< Bakorintha I 12 >
1 Mme jaanong bakaulengwe, ke batla go kwala kaga dineo tse di faphegileng tse Mowa O O Boitshepo o di nayang bangwe le bangwe ba lona, gonne ga ke batle tlhoka-kutlwisisanyo kaga tsone.
Über die Geistesgaben aber, meine Brüder, will ich euch nicht in Unwissenheit lassen.
2 Lo tlaa gakologelwa gore pele ga lo nna Bakeresete lo ne lo tlhatlologanya medimo ya disetwa, lo tswa mo go o lo tsena mo go o mongwe, go se ope wa yone o o neng o ka bua lefoko le le lengwe.
Ihr wisset, daß ihr, als ihr Heiden waret, euch zu den stummen Götzen hinziehen ließet, wie ihr geleitet wurdet.
3 [Mme jaanong lo kopana le batho ba ba reng ba bua melaetsa e e tswang mo Moweng wa Modimo.] Lo itse jang gore ba tlhotlheleditswe ke Modimo tota kgotsa ke batsietsi? Itlhatlhobo ke e: ga go na ope yo o buang ka nonofo ya Mowa wa Modimo yo o ka hutsang Jesu, le gone ga go na ope yo o ka reng, “Jesu ke Morena,” mme e le boammaaruri, fa a sa thusiwe ke Mowa O O Boitshepo.
Darum tue ich euch kund, daß niemand, der im Geiste Gottes redet, sagt: «Verflucht sei Jesus!» es kann aber auch niemand sagen: «Herr Jesus!» als nur im heiligen Geist.
4 Jaanong Modimo o re naya mefuta e mentsi ya dineo tse di faphegileng, mme ke Mowa O O Boitshepo o le mongwe fela o e leng one motswedi wa tsone tsotlhe.
Es bestehen aber Unterschiede in den Gnadengaben, doch ist es derselbe Geist;
5 Go na le mefuta e e farologanyeng ya ditirelo Modimo, mme ke Morena a le mongwe fela yo re mo direlang.
auch gibt es verschiedene Dienstleistungen, doch ist es derselbe Herr;
6 Go na le ditsela di le dintsi tse Modimo o dirang ka tsone mo matshelong a rona, mme ke Modimo o le mongwe fela o o dirang tiro mo go rona rotlhe ba re leng ba one.
und auch die Kraftwirkungen sind verschieden, doch ist es derselbe Gott, der alles in allen wirkt.
7 Mowa O O Boitshepo o bonatsa nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe wa rona e le go thusa phuthego yotlhe.
Einem jeglichen aber wird die Offenbarung des Geistes zum [allgemeinen] Nutzen verliehen.
8 Motho mongwe mowa o mo naya nonofo go ntsha kgakololo e e siameng; mongwe o ka bo a siame thata ka fa go ithuteng le go ruta, mme se ke mpho ya gagwe e e tswang e ntse e le mo go one Mowa O O Boitshepo.
Dem einen nämlich wird durch den Geist die Rede der Weisheit gegeben, einem andern aber die Rede der Erkenntnis nach demselben Geist;
9 O naya yo mongwe tumelo e e faphegileng, yo mongwe nonofo ya go fodisa balwetse.
einem andern Glauben in demselben Geist; einem andern die Gabe gesund zu machen in dem gleichen Geist;
10 O naya bangwe nonofo ya go dira dikgakgamatso, ba bangwe nonofo ya go porofesa le go rera, o naya mongwe nonofo ya go itse fa mewa e e bosula e bua mo go ba ba ipitsang gore ba naya melaetsa ya Modimo, kgotsa gore a ke one tota Mowa wa Modimo o o buang. Fela jalo, motho yo mongwe o kgona go bua dipuo tse a iseng a ke a di ithute; mme ba bangwe ba ba sa itseng puo, ba newa nonofo ya go tlhaloganya se a se buang.
einem andern Wunder zu wirken, einem andern Weissagung, einem andern Geister zu unterscheiden, einem andern verschiedene Arten von Sprachen, einem andern die Auslegung der Sprachen.
11 E ntse ke one Mowa O O Boitshepo fela o o nayang dimpho tsotlhe le dinonofo, go bona gore mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go newa eng.
Dieses alles aber wirkt ein und derselbe Geist, der einem jeden persönlich zuteilt, wie er will.
12 Mebele ya rona e na le ditokololo di le dintsi, mme ditokololo tse dintsi di dira mmele o le mongwe fela fa di kopantswe. Go ntse fela jalo ka “mmele” wa ga Keresete.
Denn gleichwie der Leib einer ist und doch viele Glieder hat, alle Glieder des Leibes aber, wiewohl ihrer viele sind, doch nur einen Leib bilden, also auch Christus.
13 Mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya mmele wa ga Keresete. Bangwe ba rona ke Bajuta, bangwe ke Badichaba, bangwe ke magolegwa mme bangwe ba gololesegile. Mme Mowa O O Boitshepo o re tshwaragantse mmogo mo mmeleng o le mongwe. Re kolobeditswe mo mmeleng wa ga Keresete ka Mowa o le mongwe, ra bo ra newa one Mowa O O Boitshepo oo.
Denn wir wurden alle in einem Geist zu einem Leibe getauft, seien wir Juden oder Griechen, Knechte oder Freie, und wurden alle mit einem Geist getränkt.
14 Ee, mmele o na le ditokololo tse dintsi, e seng tokololo e le nngwe fela.
Denn auch der Leib ist nicht ein Glied, sondern viele.
15 Fa lonao lo re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ga ke letsogo,” seo ga se dire lonao tokololo e potlana ya mmele.
Wenn der Fuß spräche: Ich bin keine Hand, darum gehöre ich nicht zum Leib, so gehört er deswegen nicht weniger dazu!
16 Mme o ne o ka reng fa o utlwa tsebe e re, “Ga ke tokololo ya mmele ka gore ke tsebe fela, ga ke leitlho”. A seo se ne se tlaa e dira tokololo e potlana ya mmele?
Und wenn das Ohr spräche: Ich bin kein Auge, darum gehöre ich nicht zum Leib; so gehört es deswegen nicht weniger dazu!
17 A re re fa mmele otlhe e ne e le leitlho, o ne o ka utlwa jang? Kgotsa mmele wa gago otlhe fela e le tsebe e le nngwe e tona, o ne o ka dupelela jang?
Wäre der ganze Leib Auge, wo bliebe das Gehör? Wäre er ganz Ohr, wo bliebe der Geruch?
18 Mme ga se kafa Modimo o re dirileng ka gone. O diretse mebele ya rona ditokololo di le dintsi thata, mme wa baya tokololo nngwe le nngwe fa o e batlang gone.
Nun aber hat Gott die Glieder, jedes einzelne von ihnen, so am Leibe gesetzt, wie er gewollt hat.
19 Go ne go tlaa hakgamatsa jang fa mmele o ne o na le tokololo e le nngwe fela?
Wenn aber alles ein Glied wäre, wo bliebe der Leib?
20 Jalo o dirile ditokololo tse dintsi, mme le fa go ntse jalo, mmele o ntse o mongwe fela.
Nun aber gibt es viele Glieder, doch nur einen Leib.
21 Leitlho ga le kake la raya letsogo la re, “Ga ke go batle,” Tlhogo ga e kake ya raya dinao ya re, “Ga ke lo batle”.
Das Auge kann nicht zur Hand sagen: Ich bedarf deiner nicht, oder das Haupt zu den Füßen: Ich bedarf euer nicht!
22 Mme ditokololo dingwe tse di lebegang di le bokoa ebile di se botlhokwa thata ke tsone tota tse di tlhokegang thata,
Vielmehr sind gerade die scheinbar schwächern Glieder des Leibes notwendig,
23 mme ditokololo tse re akanyang gore ga di botlhokwa thata, re di eleng tlhoko thata; fa ditokololo tsa mmele tse di sa lebegeng di le dintle thata di amogela kelotlhoko e e faphegileng,
und die wir für weniger ehrbar am Leibe halten, die umgeben wir mit desto größerer Ehre, und die uns übel anstehen, die schmückt man am meisten;
24 fa tota ditokololo tse di ka bonwang di sa batle tlhokomelo e e faphegileng e. Jalo Modimo o bopile mmele ka tsela e e leng gore tlotlo le tlhokomelo di newe ditokololo tse di lebegang di sa tlotlwa thata.
denn die uns wohl anstehen, bedürfen es nicht. Gott aber hat den Leib so zusammengefügt, daß er dem dürftigeren Glied um so größere Ehre gab,
25 Se se dira boitumelo mo ditokololong, gore ditokololo tse di nne le tlhokomelo e e tshwanelang tse dingwe gore di itirele ka bo tsone.
damit es keinen Zwiespalt im Leibe gebe, sondern die Glieder gleichmäßig füreinander sorgen.
26 Fa tokololo nngwe e utlwa botlhoko, ditokololo di utlwa botlhoko nayo, mme fa tokololo e le nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di a itumela.
Und wenn ein Glied leidet, so leiden alle Glieder mit; und wenn ein Glied geehrt wird, so freuen sich alle Glieder mit.
27 Jaanong se ke batlang go se bua ke se: Lotlhe lo mmele o le mongwe fela wa ga Keresete mme mongwe le mongwe wa lona ke tokololo e e faphegileng e e tlhokegang ya one.
Ihr aber seid Christi Leib, und jedes in seinem Teil Glieder.
28 Thulaganyo ya ditokololo dingwe tse a di beileng mo phuthegong ya gagwe ke e, e e leng mmele wa gagwe: Baporofiti—bao ba rerang Lefoko la Modimo, Baruti, bao ba dirang dikgakgamatso, bao ba nang le neo ya phodiso, bao ba ka thusang ba bangwe, bao ba ka dirang ba bangwe gore ba dire mmogo, bao ba ba buang ka diteme tse ba sa di ithutang.
Und so hat Gott in der Gemeinde gesetzt erstens Apostel, zweitens Propheten, drittens Lehrer, darnach Wundertäter, sodann die Gaben der Heilung, der Hilfeleistung, der Verwaltung, verschiedene Sprachen.
29 A mongwe le mongwe ke moaposetoloi? Nnyaa. A mongwe le mongwe ke moreri? Nnyaa. A botlhe ke baruti? A mongwe le mongwe o na le nonofo go dira dikgakgamatso?
Es sind doch nicht alle Apostel, nicht alle Propheten, nicht alle Lehrer, nicht alle Wundertäter?
30 A mongwe le mongwe o ka fodisa bolwetse? Nnyaa. A Modimo o re naya rotlhe nonofo ya go bua ka diteme tse re sa di ithutang? A mongwe fela o ka tlhaloganya a bo a ranola se se buiwang ke ba ba nang le neo ya puo ya seeng?
Haben alle die Gaben der Heilung? Reden alle mit Zungen? Können alle auslegen?
31 Nnyaa, leka bojotlhe jwa gago go nna le neo e e di gaisang tsotlhe. Pele, le fa go ntse jalo, mma ke go bolelele sengwe se sele se se botoka go di gaisa tsotlhe!
Strebet aber nach den besten Gaben; doch zeige ich euch jetzt einen noch weit vortrefflicheren Weg: