< Bakorintha I 5 >

1 Mongwe le mongwe o bua kaga selo se se maswe se se diragetseng koo mo gare ga lona, sengwe se se bosula thata se le e leng bone baheitane ba sa se direng! Lo na le motho mongwe mo phuthegong ya lona yo o tshelang mo sebeng le mosadi wa ga rraagwe.
Ziko habari za kuaminika kwamba kuna uzinzi miongoni mwenu; tena ni uzinzi mbaya ambao haujapata kuwako hata kati ya watu wasiomjua Mungu. Nimeambiwa eti mmoja wenu anaishi na mke wa baba yake!
2 Mme a lo santse lo ipelafatsa, lo re lo ba “Semowa?” Ke eng fa lo sa lele ka khutsafalo le ditlhong, le gore lo bone gore motho yo o ntshiwa mo botokololong jwa lona?
Mnawezaje kujivuna? Ingekuwa afadhali kwenu kuomboleza, na huyo aliyefanya kitu hicho aondolewe miongoni mwenu.
3 Le fa ke se na le lona koo, ke ntse ke akanya thata kaga se mme mo leineng la Morena Jesu Keresete ke setse ke ntse ke akanya thata kaga se ke ka se dirang, fela jaaka ekete ke koo. Lo tshwanetse go phutha phuthego, mme nonofo ya Morena Jesu e tlaa nna le lona fa lo kopana, mme le nna ke tlaa bo ke le teng mo moweng,
Nami, kwa upande wangu, ingawa kwa mwili niko mbali nanyi, hata hivyo kwa roho niko hapo pamoja nanyi: na hivyo, kama vile nipo hapo, nimekwisha mhukumu huyo aliyefanya jambo hilo la aibu.
4
Wakati mnapokusanyika pamoja kwa jina la Bwana Yesu, nami nikiwa pamoja nanyi kwa roho, basi, kwa uwezo wa Bwana wetu Yesu,
5 mme lo kgaole motho yo mo bolokong jwa phuthego, lo mo tsenye mo diatleng tsa ga Satane, go mo otlhaya, mo tsholofelong ya gore mowa wa gagwe o tle o bolokwe fa Morena Jesu Keresete a bowa.
mkabidhini mtu huyo kwa Shetani ili mwili wake uharibiwe na roho yake iweze kuokolewa Siku ile ya Bwana.
6 Mo kana go hakgamatsa jang gore lo bo lo ipelafatsa kaga boitshekiso jwa lona, mme le fa go ntse jalo lo letla selo sa go nna jaana go tswelela pele. A ga lo itse gore fa motho a le mongwe fela a letlelelwa go tswelela mo sebeng, ka bofefo go tlaa ama batho botlhe?
Majivuno yenu hayafai! Je, hamjui kwamba chachu kidogo huchachusha donge lote la unga?
7 Tlosang sefatlhi se se maswe se, motho yo o bosula yo, mo gare ga lona, gore lo nne lo le phepa. Keresete, Kwana ya Modimo re mmolaetswe.
Jitakaseni, mkatupe mbali chachu ya kale ili mpate kuwa donge jipya lisilotiwa chachu kama mnavyopaswa kuwa; maana, Kristo, Pasaka yetu, amekwisha tolewa tambiko.
8 Jalo a re jeng moletlo o mo dipelong tsa rona mo go ene re gole thata mo botshelong jwa Sekeresete, re tlogele gotlhe kwa morago, botshelo jo bogologolo ka mafufa otlhe a jone le bosula. Mo boemongjwa seo, a re jeng moletlo wa senkgwe se se itshekileng sa tlotlo le bopelo-e-phepha le boammaaruri.
Basi, tufanye karamu hiyo si kwa chachu ile ya kale, chachu ya ubaya na uovu, bali kwa mkate usiotiwa chachu, mkate wa usafi na kweli.
9 Erile fa ke lo kwaletse la ntlha ke rile lo seka lwa tlhakana le batho ba ba bosula.
Niliwaandikia katika barua yangu msishirikiane na wazinzi.
10 Mme erile fa ke bua jalo ke ne ke sa bue kaga batho ba ba sa dumeleng ba ba tshelelang mo boakeng, kgotsa difatlha tsa batsietsi le magodu le baobamedi ba medimo ya disetwa. Gonne ga lo ka ke lwa nna mo lefatsheng leno kwa ntle ga batho ba ba ntseng jalo.
Ukweli ni kwamba sikuwa na maana ya watu wote duniani walio wazinzi, wachoyo, walaghai na wenye kuabudu sanamu. Maana, ili kuwaepa hao wote ingewalazimu ninyi kuihama dunia hii kabisa!
11 Se ke neng ke se raya ke gore ga lo a tshwanela go tsalana le mongwe yo o ipitsang Mokeresete mme e le moakafadi, kgotsa sefatlha, kgotsa motsietsi, kgotsa moobamedi wa medimo ya disetwa, kgotsa letagwa, kgotsa mokgadi. Lo se ka lwaa ja le motho yo o ntseng jalo.
Nilichoandika ni hiki: msishirikiane na ndugu Mkristo aliye mzinzi, mchoyo, mwenye kuabudu sanamu, mchongezi mlevi na mlaghai. Mtu wa namna hiyo, hata kula msile naye.
12 Ga se tiro ya rona go atlhola ba ba kwa ntle. Mme ke tiro ya rona tota go atlhola le go dirana thata le ba e leng ditokololo tsa phuthego, le ba ba leofang.
Je, ni shauri langu kuwahukumu watu walio nje? Hao Mungu atawahukumu. Je, ninyi hampaswi kuwahukumu wale walio katika jamii yenu ninyi wenyewe?
13 Modimo o le osi ke moatlhodi wa ba ba ka kwa ntle mme lona ka bo lona lo tshwanetse go dirana le motho yoo gore lo mo kgaole mo phuthegong ya lona.
Mfukuzeni mbali nanyi huyo mwovu!

< Bakorintha I 5 >