< Bakorintha I 2 >
1 Bakaulengwe ba ba rategang, erile fa ke tla kwa go lona ga ke a ka ka dirisa mafoko a boikgogomoso le megopolo e e nonofileng go lo bolelela molaetsa wa Modimo.
I ja, bracia, gdy do was przyszedłem, nie przybyłem z wzniosłością mowy lub mądrości, głosząc wam świadectwo Boga.
2 Gonne ke ne ke ikaeletse gore ke tlaa bua kaga Jesu Keresete fela le loso lwa gagwe mo mokgorong.
Postanowiłem bowiem nie znać wśród was niczego innego, jak tylko Jezusa Chrystusa, i to ukrzyżowanego.
3 Ke tsile kwa go lona ke le bokoa, ke boifa ke roroma.
I byłem u was w słabości, w bojaźni i z wielkim drżeniem.
4 Mme thero ya me e ne e tlhamaletse, e sena puo e e tsietsang ya botlhale jwa setho, mme nonofo ya Mowa O O Boitshepo e ne e le mo mafokong a me, e supegetsa ba ba neng ba a utlwa gore molaetsa o ne o tswa kwa Modimong.
A moja mowa i moje głoszenie nie [opierały się] na powabnych słowach ludzkiej mądrości, ale na ukazywaniu Ducha i mocy;
5 Ke ne ke dira se ka gore ke ne ke batla gore tumelo ya lona e nitame mo Modimong, e seng mo megopolong e megolo ya batho.
Aby wasza wiara nie opierała się na mądrości ludzkiej, ale na mocy Boga.
6 Le fa go ntse jalo fa ke na le Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong ke a tle ke bue mafoko a botlhale jo bogolo, mme e seng a mofuta o o tswang mono lefatsheng, le e seng ka mofuta wa batho ba lefatshe le, ba ba tlaa tlogang ba nyelela. (aiōn )
Głosimy jednak mądrość wśród doskonałych, ale nie mądrość tego świata ani władców tego świata, którzy przemijają; (aiōn )
7 Mafoko a rona a botlhale ka gore a tswa mo Modimong, a re bolelela botlhale jwa leano la Modimo le le re tlisang mo dikgalalelong tsa Legodimo. Leano le le ne le fitlhegile mo lobakeng lwa pele, le fa le ne la dirwa go re solegela molemo pele ga tshimologo ya lefatshe. (aiōn )
Lecz głosimy mądrość Boga w tajemnicy, zakrytą [mądrość], którą przed wiekami Bóg przeznaczył ku naszej chwale; (aiōn )
8 Mme batho ba bagolo ba lefatshe ga ba a ka ba le tlhaloganya; fa ba ne ba le tlhalogantse, ba ka bo ba sa bapola Morena wa kgalalelo. (aiōn )
Której nie poznał żaden z władców tego świata. Gdyby [ją] bowiem poznali, nigdy nie ukrzyżowaliby Pana chwały; (aiōn )
9 Ke sone se Dikwalo di se rayang fa di re, ga go na motho ope yo o kileng a bona, a utlwa kgotsa a akanya tse dintle tse Modimo o di baakanyeditseng ba ba ratang Morena.
Ale [głosimy], jak jest napisane: Czego oko nie widziało ani ucho nie słyszało, ani nie wstąpiło do serca człowieka, to przygotował Bóg tym, którzy go miłują.
10 Mme re itse kaga dilo tse ka gore Modimo o rometse Mowa wa one go re di bolelela, mme Mowa wa one o a puruputsha ebile o re bontsha diphiri tse di kwa teng tsa Modimo.
Nam zaś Bóg objawił to przez swojego Ducha. Duch bowiem bada wszystko, nawet głębokości Boga.
11 Ga go na ope yo o ka itseng se yo mongwe o se akanyang, kgotsa gore o ntse jang, fa e se ene motho yoo ka boene. Ebile ga go ope yo o ka itseng dikakanyo tsa Modimo fa e se Mowa wa Modimo ka bo-one.
Bo kto z ludzi wie, co jest w człowieku oprócz ducha ludzkiego, który w nim [jest]? Tak samo i tego, co jest w Bogu, nikt nie zna, oprócz Ducha Bożego.
12 Modimo o re neile Mowa wa one (eseng mowa wa lefatshe) go re bolelela kaga dineo tse di ntle tsa tshegofatso tse Modimo o re di neileng.
My zaś nie przyjęliśmy ducha świata, lecz Ducha, który [jest] z Boga, żebyśmy wiedzieli, które rzeczy są nam od Boga darowane.
13 Mo go lo boleleleng kaga dineo tse, re dirisitse one tota mafoko a re neng re a newa ke Mowa O O Boitshepo go tlhalosa ditiro tsa Mowa O O Boitshepo.
A o tym też mówimy nie słowami, których naucza ludzka mądrość, lecz których naucza Duch Święty, stosując do duchowych spraw to, co duchowe.
14 Mme motho yo e seng Mokeresete ga a ka ke a tlhaloganya a bo a amogela megopolo e e tswang mo Modimong, e Mowa O O Boitshepo o re e rutang. E utlwala e le boeleele mo go ene, ka gore ke ba ba nang le Mowa O O Boitshepo fela ba ba ka tlhaloganyang gore Mowa O O Boitshepo o rayang. Ba bangwe ga ba ka ke ba tlhaloganya.
Lecz cielesny człowiek nie pojmuje tych [rzeczy], które są Ducha Bożego. Są bowiem dla niego głupstwem i nie może ich poznać, ponieważ rozsądza się je duchowo.
15 Mme motho wa semowa o tlhaloganya dilo tsotlhe, le tse di tshwenyang ebile di palela motho wa lefatshe, yo o se ka keng a mo tlhaloganya gotlhelele.
[Człowiek] duchowy zaś rozsądza wszystko, lecz sam przez nikogo nie jest sądzony.
16 Go ka nna jang? Gonne ka boammaaruri ga a ise a ke a itse dikakanyo tsa Morena, kgotsa le fa e le go di buisana nae, kgotsa go tshikinya mabogo a Modimo ka thapelo. Mme go bonala go hakgamatsa, rona bakeresete mo go rona re na le bontlha bongwe jwa dikakanyo le mogopolo wa ga Keresete.
Kto bowiem poznał umysł Pana? Kto go będzie pouczał? Ale my mamy umysł Chrystusa.