< Johane I 1 >

1 Keresete o ne a ntse a le teng fa lefatshe le simologa, le gone nna ke mmonye ka matlho a me ka bo ka mo reetsa a bua. Ke mo amile ka diatla tsa me. Ene ka sebele ke molaetsa wa Botshelo wa Modimo.
태초부터 있는 생명의 말씀에 관하여는 우리가 들은바요 눈으로 본 바요 주목하고 우리 손으로 만진 바라
2 Ene yo, yo e leng Botshelo jo bo tswang kwa Modimong re ne ra mmontshiwa, jalo re supa gore re mmonye: ke bua kaga Keresete, yo e leng Botshelo jo bo sa khutleng. O ne a na le Rara mme ra mmontshiwa. (aiōnios g166)
이 생명이 나타내신 바 된지라 이 영원한 생명을 우리가 보았고 증거하여 너희에게 전하노니 이는 아버지와 함께 계시다가 우리에게 나타내신 바 된 자니라 (aiōnios g166)
3 Gape ka re, re lo bolelela ka se rona re se bonyeng tota ra bo ra se utlwa, gore lo tle lo nne le seabe mo bolekaneng le mo boitumelong jo re nang najo mo Modimong le mo go Jesu Keresete MorwaOne.
우리가 보고 들은 바를 너희에게도 전함은 너희로 우리와 사귐이 있게 하려 함이니 우리의 사귐은 아버지와 그 아들 예수 그리스도와 함께 함이라
4 Mme fa lo dira jaaka ke bua mo lokwalong lo, le lona lo tlaa tlala boitumelo, mme le rona re tlaa itumela.
우리가 이것을 씀은 우리의 기쁨이 충만케 하려 함이로라
5 O ke molaetsa o Modimo o o re neetseng go o lo bolelela: gore Modimo ke lesedi mme mo go One ga go na lefifi gotlhelele.
우리가 저에게서 듣고 너희에게 전하는 소식이 이것이니 곧 하나님은 빛이시라 그에게는 어두움이 조금도 없으시니라
6 Jalo fa re re re ditsala tsa one, mme re tswelela re nna mo lefifing la semowa le mo sebeng, re bua maaka.
만일 우리가 하나님과 사귐이 있다 하고 어두운 가운데 행하면 거짓말을 하고 진리를 행치 아니함이거니와
7 Mme fa re nna mo leseding la Modimo, fela jaaka Keresete a dira, hong re na le bolekane jo bo hakgamatsang le boitumelo yo mongwe mo go yo mongwe, mme madi a ga Jesu Morwa One a re tlhapisa mo boleong bongwe le bongwe.
저가 빛 가운데 계신 것같이 우리도 빛 가운데 행하면 우리가 서로 사귐이 있고 그 아들 예수의 피가 우리를 모든 죄에서 깨끗하게 하실 것이요
8 Fa re re ga re na boleo, re a itsietsa, ebile re gana go amogela boammaaruri.
만일 우리가 죄 없다 하면 스스로 속이고 또 진리가 우리 속에 있지 아니할 것이요
9 Mme fa re ipolela dibe tsa rona mo go One, o ka ikanngwa go re itshwarela le go re tlhapisa mo tshiamololong nngwe le nngwe. (Ebile go tshwanetse Modimo sentle thata go re direla jaana gonne Keresete o swetse go tlosa dibe tsa rona).
만일 우리가 우리 죄를 자백하면 저는 미쁘시고 의로우사 우리 죄를 사하시며 모든 불의에서 우리를 깨끗케 하실 것이요
10 Fa re re ga re a leofa, re bua maaka ebile re bitsa Modimo moaki, gonne wa re re leofile.
만일 우리가 범죄하지 아니하였다 하면 하나님을 거짓말하는 자로 만드는 것이니 또한 그의 말씀이 우리 속에 있지 아니하니라

< Johane I 1 >