< Bakorintha I 1 >
1 Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le mokaulengwe Sosethenese.
Paolo, chiamato ad essere apostolo di Cristo Gesù per la volontà di Dio, e il fratello Sostene,
2 A kwalela: Bakeresete ba ba kwa Korinta, ba ba biditsweng ke Modimo go nna batho ba one ba ba itshepisitsweng ke Keresete Jesu. Le go: botlhe Bakeresete gongwe le gongwe, ba ba bitsang leina la ga Jesu Keresete, Morena wa rona le wa bone.
alla chiesa di Dio che è in Corinto, ai santificati in Cristo Gesù, chiamati ad esser santi, con tutti quelli che in ogni luogo invocano il nome del Signor nostro Gesù Cristo, Signor loro e nostro,
3 A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a lo segofatse, a lo neye kagiso e kgolo ya pelo le mowa.
grazia a voi e pace da Dio nostro Padre e dal Signor Gesù Cristo.
4 Ga ke ka ke ka khutlisa go leboga Modimo kaga dineo tse dintle tse o di lo neileng, gore jaanong lo bo lo le ba ga Keresete.
Io rendo del continuo grazie all’Iddio mio per voi della grazia di Dio che vi è stata data in Cristo Gesù;
5 O humisitse botshelo jwa lona jotlhe. O lo neile nonofo ya go bua kaga gagwe le go lo naya go tlhaloganya boammaaruri.
perché in lui siete stati arricchiti in ogni cosa, in ogni dono di parola e in ogni conoscenza,
6 Se ke se lo boleletseng gore Keresete o ka se lo direla se diragetse!
essendo stata la testimonianza di Cristo confermata tra voi;
7 Jaanong lo na le letlhogonolo le tshegofatso; mpho nngwe le nngwe ya semowa le nonofo go dira go rata ga one, dilo tse ke tsa lona mo lobakeng lono lwa go letela go bowa ga Morena wa rona Jesu.
in guisa che non difettate d’alcun dono, mentre aspettate la manifestazione del Signor nostro Gesù Cristo,
8 O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone.
il quale anche vi confermerà sino alla fine, onde siate irreprensibili nel giorno del nostro Signor Gesù Cristo.
9 Modimo ruri o tlaa lo direla se, gonne o dira ka metlha yotlhe se o se buang, ebile ke one o o lo bileditseng mo botsalanong jo bontle jo le Morwa one, e leng ene Keresete Morena wa rona.
Fedele è l’Iddio dal quale siete stati chiamati alla comunione del suo Figliuolo Gesù Cristo, nostro Signore.
10 Mme bakaulengwe ba ba tlotlegang, ke a lo kopa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete go khutlisa dikganetsano mo gareng ga lona. A go nne le kutlwano e e siameng gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong. Ke a lo kopa gore lo nne mogopolo mongwe fela, lo kopane mo kgopolong le mo boikaelelong.
Ora, fratelli, io v’esorto, per il nome del nostro Signor Gesù Cristo, ad aver tutti un medesimo parlare, e a non aver divisioni fra voi, ma a stare perfettamente uniti in una medesima mente e in un medesimo sentire.
11 Gonne bangwe ba ba nnang kwa tlung ya ga Keloe ba mpoleletse ka dikgane-tsano le dikgogakgogano tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang.
Perché, fratelli miei, m’è stato riferito intorno a voi da quei di casa Cloe, che vi son fra voi delle contese.
12 Bangwe ba lona ba re, “Ke molatedi wa ga Paulo,” ba bangwe ba re ke balatedi ba ga, Apolose kgotsa Petere, ba bangwe mo bojosing jwa bone ba re ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete.
Voglio dire che ciascun di voi dice: Io son di Paolo; e io d’Apollo; e io di Cefa; e io di Cristo.
13 Mme jalo, e tswa e le ruri lo kgaogantse Keresete. Mme a nna Paulo, ke swetse dibe tsa lona? A go na le mongwe wa lona yo o kolobeditsweng mo leineng la me?
Cristo è egli diviso? Paolo è egli stato crocifisso per voi? O siete voi stati battezzati nel nome di Paolo?
14 Ke leboga thata ka nako e ka gore ga ke a kolobetsa ope wa lona fa e se Kerisepo le Gaio fela.
Io ringrazio Dio che non ho battezzato alcun di voi, salvo Crispo e Gaio;
15 Gonne jaanong ga go na ope yo o ka akanyang gore ke ne ke batla go simolola sengwe se sesha; ke simolola “phuthego ya ga Paulo.”
cosicché nessuno può dire che foste battezzati nel mio nome.
16 Ee, ke kolobeditse ba ntlo ya ga Setefanase. Ga ke gakologelwe gore a ke kile ka kolobetsa mongwe o sele.
Ho battezzato anche la famiglia di Stefana; del resto non so se ho battezzato alcun altro.
17 Gonne Keresete ga a nthomela go tla go kolobetsa, fa e se go rera Mafoko a a Molemo; mme le thero ya me e utlwala e le bokoa, gonne ga ke tlatse thero ya me ka mafoko a a boteng le tumo ya megopolo e e kwa godimo, ke tshaba go tima nonofo e kgolo e e mo molaetseng o o motlhofo wa mokgoro wa ga Jesu Keresete.
Perché Cristo non mi ha mandato a battezzare ma ad evangelizzare; non con sapienza di parola, affinché la croce di Cristo non sia resa vana.
18 Ke itse sentle gore go utlwala go le boeleele thata mo go ba ba latlhegang, fa ba utlwa gore Jesu o swetse go ba boloka. Mme rona ba re bolokilweng re lemoga molaetsa o e le nonofo ya Modimo.
Poiché la parola della croce è pazzia per quelli che periscono; ma per noi che siam sulla via della salvazione, è la potenza di Dio; poich’egli è scritto:
19 Gonne Modimo wa re, “Ke tlaa senya maano otlhe a batho a poloko, ga go re sepe gore a a ka bo a lebega a le botlhale go le kae, le go tlhokomologa megopolo e e botoka ya batho, le e leng batlhalefi tota.”
Io farò perire la sapienza dei savi, e annienterò l’intelligenza degli intelligenti.
20 Jaanong go ka tweng ka batho ba ba botlhale, barutegi ba, bakanoki ba ba botlhale ba dilo tse di kgolo tsa lefatshe le? Modimo o ba dirile gore botlhe ba lebege e le dieleele, wa ba wa supa botlhale jwa bone bo sena mosola. (aiōn )
Dov’è il savio? Dov’è lo scriba? Dov’è il disputatore di questo secolo? Iddio non ha egli resa pazza la sapienza di questo mondo? (aiōn )
21 Gonne Modimo mo botlhaleng jwa one o bone gore lefatshe ga le kitla le bona Modimo ka botlhale jwa motho; mme wa tsena wa boloka botlhe ba ba dumetseng molaetsa wa one o lefatshe le o bitsang boeleele le bomatla.
Poiché, visto che nella sapienza di Dio il mondo non ha conosciuto Dio con la propria sapienza, è piaciuto a Dio di salvare i credenti mediante la pazzia della predicazione.
22 Go bonala go le boeleele mo Bajuteng ka gore ba batla sesupo se se tswang legodimong e le tshupo ya gore se se rerwang ke boammaaruri; mme ke boeleele mo go Badichaba ka gore ba dumela fela se se dumalanang le botlhale jwa bone le go re se lebega se le sentle mo go bone.
Poiché i Giudei chiedon de’ miracoli, e i Greci cercan sapienza;
23 Jalo fa re rera kaga Keresete jaaka a swetse go ba boloka, Bajuta ba a kgopisega mme Badichaba bone ba re ke diphirimisi fela.
ma noi predichiamo Cristo crocifisso, che per i Giudei è scandalo, e per i Gentili, pazzia;
24 Mme Modimo o butse matlho a ba ba batlang poloko, Bajuta mmogo le Badichaba go bona gore Keresete ke nonofo e kgolo ya Modimo go ba boloka; Keresete ka bo ene ke pinagare ya leano la Modimo mo polokong ya bone.
ma per quelli i quali son chiamati, tanto Giudei quanto Greci, predichiamo Cristo, potenza di Dio e sapienza di Dio;
25 Leano le la Modimo le go tweng ke “Boeleele” le botlhale thata go gaisa leano la batlhalefi, mme Modimo mo bokoeng jwa one, jwa gore Keresete a swe mo mokgorong o nonofile go gaisa batho botlhe.
poiché la pazzia di Dio è più savia degli uomini, e la debolezza di Dio è più forte degli uomini.
26 Lemogang mo go lona, bakaulengwe ba ba tlotlegang, gore ba se kae fela ba lona ba ba latelang Keresete ba na le maina a magolo kgotsa nonofo kgotsa dikhumo.
Infatti, fratelli, guardate la vostra vocazione: non ci son tra voi molti savi secondo la carne, non molti potenti, non molti nobili;
27 Mo boemong jwa moo, Modimo o tlhophile ka bomo fela go dirisa ditlhaloganyo tse batho ba lefatshe ba di bonang di le boeleele, ebile di sena mosola, e le go tlhabisa ditlhong batho ba lefatshe le ba ba bonwang ba tlhalefile thata, ebile ba le bagolo.
ma Dio ha scelto le cose pazze del mondo per svergognare i savi; e Dio ha scelto le cose deboli del mondo per svergognare le forti;
28 O tlhophile leano le le nyaditsweng ke lefatshe, le le kailweng e se sepe, mme a le dirisa go latofatsa batho ba lefatshe le ba tlotlang,
e Dio ha scelto le cose ignobili del mondo, e le cose sprezzate, anzi le cose che non sono, per ridurre al niente le cose che sono,
29 gore gongwe le gongwe ope a se ka a ikgantsha fa pele ga Modimo.
affinché nessuna carne si glori nel cospetto di Dio.
30 Gonne go tswa fela kwa Modimong gore lo nne le botshelo ka Jesu Keresete. O re bontshitse leano la Modimo la poloka; ke ene yo o dirileng gore re amogelesege mo Modimong; o re itshekisitse a bo a re itshepisa a bo a intsha thekololo ya poloko ya rona.
E a lui voi dovete d’essere in Cristo Gesù, il quale ci è stato fatto da Dio sapienza, e giustizia, e santificazione, e redenzione,
31 Jaaka mo dikwalong go twe, “Fa mongwe a ikgantsha a a ikgantshe fela kaga se Morena o se dirileng.”
affinché, com’è scritto: Chi si gloria, si glori nel Signore.