< Bakorintha I 11 >

1 Mme lo tshwanetse go latela sekao sa me, fela jaaka ke latela sa ga Keresete.
μιμηται μου γινεσθε καθως καγω χριστου
2 Ke a itumela, bakaulengwe ba ba rategang, ka gore lo ntse lo gakologelwa ebile lo dira dilo tsotlhe tse ke lo di rutileng.
επαινω δε υμας οτι παντα μου μεμνησθε και καθως παρεδωκα υμιν τας παραδοσεις κατεχετε
3 Mme go na le sengwe se ke batlang go lo gakolola kaga sone: gore mosadi o kafa tlase ga taolo ya monna wa gagwe, monna wa gagwe o ka fa tlase ga taolo ya ga Keresete, Keresete ene o ka fa tlase ga taolo ya Modimo.
θελω δε υμας ειδεναι οτι παντος ανδρος η κεφαλη ο χριστος εστιν κεφαλη δε γυναικος ο ανηρ κεφαλη δε του χριστου ο θεος
4 Ke gone ka moo, fa monna a gana go rola hutshe fa a rapela kgotsa a rera, o tlontlolola Keresete.
πας ανηρ προσευχομενος η προφητευων κατα κεφαλης εχων καταισχυνει την κεφαλην αυτου
5 Mme ke gone ka moo mosadi yo o rapelang kgotsa a porofesa mo pepeneneng a sa rwala sepe mo tlhogong o tlontlolola monna wa gagwe (gonne go rwala ga gagwe ke sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna.)
πασα δε γυνη προσευχομενη η προφητευουσα ακατακαλυπτω τη κεφαλη καταισχυνει την κεφαλην αυτης εν γαρ εστιν και το αυτο τη εξυρημενη
6 Ee, fa a gana go rwala tukwi, o tshwanetse go beola moriri wa gagwe otlhe mme fa go tlhabisa ditlhong gore mosadi a beolwe, jalo o tshwanetse go rwala sengwe mo tlhogong.
ει γαρ ου κατακαλυπτεται γυνη και κειρασθω ει δε αισχρον γυναικι το κειρασθαι η ξυρασθαι κατακαλυπτεσθω
7 Mme monna ga a a tshwanela go rwala sepe mo tlhogong (fa a obamela Modimo), gonne monna ke setshwano le kgalalelo ya Modimo; mme mosadi ke kgalalelo ya monna.
ανηρ μεν γαρ ουκ οφειλει κατακαλυπτεσθαι την κεφαλην εικων και δοξα θεου υπαρχων η γυνη δε δοξα ανδρος εστιν
8 Monna wa ntlha ga a tswa mo mosading, mme mosadi wa ntlha ene o dule mo monneng.
ου γαρ εστιν ανηρ εκ γυναικος αλλα γυνη εξ ανδρος
9 Le Adamo, monna wa ntlha, o ne a sa direlwa thuso ya ga Efa, mme Efa o ne a diretswe Adamo.
και γαρ ουκ εκτισθη ανηρ δια την γυναικα αλλα γυνη δια τον ανδρα
10 Jalo mosadi o tshwa-netse go bipa tlhogo ya gagwe e le sesupo sa gore o ka fa tlase ga taolo ya monna, e le lebaka la gore baengele ba mo lemoge ba bo ba mo itumelele.
δια τουτο οφειλει η γυνη εξουσιαν εχειν επι της κεφαλης δια τους αγγελους
11 Mme gakologelwang gore mo leanong la Modimo banna le basadi ba a tlhokana.
πλην ουτε γυνη χωρις ανδρος ουτε ανηρ χωρις γυναικος εν κυριω
12 Gonne le fa mosadi wa ntlha a dule mo monneng, banna botlhe ba tsetswe ke basadi go tloga foo, mme banna le basadi ba tswa mo Modimong Mmopi wa bone.
ωσπερ γαρ η γυνη εκ του ανδρος ουτως και ο ανηρ δια της γυναικος τα δε παντα εκ του θεου
13 Lona ka bo lona lo akanya jang kaga selo se? A go siame gore mosadi a rapele mo pepeneneng a sa bipa tlhogo?
εν υμιν αυτοις κρινατε πρεπον εστιν γυναικα ακατακαλυπτον τω θεω προσευχεσθαι
14 A ga se gore le yone tlholego e re ruta gore ditlhogo tsa basadi di tshwanetse go bipiwa? Gonne basadi ba ikgantsha ka meriri ya bone e meleele, fa monna yo o moriri moleele o mo tlhabisa ditlhong.
ουδε η φυσις αυτη διδασκει υμας οτι ανηρ μεν εαν κομα ατιμια αυτω εστιν
γυνη δε εαν κομα δοξα αυτη εστιν οτι η κομη αντι περιβολαιου δεδοται {VAR1: αυτη } {VAR2: [αυτη] }
16 Mme fa mongwe a batla go ganetsa kaga mo, gotlhe mo ke ka go buang ke gore ga re rute sepe se sele go na le se, gore mosadi o tshwanetse go ipipa tlhogo fa a rapela kgotsa a porofesa mo phuthegong, mme diphuthego tsotlhe di ikutlwa ka mokgwa o le mongwe kaga se.
ει δε τις δοκει φιλονεικος ειναι ημεις τοιαυτην συνηθειαν ουκ εχομεν ουδε αι εκκλησιαι του θεου
17 Se sengwe mo thulaganyong ya me ya dilo tse ke lo kwalelang ka ga tsone ke sengwe se ke se ka keng ka dumalana le sone. Gonne go utlwala jaaka e ka re go kopana ga lona mo selalelong go dira bosula go na le tshiamo.
τουτο δε παραγγελλων ουκ επαινω οτι ουκ εις το κρεισσον αλλα εις το ησσον συνερχεσθε
18 Mongwe le mongwe o aga a mpolelela kaga kganetsanyo e e nnang mo dikopanong tse, le dikgaogano tse di tsogang magareng ga lona ebile ke setse ke rata go dumela.
πρωτον μεν γαρ συνερχομενων υμων εν εκκλησια ακουω σχισματα εν υμιν υπαρχειν και μερος τι πιστευω
19 Mme ke gopola gore lo utlwa mo go le botlhokwa mo e leng gore lona ba lo agang lo siame lo tlaa itse lo bo lo gakologelwa!
δει γαρ και αιρεσεις εν υμιν ειναι ινα [και] οι δοκιμοι φανεροι γενωνται εν υμιν
20 Fa lo kopana lotlhe go ja, ga se Selalelo sa Morena se lo se jang,
συνερχομενων ουν υμων επι το αυτο ουκ εστιν κυριακον δειπνον φαγειν
21 mme ke sa lona. Gonne ke boleletswe gore mongwe le mongwe o itlhaganelela go phamola dijo tsotlhe tse a ka di kgonang go na le go letela go di kgaogana le ba bangwe, jalo yo mongwe a tlhaelwe mme a tsamaye ka tlala fa ba bangwe ba nole ba tagilwe.
εκαστος γαρ το ιδιον δειπνον προλαμβανει εν τω φαγειν και ος μεν πεινα ος δε μεθυει
22 Ke eng? A mo ke boammaaruri tota? A ga lo kake lwa a ja lwa nwa kwa malapeng a lona, go tila go nyenyefatsa phuthego le go tlhabisa bahumanegi ditlhong ba ba se ka keng ba tlisa dijo. Ke tshwanetse go reng kaga dilo tse? A lo batla ke lo galaletsa? Ga ke dire jalo!
μη γαρ οικιας ουκ εχετε εις το εσθιειν και πινειν η της εκκλησιας του θεου καταφρονειτε και καταισχυνετε τους μη εχοντας τι ειπω υμιν επαινεσω υμας εν τουτω ουκ επαινω
23 Gonne se ke se Morena ka boene o se buileng ka Lomati lwa gagwe, mme ke lo boleletse pele: Gore mo bosigong jo Judase o mo okileng ka jone, Jesu o ne a tsaya senkgwe,
εγω γαρ παρελαβον απο του κυριου ο και παρεδωκα υμιν οτι ο κυριος ιησους εν τη νυκτι η παρεδιδετο ελαβεν αρτον
24 mme ya re a sena go se lebogela mo Modimong, a se ngathoganya a se neela barutwa ba gagwe a re, “Tsayang se lo je. Se ke mmele wa me, o ke lo o nayang. Dirang se gore lo nkgakologelwe”.
και ευχαριστησας εκλασεν και ειπεν τουτο μου εστιν το σωμα το υπερ υμων τουτο ποιειτε εις την εμην αναμνησιν
25 Ka mokgwa o o tshwanang, a tsaya senwelo sa mofine morago ga selalelo a re, “Senwelo se ke kgolagano e ncha fa gare ga Modimo le lona, se se tlhomamisitsweng sa bo sa tsamaisiwa ka madi a me. Dirang se gore lo nkgopole ka nako tsotlhe fa lo se nwa”.
ωσαυτως και το ποτηριον μετα το δειπνησαι λεγων τουτο το ποτηριον η καινη διαθηκη εστιν εν τω εμω αιματι τουτο ποιειτε οσακις εαν πινητε εις την εμην αναμνησιν
26 Gonne ka nako tsotlhe fa lo o ja senkgwe se lo bo lo nwa senwelo se, lo bolela molaetsa wa loso lwa Morena, gore o lo swetse. Dirang se go fitlhelela a tla gape.
οσακις γαρ εαν εσθιητε τον αρτον τουτον και το ποτηριον πινητε τον θανατον του κυριου καταγγελλετε αχρις ου ελθη
27 Jalo fa mongwe a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong se sa Morena a sa tshwanela, o leofela mmele le madi a Morena.
ωστε ος αν εσθιη τον αρτον η πινη το ποτηριον του κυριου αναξιως ενοχος εσται του σωματος και του αιματος του κυριου
28 Ke gone ka moo motho o tshwanetseng go itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga a a ja senkgwe a bo a a nwa mo senwelong.
δοκιμαζετω δε ανθρωπος εαυτον και ουτως εκ του αρτου εσθιετω και εκ του ποτηριου πινετω
29 Gonne fa a a ja senkgwe se a bo a a nwa mo senwelong a sa tshwanela, a sa akanye kaga mmele wa ga Keresete le go re o rayang, o a bo a inwela ebile a ijela tshekiso; gonne o tshameka ka loso lwa Morena.
ο γαρ εσθιων και πινων κριμα εαυτω εσθιει και πινει μη διακρινων το σωμα
30 Ke gone ka mo bontsi jwa lona lo leng bokoa ebile lo lwala, mme bangwe ba setse ba sule.
δια τουτο εν υμιν πολλοι ασθενεις και αρρωστοι και κοιμωνται ικανοι
31 Mme fa lo itshekatsheka ka kelotlhoko pele ga lo o ja ga lo kitla lo atlholwa kgotsa lo otlhaiwa.
ει δε εαυτους διεκρινομεν ουκ αν εκρινομεθα
32 Le fa go ntse jalo fa re atlholwa re bo re otlhaiwa ke Morena, ke gore ga re kitla re senngwa le lefatshe lotlhe.
κρινομενοι δε υπο {VAR1: του } {VAR2: [του] } κυριου παιδευομεθα ινα μη συν τω κοσμω κατακριθωμεν
33 Jalo, bakaulengwe ba ba rategang, fa lo phuthaganela sejo sa Morena, ebong tirelo ya Selalelo, letelang ba bangwe;
ωστε αδελφοι μου συνερχομενοι εις το φαγειν αλληλους εκδεχεσθε
34 fa mongwe a tshwerwe ke tlala thata o tshwanetse go ja kwa lapeng gore a se ka a itlisetsa kwatlhao fa lo phuthega lotlhe. Ke tlaa buisana le lona kaga dilo tse dingwe morago ga ke goroga.
ει τις πεινα εν οικω εσθιετω ινα μη εις κριμα συνερχησθε τα δε λοιπα ως αν ελθω διαταξομαι

< Bakorintha I 11 >