< Bakorintha I 10 >

1 Gonne ga re a tshwanela go lebala, bakaulengwe ba ba rategang, se se diragaletseng batho ba ga rona mo sekakeng bogologolo. Modimo o ne wa ba etelela pele ka leru le le neng le tsamaya kwa pele ga bone; mme o ne wa ba ralatsa botlhe sentle metsi a Lewatle je Lehibidu.
Ik wil niet, broeders, dat gij er geen acht op zoudt slaan, hoe onze vaders allen onder de wolk waren, allen door de zee heentrokken,
2 Se se ka nna sa bidiwa e le “kolobetso” ya bone, —ba kolobeditswe botlhe mo lewatleng le mo lerung! —jaaka balatedi ba ga Moshe, boineelo jwa bone mo go ene jaaka moeteledi-pele wa lona.
en allen door wolk en zee in Moses werden gedoopt;
3 Mme ka kgakgamatso wa ba romelela dijo go ja le metsi go nwa gone kwa sekakeng; ba ne ba a nwa metsi a Keresete o ba a neileng. O ne a le teng a na le bone jaaka Lefika le le nonofileng la thudiso ya semowa.
hoe ze allen dezelfde geestelijke spijs hebben gegeten;
4
hoe ze allen dezelfde geestelijke drank hebben gedronken; want ze dronken uit een geestelijke rots, die hen vergezelde, en die rots was Christus.
5 Le fa go ntse jalo bontsi jwa bone botlhe ba ne ba se ka ba utlwa Modimo, mme o ne a ba nyeletsa mo sekakeng.
Toch heeft God in de meesten van hen geen welbehagen gehad, want ze werden neergeveld in de woestijn;
6 Mo thutong e re tlhagisiwa gore ga re a tshwanela go eletsa dilo tse di bosula jaaka ba ne ba dira,
en dit is geschied als voorafbeelding voor ons, opdat wij geen begeerte naar het kwade zouden hebben, zoals zij dat hebben gehad.
7 le eseng go obamela medimo ya disetwa jaaka ba ne ba dira. (Dikwalo di re bolelela gore, “batho ba ne ba nna fa fatshe go ja le go nwa mme ba tloga ba nanoga ba bina,” ba obamela namane ya gauta), modimo wa sesetwa.
Weest ook geen afgodendienaars, zoals sommigen van hen; gelijk geschreven staat: "Het volk zat neer, om te eten en te drinken, en men ging zich vermaken."
8 Thuto e nngwwe ya rona ke kaga se se neng sa direga fa bangwe ba bone ba leofa le basadi ba banna ba bangwe, mme dikete di le masome a mabedi le boraro tsa a swa ka letsatsi.
Laten we ook geen ontucht bedrijven, zoals sommigen van hen ontucht bedreven; en op één dag vielen er drie en twintig duizend.
9 Mme se leke bobelotelele jwa Morena, ba ne ba dira jalo, mme ba a swa, ba bolawa ke malomo a noga.
Tarten we ook den Heer niet, zoals sommigen van hen hebben gedaan; en ze kwamen om door de slangen.
10 Le gone o se ka wa ngongoregela Modimo le tirisano ya one le wena, jaaka bangwe ba bone ba ne ba dira, gonne ke gone ka moo Modimo o ileng wa romela moengele wa one go ba nyeletsa botlhe.
Mort ook niet, zoals sommigen van hen hebben gemord; en ze werden uitgeroeid door den verderfengel.
11 Dilo tse tsotlhe di ba diragaletse e le dikai, jaaka dithuto tsa boitlamo mo go rona go re tlhagisa gore re seka ra dira jaaka bone; dilo tse di kwadilwe gore re tle re bale kaga bone le go ithuta mo go bone mo malatsing ano a bofelo jaaka lefatshe le le gaufi le bokhutlo jwa lone. (aiōn g165)
Dit alles nu overkwam hun als een voorafbeelding voor ons, en het werd opgeschreven tot waarschuwing voor ons, die het einde der tijden beleven. (aiōn g165)
12 Jalo itlhokomeleng. Fa lo akanya, lo re, “Oo, ga nka ke ka tlhola ke tshwara jalo gape”, a se e nne tlhagiso mo go lona. Gonne le lona lo ka wela mo sebeng.
Dus, wie meent te staan, zie toe, dat hij niet valt!
13 Mme gakologelwang se, dikeletso tse di bosula tse di tlang mo botshelong jwa lona ga se sepe se sesha le se se pharologanyo. Ba le bantsi ba ne ba lebagana le mathata a a ntseng fela jalo pele ga lona. Mme ga go na thaelo epe e e sa kganelesegeng. Lo ka tshepa Modimo go kganela thaelo gore e se ka ya nna le thata mo lo sa ka keng lwa e fenya, gonne Morena o solofeditse se, mme o tlaa diragatsa se a se buileng. O tlaa lo supegetsa ka fa lo ka falolang nonofo ya thaelo ka gone gore lo kgone go itshoka kgatlhanong le yone.
Gij hebt geen bovenmenselijke bekoring te doorstaan gehad. God is getrouw; Hij zal niet toelaten, dat gij boven uw krachten bekoord wordt, maar met de bekoring zal Hij ook het middel geven, om ze te kunnen doorstaan.
14 Jalo ditsala tse di rategang, tshabang kobamelo nngwe le nngwe ya medimo ya disetwa.
En daarom, mijn geliefden, vlucht de afgoderij!
15 Lo batho ba ba botlhale. Bonang ka bo lona gore a se ke tlogang ke se bua ke boammaaruri.
Ik spreek tot verstandigen; beoordeelt dus zelf, wat ik zeggen ga.
16 Fa re kopela senwelo sa mofine tshegofatso fa Lomating lwa Morena, a se ga se reye gore, botlhe ba ba se nwang ba tlhakanela tshegofatso ya madi a ga Keresete? Mme fa re ngathoganya senkgwe se go ja mmogo, se se supa gore rotlhe re tlhakanetse dithuso mo mmeleng wa gagwe.
Is de kelk der zegening, die wij zegenen, geen deelgenootschap aan het Bloed van Christus; is het brood, dat wij breken, geen deelgenootschap aan het Lichaam van Christus?
17 Ga go re sepe gore re kae foo, rotlhe re ja mo senkgweng se le sengwe fela, go supa gore rotlhe re ditokololo tsa mmele o le mongwe wa ga Keresete.
Omdat het één Brood is, daarom zijn wij, hoe talrijk ook, één lichaam; want allen hebben wij deel aan het éne Brood.
18 Mme batho ba Sejuta botlhe ba ba jang ditlhabelo ba kopa nngwa ka yone tiro eo.
Beschouwt het Israël naar het vlees; zijn zij, die de offerspijzen eten, niet in gemeenschap met het altaar?
19 Keleka go reng? A ka re medimo ya disetwa o baheitane ba e leretseng ditlhabelo e a tshela ka boammaaruri le gore ke medimo tota, le gore a ditlhabelo tse di na le tlhwatlhwa nngwe? Nnyaa, ga ke rialo.
Wat wil ik hiermee zeggen? Dat het offervlees iets is, of dat een afgod iets is?
20 Se ke se buang ke gore batho ba ba ntshetsang medimo e ya disetwa dijo, ba ikopantse mmogo mo go direleng mewa e e maswe ditlhabelo, tota e seng Modimo. Mme ga ke rate ope wa lona a nna le kabelo epe le mewa e e maswe fa loo ja dijo tse di tshwanang le tsa baheitane, tse di diretsweng mewa e e maswe.
Neen, maar wat ze offeren, offeren ze aan duivels en niet aan God. En ik wil niet, dat gij in gemeenschap staat met de duivels.
21 Ga lo kake lwaa nwa senwelo fa lomating lwa bojelo lwa Morena le fa go lwa ga Satane. Ga lo kake lwaa ja senkgwe fa lomating lwa Morena le fa lomating lwa ga Satane.
Gij kunt de kelk des Heren niet drinken en de kelk der duivels. Gij kunt geen deel hebben aan de Tafel des Heren en aan de tafel der duivels.
22 Ke eng? A o leka Morena go go galefela. A o nonofile go mo feta?
Of zouden we den Heer soms willen uitdagen? Zijn wij soms sterker dan Hij?
23 O gololesegile go ja dijo tse di abetsweng medimo ya disetwa fa o batla go di ja; ga se kgatlhano le molao wa Modimo go ja dijo tse di ntseng jalo, mme ga go reye gore o tswelele pele go go dira. Go ka nna ga letlelesega, mme ga go kake ga nna botoka ga ba ga nna le thuso epe.
Alles is geoorloofd! Maar niet alles is heilzaam! Alles is geoorloofd! Maar niet alles is stichtend.
24 Se ikakanyetse fela ka bo wena. Leka go akanyetsa motho yo mongwe le ene, le se se mo siametseng.
Niemand zoeke zijn eigen belang, maar dat van den naaste.
25 Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Jaang nama nngwe le nngwe e lo e batlang e e rekisiwang kwa matlhabelong. Se botseng gore a e ka ne e abetswe medimo ya disetwa, e se re kgotsa karabo ya lo koafatsa.
Al wat in de vleeshal verkocht wordt, moogt gij eten, zonder verder onderzoek te doen tot geruststelling van uw geweten.
26 Gonne lefatshe le sengwe le sengwe se se molemo mo go lone ke sa Morena ebile ke sa gago go se akola.
Want: "Aan den Heer behoort de aarde met wat ze bevat."
27 Fa mongwe yo e seng Mokeresete a go kopa go ya dijong nae, tswelelang amogela taletso fa o batla. Ja sengwe le sengwe se se mo lomating lwa bojelo o se ka wa botsa dipotso dipe kaga sone. Mme ga o nke o itse go re a di diretswe medimo ya disetwa kgotsa nnyaa, le gone ga o kitla o nna le segakolodi se se bokoa morago ga o di ja.
Zo een ongelovige u uitnodigt, en gij wilt er heen gaan, eet dan gerust al wat u wordt voorgezet, zonder verder onderzoek te doen tot geruststelling van het geweten.
28 Mme fa mongwe a go tlhagisa gore nama e e abetswe medimo ya disetwa jalo se e je ka ntlha ya motho yo o go boleletseng, le ka segakolodi sa gagwe.
Maar zo iemand u zegt: "dit is offervlees," eet er dan niet van, zowel om hem, die er u opmerkzaam op maakte, als om gewetenswil.
29 Mo lebakeng le, maikutlo a gagwe kaga tsone ke selo sa botlhokwa, e seng a gago. Mme o ka botsa gore ka go reng, a ke tshwanetse go kaelwa le go laolelwa ka se mongwe a se akanyang?
Ik bedoel niet uw eigen geweten, maar dat van den ander. Waarom toch zou mijn vrijheid op zich zelf genomen afgemeten worden naar het geweten van een ander?
30 Fa ke ka leboga Modimo ka dijo mme ke di itumelela ke eng fa mongwe a ka letlelelwa go senya sengwe le sengwe fela ka gore o akanya gore ga se a siama?
Wanneer ik na dankzegging van iets geniet, waarom zou ik gesmaald worden om iets, waarvoor ik dankzegging uitspreek?
31 Go siame, ke tlaa lo bolelela gore ke eng. Ke ka gore o tshwanetse go dira sengwe le sengwe mo kgalaletsong ya Modimo, le e leng go ja le go nwa ga gago.
Derhalve, of gij eet, of drinkt, of wat gij ook doet, doet alles ter ere Gods!
32 Jalo se nne sekgopi mo go ope, le fa e ka bo e le Bajuta, kgotsa Badichaba kgotsa Bakeresete.
Geeft geen aanstoot aan Joden of heidenen, noch aan de Kerk van God;
33 Seo ke leano le ke le latelang le nna. Ke leka go itumedisa mongwe le mongwe mo go sengwe le sengwe se ke se dirang, e seng go dira se ke se ratang kgotsa se se ntshwanetseng, fa e se se se siametseng ba bangwe, gore ba tle ba bolokwe.
zoals ook ikzelf allen in ieder opzicht terwille ben, en niet mijn eigen belang zoek, maar dat van de grote menigte, opdat ze behouden wordt.

< Bakorintha I 10 >