< Bakorintha I 16 >
1 Mme jaanong se ke ditsela dingwe kaga madi a lo a kgobokanyang go a romelela Bakeresete ba ba kwa Jerusalema; mme se ke ditsela tse di tshwanang le tse ke neng ka di neela diphuthego kwa Galatia.
Ora, quanto á collecta que se faz para os sanctos, fazei vós tambem como ordenei ás egrejas da Galacia.
2 Ka Tshipi yo mongwe le yo mongwe, mongwe le mongwe wa lona a beele fa thoko sengwe mo go se o se amogetseng mo bekeng, mme lo se dirisetse mpho e. Tlhwatlhwa e ya fela ka fa Morena o go thusitseng ka gone. Lo se lete go fitlhelela ke tsena koo mme lekang go a phutha otlhe gangwe fela.
No primeiro dia da semana cada um de vós ponha de parte o que poder ajuntar, conforme a sua prosperidade, para que se não façam as collectas quando eu chegar.
3 E tlaa re fa ke tla ke tlaa romela mpho ya lona e ntle ka lokwalo kwa Jerusalema, go ya go tsewa gone ke barongwa ba ba tshephegang ba lona lo tlaa ba tlhophang.
E, quando tiver chegado, enviarei aos que por cartas approvardes para que levem a vossa dadiva a Jerusalem.
4 Mme fa go ntshiametse gore le nna ke tsamaye, jalo re ka tsamaya rotlhe.
E, se a coisa fôr digna de que eu tambem vá, irão comigo.
5 Ke tlaa lo etela ke sena go etela kwa Masedonia pele, mme ke tlaa nna koo ka lobakanyana fela.
Irei, porém, ter comvosco depois de ter passado pela Macedonia (porque tenho de passar pela Macedonia).
6 Go ka nna ga diragala gore ke nne le lona lobaka lo loleele, gongwe mariga otlhe, mme ke gone lo ka nthomelang kwa ke tshwanetseng go ya teng gape.
E bem pode ser que fique comvosco, e passe tambem o inverno, para que me acompanheis aonde quer que eu fôr.
7 Ka nako e ga ke batle gore ke fete fela; ke batla go tla ke nna lobakanyana, fa Morena a ka ntetla.
Porque não vos quero agora vêr de passagem, mas espero ficar comvosco algum tempo, se o Senhor o permittir.
8 Ke tlaa nna mono Efeso go fitlhelela letsatsi la boikhutso la Pentekosete,
Ficarei, porém, em Epheso até ao Pentecostes;
9 gonne kgoro e bulegile ya gore ke rere ke bo ke rute mono. Dilo tse dikgolo di a direga, mme go na le baganetsi ba le bantsi.
Porque uma porta grande e efficaz se me abriu; e ha muitos adversarios.
10 Fa Timotheo a tla, dirang gore a nne ka phuthologo, gonne o dira tiro ya Morena jaaka nna.
E, se vier Timotheo, vêde que esteja sem temor comvosco; porque trabalha na obra do Senhor, como eu tambem.
11 A go se nne le ope yo o mo nyatsang kgotsa a mo itlhokomolosa, [a le mmotlana], mme lo mmusetse kwa go nna a itumeletse go nna le lona; ke mo lebeletse go mmona ka bonako, le ba bangwe ba ba bowang nae.
Portanto ninguem o despreze, mas acompanhae-o em paz, para que venha ter comigo: porque o espero com os irmãos.
12 Ke kopile Apolose go lo etela le ba bangwe, mme o akantse gore ga se go rata ga Modimo gotlhelele gore a tsamaye gompieno; o tlaa lo bona mo bogautshwaneng fa a na le lobaka.
E, ácerca do irmão Apollos, roguei-lhe muito que fosse ter comvosco com os irmãos, mas, na verdade, não teve vontade de ir agora; irá, porém, quando se lhe offereça boa occasião.
13 Nnang lo itlhokometse mo matshwenyegong a semowa; emang ka boammaaruri mo Moreneng; dirang jaaka banna; lo nonofe;
Vigiae, estae firmes na fé: portae-vos varonilmente, e fortalecei-vos.
14 mme sengwe le sengwe se lo se dirang, se direng ka tshiamo le ka lorato.
Todas as vossas coisas sejam feitas com caridade.
15 A lo gakologelwa Setefanese le ba ntlo ya gagwe? Ke bone ba ntlha go nna Bakeresete mo Akaia mme ba dirisa matshelo a bone mo go thuseng Bakeresete gongwe le gongwe.
Rogo-vos, porém, irmãos, pois sabeis que a familia de Estephanas é as primicias da Achaia, e que se tem dedicado ao ministerio dos sanctos,
16 Tswee-tswee tshegetsang ditaelo tsa bone mme lo direng sengwe le sengwe se lo se kgonang go ba thusa le ba bangwe botlhe ba ba tshwanang le bone ba ba lo direlang thata ka boineelo.
Que tambem vos sujeiteis aos taes, e a todo aquelle que juntamente obra e trabalha.
17 Ke itumela thata gore Setefanese, Foretunalo, le Akaiko ba gorogile fano ba etile. Ba dirile thuso e lona lo sa kgoneng go e dira.
Folgo, porém, com a vinda de Estephanas, e de Fortunato e de Achaico; porque estes suppriram o que da vossa parte me faltava.
18 Ba intumedisitse thata ebile ba nkgothaditse mo go hakgamatsang, jaaka ke tlhomamisa gore ba ne ba dira jalo le mo go lona. Ke solofela gore lo itumelela tiro ya banna ba ba ntseng jaaka ba.
Porque recrearam o meu espirito e o vosso. Reconhecei pois aos taes.
19 Diphuthego mo Asia di a lo dumedisa. Akwila le Peresila ba romela lorato lwa bone le botlhe ba ba kopanelang tirelo mo malapeng a bone ba a dumedisa.
As egrejas da Asia vos saudam. Saudam-vos affectuosamente no Senhor Aquila e Prisca, com a egreja que está em sua casa.
20 Ditsala tsotlhe fano di nkopile go lo di dumedisetsa. Mme lo dumedisane ka lorato fa lo kopana le ba bangwe.
Todos os irmãos vos saudam. Saudae-vos uns aos outros com osculo sancto.
21 Ke tlaa kwala mafoko a bofelo ka seatla se e leng sa me:
Saudação da minha propria mão, de Paulo.
22 fa mongwe a sa rate Morena, motho yoo, o hutsegile. Morena Jesu tla!
Se alguem não ama ao Senhor Jesus Christo, seja anathema, maranatha.
23 A lorato le tshegofatso ya Morena Jesu Keresete e nne le lona.
A graça do Senhor Jesus Christo seja comvosco.
24 Lorato lwa me go botlhe, gonne rotlhe re ba ga Jesu Keresete. Kele, Wa lona ruri Paulo
O meu amor seja com todos vós em Christo Jesus. Amen.