< Bakorintha I 3 >

1 Bakaulengwe ba ba rategang, ke ntse ke bua le lona jaaka ekete lo santse lo le bana mo bo-tshelong jwa Sekeresete, ba ba sa latelang Morena, mme lo latela dikeletso tsa lona; ga ke ka ke ka bua le lona jaaka fa ke ka bua le Bakeresete ba ba nonofileng, ba ba tletseng Mowa O O Boitshepo.
Og jeg, Brødre! kunde ikke tale til eder som til åndelige, men som til kødelige, som til spæde Børn i Kristus.
2 Ke tshwanetse go lo otla ka mashi e seng ka dijo tse di thata, gonne ga lo ka ke lwa kgona go di sila. Mme le jaanong lo santse lo tshwanetswe ke go otlwa ka mashi.
Mælk gav jeg eder at drikke, ikke fast Føde; thi I kunde endnu ikke tåle det, ja, I kunne det ikke engang nu;
3 Gonne lo santse lo le Bakeresete ba ba botlana, ba lo laolwang ke dikeletso tsa lona; e seng tsa Modimo. Fa lo huhegelana mme lo ikaba ka ditlhopha tse di omanang, a se ga se supe gore lo sa le bananyana, lo batla tsela e e leng ya lona? Le fa go ntse jalo, lo dira jaaka batho ba eseng ba Morena gotlhelele.
thi endnu ere I kødelige. Når der nemlig er Nid og Splid iblandt eder, ere I da ikke kødelige og vandre på Menneskers Vis?
4 Mme ke foo, lo omana ka gore a ke mogolo go feta Apolose, ebile lo kgaoganya phuthego. A se ga se supe gore lo godile go le gonnye mo Moreneng?
Thi når en siger: "Jeg hører Paulus til," og en anden: "Jeg hører Apollos til," ere I så ikke "Mennesker"?
5 Nna ke mang, mme Apolose ene ke mang mo e leng gore re ka tsosa kgang? Ka goreng, gonne re batlhanka ba Modimo fela, mongwe le mongwe wa rona o na le dinonofo tse di faphegileng, mme ka thuso ya rona lo dumetse.
Hvad er da Apollos? og hvad er Paulus? Tjenere, ved hvilke I bleve troende og det, efter som Herren gav enhver.
6 Tiro ya me e ne e le go jala peo mo dipelong tsa lona, mme tiro ya ga Apolose e ne e le go e nosetsa, mme e ne e le Modimo fela, e seng rona, o o godisitseng peo mo dipelong tsa lona.
Jeg plantede, Apollos vandede, men Gud gav Vækst.
7 Motho yo o jalang kgotsa yo o nosetsang ga a botlhokwa thata, mme Modimo o botlhokwa gonne ke one o o godisang dilo.
Så er da hverken den noget, som planter, ikke heller den, som vander, men Gud, som giver Vækst.
8 Apolose le nna re badiri mmogo ka maikaelelo a a tshwanang, le fa mongwe le mongwe wa rona a tlaa duelelwa tiro ya gagwe e a e dirileng ka bonatla.
Den, som planter, og den, som vander, ere eet; men hver skal få sin egen Løn efter sit eget Arbejde.
9 Re badiri mmogo le Modimo. Lona lo tshimo ya Modimo, ebile; lo kago ya Modimo e seng ya rona.
Thi Guds Medarbejdere ere vi; Guds Ager, Guds Bygning ere I.
10 Modimo mo bopelonoming jwa one o nthutile gore ke ka nna moitseanape wa moagi jang. Ke tlhomile motheo mme Apolose o agile mo go one. Mme yo o agang mo motheong o tshwanetse go tlhokomela thata.
Efter den Guds Nåde, som blev given mig, har jeg som en viis Bygmester lagt Grundvold, men en anden bygger derpå. Men enhver se til, hvorledes han bygger derpå!
11 Gonne ga go na ope yo o ka tlhomang motheo ope wa boammaaruri go gaisa o re setseng re na nao, ebong Jesu Keresete.
thi anden Grundvold kan ingen lægge end den, som er lagt, hvilken er Jesus Kristus.
12 Mme go na le mekgwa e le mentsi thata e e ka dirisiwang go aga mo motheong oo. Bangwe ba dirisa Gauta le Selefera le maje a a phatsimang; bangwe ba aga ka dikgong, le bojang, kgotsa ka lotlhaka!
Men dersom nogen på Grundvolden bygger med Guld, Sølv, kostbare Sten, Træ, Hø, Strå,
13 Mme go tlaa tla lobaka lwa tlhatlhobo ka letsatsi la ga Keresete la Katlholo go bona mofuta wa didirisiwa tse moagi mongwe le mongwe o di dirisitseng. Tiro ya mongwe le mongwe e tlaa tsenngwa mo gare ga molelo go re botlhe ba tle ba bone gore a e tlaa tshegetsa selekanyo sa yone kgotsa nnyaa, le gore go bonwe ka fa go dirilweng ka teng.
da skal enhvers Arbejde blive åbenbaret; thi Dagen skal gøre det klart, efterdi den åbenbares med Ild, og hvordan enhvers Arbejde er, det skal Ilden prøve.
14 Ke gone ka moo modiri mongwe le mongwe yo o agileng mo motheong ka didirisiwa tsa dikago tse di siameng, le yo tiro ya gagwe e santseng e eme, o tlaa bona tuelo ya gagwe.
Dersom det Arbejde, som en har bygget derpå, består, da skal han få Løn;
15 Mme fa ntlo e o e agileng ee sha, o tlaa nna le tatlhegelo e kgolo. Ene ka boene o tlaa bolokwa, mme o tlaa bolokwa jaaka motho yo o falolang mo kgabong ya molelo.
dersom ens Arbejde bliver opbrændt, da skal han gå Glip af den; men selv skal han blive frelst, dog som igennem Ild.
16 A ga lo lemoge gore lotlhe lo ntlo ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o nna mo go lona mo tlung ya one?
Vide I ikke, at I ere Guds Tempel, og Guds Ånd bor i eder?
17 Fa mongwe a leswafatsa kgotsa a senya legae la Modimo, Modimo o tlaa mo senya. Gonne legae la Modimo le itshepile le phepa, mme ke lona legae leo.
Dersom nogen fordærver Guds Tempel, skal Gud fordærve ham; thi Guds Tempel er helligt, og det ere jo I.
18 Lesang go itsietsa. Fa lo ikaya lo le botlhale jo bo feteletseng, jaaka go lejwa ka fa ponong ya maemo a lefatshe le, go ka nna botoka go beela mo gotlhe fa thoko mme lwa nna dieleele go na le gore lo bo lese bo lo busetsa kwa morago mo botlhaleng jwa boammaarruri jo bo tswang kwa godimo. (aiōn g165)
Ingen bedrage sig selv! Dersom nogen tykkes at være viis iblandt eder i denne Verden, han vorde en Dåre, for at han kan vorde viis. (aiōn g165)
19 Gonne botlhale jwa lefatshe ke boeleele mo Modimong. Jaaka mo lokwalong lwa ga Jobe gotwe, Modimo o dirisa botlhale jwa motho go mo tshwara; o kgotswa mo “botlhaleng” jwa gagwe mme a we.
Thi denne Verdens Visdom er Dårskab for Gud; thi der er skrevet: "Han er den, som griber de vise i deres Træskhed;"
20 Gape, mo lokwalong lwa Dipesalema re boleletswe gore Morena o itse sentle ka botlalo gore mogopolo wa motho o akanya jang, le boeleele le go tlhoka ga one.
og atter:"Herren kender de vises Tanker, at de ere forfængelige."
21 Jalo se ikgantsheng ka go sala morago batlhalefi ba lefatshe le. Gonne Modimo o setse o lo neile sengwe le sengwe se lo se tlhokang.
Derfor rose ingen sig af Mennesker! Alle Ting ere jo eders,
22 O lo neile Paulo le Apolose le Petere go nna bathusi ba lona. O lo neile lefatshe lotlhe go le dirisa, le botshelo le lone loso ke batlhanka ba lona. O lo neile tsa motlha ono le tsotlhe tsa o o tlang. Tsotlhe ke tsa lona,
være sig Paulus eller Apollos eller Kefas eller Verden eller Liv eller Død eller det nærværende eller det tilkommende: alle Ting ere eders;
23 ebile lo ba ga Keresete, mme Keresete ke wa Modimo.
men I ere Kristi, og Kristus er Guds.

< Bakorintha I 3 >