< Bakorintha I 7 >
1 Jaanong kaga dipotso tse lo neng lo di botsa mo lokwalong lwa lona lwa bofelo: Karabo ya me ke gore, fa lo sa nyale, go siame.
Co do spraw, o których mi pisaliście: Dobrze jest mężczyźnie nie dotykać kobiety.
2 Mme ka legale go siame go nyala, monna mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le mosadi yo e leng wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nna le monna yo e leng wa gagwe, e se re gongwe lwa boela gape mo sebeng.
Jednak aby [uniknąć] nierządu, niech każdy ma swoją żonę i każda niech ma swojego męża.
3 Monna o tshwanetse go naya mosadi wa gagwe di tsa gagwe tsotlhe jaaka mosadi yo o nyetsweng, le mosadi o tshwanetse go direla monna wa gagwe fela jalo.
Niech mąż oddaje powinność żonie, podobnie i żona mężowi.
4 Gonne morweetsana yo o nyalwang ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne monna wa gagwe o na le ditshwanelo tsa gagwe mo go one le ene; mme fela jalo monna le ene ga a tlhole a na le taolo e e tletseng mo mmeleng wa gagwe, gonne gape ke wa mosadi wa gagwe.
Żona nie ma władzy nad własnym ciałem, lecz mąż. Podobnie i mąż nie ma władzy nad własnym ciałem, lecz żona.
5 Jalo lo seka lwa ganelelana ka ditshwa-nelo tse. Fela selo sa botlhokwa mo molaong o ke ka tumalano ya monna le mosadi go ikgapa mo ditaolong tsa lenyalo selekanyo sa lobaka lo lo kailweng, gore ba tle ba ineele mo thapelong ka tshosologo. Morago, ba tshwanetse go kopana gape gore Satane a se ka a kgona go ba raela ka ntlha ya go tlhoka go itshwara ga bone.
Nie okradajcie się [z tego], chyba że za obopólną zgodą, na pewien czas, aby oddać się postowi i modlitwie. Potem znów się zejdźcie, żeby was szatan nie kusił z powodu waszej niepowściągliwości.
6 Ga ke re lo tshwanetse go nyala; mme lo ka nyala fa lo eletsa.
Lecz to, co mówię, jest z pozwolenia, a nie z rozkazu.
7 Nna ke eletsa gore mongwe le mongwe o ka bo a nna a sa nyala, fela jaaka nna. Mme rotlhe ga re tshwane. Modimo o naya bangwe mpho ya mosadi kgotsa monna, mme ba bangwe ba ka kgona go nna ka boitumelo ba sa nyala.
Chciałbym bowiem, aby wszyscy ludzie byli tacy jak ja, ale każdy ma swój własny dar od Boga, jeden taki, a drugi inny.
8 Jalo ke raya ba ba sa nyalwang, le batlholagadi ke re, go botoka go nna lo sa nyalwa fa lo kgona, fela jaaka nna.
A do nieżonatych i wdów mówię: Dobrze będzie dla nich, jeśli pozostaną jak ja.
9 Mme fa lo palelwa ke go itshoka, nyalang. Go botoka go nyala go na le go babalelwa.
Lecz jeśli nie mogą się wstrzymać, niech wstąpią w stan małżeński. Lepiej jest bowiem wstąpić w stan małżeński, niż płonąć.
10 Jaanong, mo go ba ba nyetseng ke na le taolo, e seng mogopolo. Mme ga se taolo e e tswang mo go nna, gonne se ke se Morena ka boene a se buileng: Mosadi ga a a tshwanela go tlogela monna wa gagwe.
Tym zaś, którzy trwają w związku małżeńskim, nakazuję nie ja, lecz Pan: Żona niech nie odchodzi od męża.
11 Mme fa a kgaogane nae, a a nne fela a sa nyalwa kgotsa a boele kwa go ene. Le monna ga a a tshwanela go tlhala mosadi wa gagwe.
Lecz jeśli odeszłaby, niech pozostanie bez męża albo niech się z mężem pojedna. Mąż również niech nie oddala żony.
12 Fa, ke batla go tlatsa ka megopolo e mengwe e e leng ya me. Se ga se ditaolo tse di tswang kwa Moreneng, mme di bonala di siame mo go nna. Fa Mokeresete a na le mosadi yo e seng Mokeresete, mme a batla go nna nae, ga a a tshwanela go mo tlogela kgotsa go mo tlhala.
Pozostałym zaś mówię ja, a nie Pan: Jeśli któryś z braci ma żonę niewierzącą, a ta zgadza się z nim mieszkać, niech jej nie oddala.
13 Mme fa mosadi wa Mokeresete a na le monna yo eseng Mokeresete, ga a a tshwanela go mo tlogela.
A [jeśli] jakaś żona ma męża niewierzącego, a ten zgadza się z nią mieszkać, niech od niego nie odchodzi.
14 Gonne gongwe monna yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya mosadi wa gagwe wa Mokeresete. Le mosadi yo e seng Mokeresete o ka nna Mokeresete ka thuso ya monna wa gagwe yo e leng Mokeresete. Ntle go moo fa lolwapa lo kgaogana, go ka diragala gore bana ba se ka ba tlhola ba itse Morena; fa lolwapa lo lo kopaneng lo ka itse Morena, mo leanong la Modimo go ka felela mo polokong ya bana.
Mąż niewierzący bowiem jest uświęcony przez żonę, a żona niewierząca uświęcona jest przez męża. Inaczej wasze dzieci byłyby nieczyste, teraz zaś są święte.
15 Mme fa monna kgotsa mosadi yo e seng Mokeresete a batla go tsamaya, go a letlelesega. Ka mokgwa o o ntseng jalo monna yo e leng Mokeresete kgotsa mosadi ga a a tshwanela go kganela yo mongwe go tsamaya, gonne Modimo o batla bana ba one go nna mo kagisong le mo botsalanong.
Lecz jeśli niewierzący chce odejść, niech odejdzie. W takich [przypadkach] ani brat, ani siostra nie są w niewoli. Bóg zaś powołał nas do pokoju.
16 Gonne le fa go ntse jalo, ga go na tlhomamiso mo go lona basadi gore banna ba lona ba tlaa sokologa fa ba sa lo tlogele; mme fela jalo le lona banna kgang ke e, e a lo ama.
Co bowiem wiesz, żono, czy zbawisz męża? Albo co wiesz, mężu, czy zbawisz żonę?
17 Mme lo nne le tlhomamiso mo go akanyeng dilo tse gore lo tshele jaaka Modimo o ikaeletse, go nyala kgotsa go tlhoka go nyala go nne ka fa kaelong le ka fa thusong ya Modimo, le go amogela seemo le fa e ka bo e le sefe se Modimo o go tsentseng mo go sone. Se ke molao wa me mo diphuthegong tsotlhe.
Jednak niech każdy postępuje tak, jak mu wyznaczył Bóg, [zgodnie z tym], do czego go powołał Pan. Tak też zarządzam we wszystkich kościołach.
18 Nte ke tshwantshe ka monna yo o setseng a fetile mo medirong ya Sejuta ya thupiso pele ga a nna Mokeresete, ga a a tshwanela go tshwenyega ka ga gone; mme fa a ise a rupisiwe, ga a a tshwanela go go dira jaanong.
Został ktoś powołany jako obrzezany? Niech się nie staje [nieobrzezanym]. Został ktoś powołany jako nieobrzezany? Niech się nie obrzezuje.
19 Gonne ga go na pharologanyo epe fa Mokeresete a fetile mo modirong o kgotsa nnyaa. Mme go nna le pharologanyo e kgolo fa a itumedisa Modimo ebile a tshegetsa melao ya one. Seo ke selo se se botlhokwa.
Obrzezanie nic nie znaczy i nieobrzezanie nic nie znaczy, tylko zachowywanie przykazań Boga.
20 Ka gale motho o tshwanetse go tswelela ka tiro ya gagwe e o neng a e dira fa Modimo o mmitsa.
Niech każdy pozostanie w stanie, w jakim został powołany.
21 A o lekgoba? A moo go se go tshwenye, mme e re, fa o bona lobaka lwa go gololesega, o lo dirise.
Zostałeś powołany jako niewolnik? Nie martw się [tym]. Lecz jeśli możesz stać się wolny, to raczej [z tego] skorzystaj.
22 Fa Modimo o go bitsa, o le lekgoba, gakologelwa gore Keresete o go golotse mo nonofong e e boitshegang ya boleo; mme fa a go biditse, ebile o gololesegile, gakologelwa gore jaanong o lekgoba la ga Keresete.
Ten bowiem, kto został powołany w Panu jako niewolnik, jest wyzwoleńcem Pana. Podobnie ten, kto został powołany jako wolny, jest niewolnikiem Chrystusa.
23 O rekilwe ebile o dueletswe ke Keresete, jalo o wa gagwe, gololesega jaanong mo dilong tse tsotlhe tsa mabela a lefatshe le poifo.
Drogo zostaliście kupieni. Nie bądźcie niewolnikami ludzi.
24 Jalo bakaulengwe ba ba rategang, le fa motho a ka bo a le mo seemong se se ntseng jang fa a nna Mokeresete, mo lese a nne foo, gonne jaanong Morena o teng go mo thusa.
Niech każdy, bracia, trwa przed Bogiem w takim stanie, w jakim został powołany.
25 Jaanong ke tlaa leka go araba potso e nngwe ya lona. Go ka tweng ka barweetsana ba ba iseng ba nyalwe? A ba tshwanetse go letlelelwa go dira jalo? Mo karabong ya potso e, ga ke na taolo e e tlhomameng ya bone go tswa mo Moreneng. Mme Morena mo bobelotlhomoging jwa gagwe o nneile botlhale jo bo ka tshephegang, mme ke tlaa itumelela go lo bolelela se ke se akanyang.
A co do osób dziewiczych nie mam nakazu Pańskiego, ale daję [moją] radę jako [ten], któremu Pan dał miłosierdzie, aby był wiernym.
26 Matshwenyego ke a. Rona Bakeresete re lebagane le dikotsi tse di kgolo mo matshelong a rona mo lobakeng lo. Mo dipakeng tse di tshwanang le tse, ke bona go le botoka gore motho a nne a sa nyalwa kgotsa a sa nyala.
Uważam więc, że to jest dobre z powodu obecnych utrapień, że dobrze jest człowiekowi tak pozostać.
27 Ee, fa lo setse lo nyetswe, se kgaoganeng ka ntlha ya se. Mme fa lo ise lo nyalwe, lo se itlhaganeleleng mo go yone ka lobaka lo.
Jesteś związany z żoną? Nie szukaj rozłączenia. Jesteś rozwiązany od żony? Nie szukaj żony.
28 Mme fa lona banna lo ikaelela go tswelela pele lo nyala jaanong, go siame; mme fa morweetsana a nyalwa mo dipakeng tse di tshwanang le tse, ga se boleo. Le fa go ntse jalo lenyalo le tlaa tlisa matshwenyego a mangwe a ke neng ke eletsa gore lo se ka lwa lebagana le one jaanong.
Ale jeśli się ożenisz, nie grzeszysz, i jeśli dziewica wyjdzie za mąż, nie grzeszy. Tacy jednak będą mieć utrapienie w ciele, a ja [chciałbym] wam [tego] oszczędzić.
29 Selo sa botlhokwa se re tshwanetseng go se gakologelwa ke gore, lobaka lo lo re saletseng lo lo khutshwane, (Go ntse jalo le ka nako ya rona ya go direla Morena) ka lebaka leo ba ba nang le basadi ba tshwanetse go nna ba phuthologetse Morena;
Mówię to, bracia, ponieważ czas jest krótki. Odtąd ci, którzy mają żony, niech żyją tak, jakby ich nie mieli;
30 boitumelo kgotsa kutlobotlhoko kgotsa dikhumo ga di a tshwanela go kganela ope go dira tiro ya Modimo.
Ci, którzy płaczą, jakby nie płakali; ci, którzy się radują, jakby się nie radowali; ci, którzy kupują, jakby nie posiadali;
31 Ba ba atisang go amana le dilo tse di kgatlhanong tsa lefatshe ba tshwanetse go dirisa mabaka a a batlegang ka go a sola molemo, gonne lefatshe mo seemong se le leng mo go sone le tlaa tloga le feta.
A ci, którzy używają tego świata, żeby nie nadużywali. Przemija bowiem postać tego świata.
32 Mo go tsotlhe tse lo di dirang, ke batla gore lo nne le kgololesego mo dingongoreng. Monna yo o sa nyalang o ka senya lobaka lwa gagwe a dira tiro ya Morena le go akanya ka fa o ka o itumedisang ka teng.
Chcę, żebyście nie mieli trosk. Nieżonaty troszczy się o sprawy Pana, o to, jak się przypodobać Panu.
33 Mme monna yo o nyetseng ga a ka ke a dira jalo sentle; o tshwanetse go akanya kaga dilo tsa lefatshe le ka fa o ka itumedisang mosadi wa gagwe ka teng.
Lecz żonaty troszczy się o sprawy tego świata, o to, jak się przypodobać żonie.
34 Dikgatlhego tsa gagwe di kgaogane. Go tshwana fela le morweetsana yo o nyalwang. O lebana le mathata a a ntseng fela jalo. Morweetsana yo o sa nyalwang o tlhwaafalela go itumedisa Morena ka bojotlhe jwa gagwe le se o se dirang. Mme mosadi yo o nyetsweng o tshwanetse go akanya dilo tse dingwe jaaka go tlhokomela ntlo ya gagwe le go rata le go sa rate ga monna wa gagwe.
Jest różnica między mężatką a dziewicą. Niezamężna troszczy się o sprawy Pana, o to, by była święta i ciałem, i duchem. Mężatka zaś troszczy się o sprawy tego świata, o to, jak się przypodobać mężowi.
35 Ke bua se go lo thusa, eseng go lo itsa go nyala. Ke batla lo dira se lo bonang se ka lo thusa go direla Morena sentle, mme a go se nne le dilo tse dintsi tse di ka tlosang theetso ya lona mo go ene.
Mówię to dla waszego dobra, nie aby zarzucać na was sidła, ale żebyście godnie i przyzwoicie [stali przy] Panu, nie dając się rozproszyć.
36 Mme fa mongwe a batla go nyala ka ntlha ya gore o na le matshwenyego a a dirisang nama ya gagwe, go siame, ga se boleo, a a nyale.
Jeśli ktoś uważa, że zachowuje się niewłaściwie wobec swojej dziewicy, gdyby przeszły już jej lata i jest taka potrzeba, niech czyni, co chce, bo nie grzeszy. Niech wyjdzie za mąż.
37 Mme fa monna a na le maitshegeletso a go tlhoka go nyala mme a ikaelela gore ga a batle ebile ga a nke a nyala, o dirile mogopolo o o siameng.
Lecz jeśli ktoś mocno postanowił w [swym] sercu, nie mając takiej potrzeby, ale panując nad [własną] wolą, i osądził w swym sercu, że zachowa swoją dziewicę, dobrze czyni.
38 Jalo motho yo o nyalang o dira sentle, mme motho yo o sa nyaleng o dira sentle go gaisa.
Tak więc ten, kto wydaje [ją] za mąż, dobrze czyni, ale ten, kto nie wydaje [jej] za mąż, lepiej czyni.
39 Mosadi ke bontlha bongwe jwa monna mo botshelong jwa gagwe, fa monna wa gagwe a a swa, foo o ka nyalwa gape, mme fela fa a nyalwa ke Mokeresete.
Żona jest związana prawem, dopóki żyje jej mąż. Jeśli mąż umrze, wolno jej wyjść za kogo chce, byle w Panu.
40 Mme mo mogopolong wa me, o tlaa itumela fa a sa nyalwe gape; ebile ke gopola gore ke lo naya kgakololo e e tswang mo Moweng wa Modimo fa ke bua se.
Szczęśliwsza jednak będzie, jeśli tak pozostanie, zgodnie z moją radą. A sądzę, że i ja mam Ducha Bożego.