< Bakorintha I 6 >

1 Go ka nna jang fa o na le sengwe kgatlha nong le Mokeresete yo mongwe, o “ya kwa Molaong” o ya go kopa tshekelo ya boheitane go go atlholela mo boemong jwa go e tseela kwa Bakereseteng ba bangwe go ya go atlhola gore ke ofe wa lona yo o siameng?
Kan nogen af eder, når han har Sag med en anden, føre det over sit Sind at søge Dom hos de uretfærdige, og ikke hos de hellige?
2 A ga lo itse gore letsatsi lengwe rona Bakeresete re tlaa atlhola re be re busa lefatshe? Jalo ke eng fa lo sa kgone go atlhola le tsone dilonyana tse di nnye tse di mo gareng ga lona.
Eller vide I ikke, at de hellige skulle dømme Verden? og når Verden dømmes ved eder, ere I da uværdige til at sidde til Doms i de ringeste Sager?
3 A ga lo lemoge gore rona Bakeresete re tlaa atlhola re bo re duela baengele ba ba mo legodimong. Jalo lo tshwanetse go atlhola matshwenyego a lona mono lefatsheng ka bomotlhofo jo bogolo.
Vide I ikke, at vi skulle dømme Engle? end sige da i timelige Ting!
4 Ke eng fa jaanong lo ya kwa baatlhoding ba ba kwa ntle ba e seng Bakeresete?
Når I da have Sager om timelige Ting, sætte I da dem til Dommere, som ere agtede for intet i Menigheden?
5 Ke leka go lo tlhabisa ditlhong. A ga go na ope mo phuthegong yo o botlhale thata go atlhola dingongorego tse?
Til Skam for eder siger jeg det: Er der da slet ingen viis iblandt eder, som kan dømme sine Brødre imellem?
6 Mme mo boemong jwa se, Mokeresete o isa yo mongwe tshekong mme a sekise mokaulengwe wa gagwe fa pele ga batho ba ba sa dumeleng.
Men Broder fører Sag imod Broder, og det for vantro!
7 Go nna le ditshekisano tse di ntseng jalo lo le Bakeresete go raya gore lo fentswe e le ruri. Ke eng fa lo sa ineele mo patikong? Mme lwa tlogela go ntse jalo? E tlaa bo e le tlotlo e kgolo mo Moreneng fa lo ineela go tsiediwa.
Overhovedet er jo allerede det en Fejl hos eder, at I have Retssager med hverandre. Hvorfor lide I ikke hellere Uret? hvorfor lade I eder ikke hellere plyndre?
8 Mme mo boemong jwa gone moo, lona ka bolona ke lona ba lo dirang phoso, lo tsietsa ba bangwe, le e leng bone ba bakaulengwe ba lona tota.
Men I gøre Uret og plyndre, og det Brødre!
9 A ga lo itse gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na seabe mo Bogosing jwa Modimo? Lo se ka lwa itsietsa. Ba ba tshelang botshelo jo bo makgapha, ba ba obamelang medimo ya disetwa, bagokagadi kgotsa banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna ka bone ga ba na seabe mo bogosing jwa one. Le fa e le magodu, kgotsa batho ba ba bohula, matagwa, bakgadi kgotsa baikgagapedi.
Eller vide I ikke, at uretfærdige skulle ikke arve Guds Rige? Farer ikke vild! Hverken utugtige eller Afgudsdyrkere eller Horkarle eller de som lade sig bruge til unaturlig Utugt, eller de, som øve den,
eller Tyve eller havesyge eller Drankere, ingen Skændegæster, ingen Røvere skulle arve Guds Rige.
11 Nako nngwe bangwe ba lona ba kile ba bo ba ntse jalo mme jaanong dibe tsa lona di tlhatswitswe, mme lo beetswe fa thoko go nna ba Modimo, mme o lo amogetse ka ntlha ya se Morena Jesu Keresete le Mowa wa Modimo o lo se diretseng.
Og sådanne vare I for en Del; men I lode eder aftvætte, ja, I bleve helligede, ja, I bleve retfærdiggjorte ved den Herres Jesu Navn og ved vor Guds Ånd.
12 Ke ka dira sengwe le sengwe se ke se batlang fa Keresete a sa nkganele, mme dilo dingwe tsa dilo tse ga di a ntshiamela. Le fa ke letlelelwa go di dira, ke tlaa gana go di dira fa ke akanya gore di ka dira sekgopi se se ntseng jalo mo go nna se ke se ka keng ka se kganela motlhofo fa ke batla go se kganela.
Alt er mig tilladt, men ikke alt er gavnligt; alt er mig tilladt, men jeg skal ikke lade mig beherske af noget.
13 A ke re, tsaya kgang ya go ja, Modimo o re neile go nna le keletso ya dijo le mpa go di sila. Mme moo ga go reye gore re tshwanetse go ja go feta jaaka re batla. Se akanyeng gore go ja go botlhokwa, ka gore letsatsi lengwe Modimo o tlaa di nyeletsa tsoo pedi, mpa le dijo. Mme boaka ga bo a siama: mebele ya rona ga e a direlwa moo, mme e diretswe Morena, mme Morena o batla go tlatsa mebele ya rona ka bo ene.
Maden er for Bugen og Bugen for Maden; men Gud skal tilintetgøre både denne og hin. Legemet derimod er ikke for Utugt, men for Herren, og Herren for Legemet;
14 Le gone Modimo o tlaa tsosa mebele ya rona mo baswing ka nonofo ya gagwe fela jaaka a tsositse Morena Jesu Keresete.
og Gud har både oprejst Herren og skal oprejse os ved sin Kraft.
15 A ga lo lemoge gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? Jalo a ke tshwanetse go tsaya tokololo ya ga Keresete ka e kopanya le seaka? Le goka!
Vide I ikke, at eders Legemer ere Kristi Lemmer? Skal jeg da tage Kristi Lemmer og gøre Skøgelemmer deraf? Det være langt fra!
16 Le gone a ga lo itse gore fa monna a ikopanya le seaka o nna tokololo ya sone le sone se nna tokololo ya gagwe? Gonne Modimo o re bolelela mo Dikwalong gore ka fa ponong ya one bobedi bo nna motho a le mongwe.
Eller vide I ikke, at den, som holder sig til Skøgen, er eet Legeme med hende?"Thi de to," hedder det,"skulle blive til eet Kød."
17 Mme fa o ineela mo Moreneng wena le Keresete lo a kopana lo nna motho a le mongwe.
Men den, som holder sig til Herren, er een Ånd med ham.
18 Ke gone mo ke lo rayang ke re tshabang boaka. Ga go na sebe sepe se se amang mmele jaaka sebe se.
Flyr Utugt! Enhver Synd, som et Menneske ellers gør, er uden for Legemet; men den, som bedriver Utugt, synder imod sit eget Legeme.
19 A ga lo ise lo ithute gore mmele wa lona ke legae la Mowa O O Boitshepo o Modimo o lo o neileng, le gore o nne mo teng ga lona? Mmele o e leng wa lona ga se wa lona.
Eller vide I ikke, at eders Legeme er et Tempel for den Helligånd, som er i eder, hvilken I have fra Gud, og at I ikke ere eders egne?
20 Gonne Modimo o o rekile ka tlhwatlhwa e kgolo. Jalo dirisang bontlha bongwe le bongwe jwa mmele wa lona go galaletsa Modimo, ka gore ke wa one.
Thi I bleve købte dyrt; ærer derfor Gud i eders Legeme!

< Bakorintha I 6 >