lo le mo bolekaneng jo bo nitameng thata le Modimo Rara le Morwaone.
vos quod audistis ab initio in vobis permaneat si in vobis permanserit quod ab initio audistis et vos in Filio et Patre manebitis
25 Mme ene ka sebele o re solofeditse se: botshelo ja bosakhutleng. (aiōnios )
et haec est repromissio quam ipse pollicitus est nobis vitam aeternam (aiōnios )
26 Dilo tse ke di buang tse ka moganetsa-Keresete di raya fela ba ba tlaa ratang go lo dira difofu ba bo ba lo timetsa.
haec scripsi vobis de eis qui seducunt vos
27 Mme lo amogetse Mowa O O Boitshepo ebile o nna mo go lona, mo dipelong tsa lona, gore lo seka lwa tlhokana le ope go lo ruta se se siameng. Gonne o lo ruta dilo tsotlhe, ebile o Boammaaruri, ga se moaki; mme fela jaaka a buile, lo tshwanetse go nna mo go Keresete, lo sa kgaogane nae.
et vos unctionem quam accepistis ab eo manet in vobis et non necesse habetis ut aliquis doceat vos sed sicut unctio eius docet vos de omnibus et verum est et non est mendacium et sicut docuit vos manete in eo
28 Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha.
et nunc filioli manete in eo ut cum apparuerit habeamus fiduciam et non confundamur ab eo in adventu eius
29 E re ka re itse gore Modimo o siame ka malatsi otlhe o bile o dira fela se se siameng, re ka tseela fela gore botlhe ba ba dirang tshiamo ke bana ba One.
si scitis quoniam iustus est scitote quoniam et omnis qui facit iustitiam ex ipso natus est