< Дела апостолска 4 >
1 А кад они говораху народу, наиђоше на њих свештеници и војвода црквени и садукеји;
Mme ya re ba santse ba bua le batho, baperesiti ba bagolo le molaodi wa mapodisi a Tempele, le bangwe ba Basadukai ba tla kwa go bone,
2 И расрдише се, што они уче људе и јављају у Исусу васкрсење из мртвих.
ba tshwenyegile thata ka ntlha ya gore Petere le Johane ba ne ba bolela gore Jesu o tsogile mo baswing.
3 И дигоше на њих руке, и метнуше их у затвор до ујутру: јер већ беше вече.
Ba ba tshwara, mme ka go ne go setse go le maitsiboa, ba ba tlhatlhela mo tlung ya kgolegelo bosigo jotlhe.
4 А од оних који слушаху реч многи вероваше, и постаде број људи око пет хиљада.
Mme bontsi jwa batho ba ba utlwileng molaetsa wa bone ba o dumela, mo e leng gore palo ya badumedi e ne ya tsholetsega ya batla go nna dikete tse tlhano!
5 А кад би ујутру, скупише се кнезови њихови и старешине и књижевници у Јерусалим,
Erile ka letsatsi le le latelang ga diragala gore Lekgotla la baeteledipele ba Sejuta le bo le phuthegetse mo Jerusalema.
6 А Ана поглавар свештенички и Кајафа и Јован и Александар и колико их год беше од рода свештеничког;
Anase Moperesiti yo mogolo a bo a le teng, le Kaiafase, Johane, Alekesandere le ba bangwe ba losika lwa Moperesiti yo Mogolo.
7 И метнувши их на средину питаху: Каквом силом или у чије име учинисте ви ово?
Jalo barutwa ba babedi ba leriwe kwa go bone. Mme lekgotla la ba botsa la re, “Lo dirile selo se ka nonofo ya ga mang kgotsa ka taolo ya ga mang?”
8 Тада Петар напунивши се Духа Светог рече им: Кнезови народни и старешине Израиљеве!
Mme Petere, ka a tletse Mowa O O Boitshepo a ba raya a re, “Baeteledipele ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa sechaba sa rona,
9 Ако нас данас питате за добро дело које учинисмо болесном човеку те он оздрави:
fa lo raya tiro e ntle e e diretsweng segole se, le ka fa o neng a fodisiwa ka teng,
10 Да је на знање свима вама и свему народу Израиљевом да у име Исуса Христа Назарећанина, ког ви распесте, ког Бог подиже из мртвих, стоји овај пред вама здрав.
a nke ke lo bolelele sentle lona le batho botlhe ba Iseraele gore tiro e e dirilwe ka leina le nonofo ya ga Jesu wa Nasaretha, Mesia, monna yo lo mmapotseng, mme Modimo o mo tsositse mo baswing. Ke ka nonofo ya gagwe fa monna yo a eme fano a fodile!
11 Ово је камен који ви зидари одбацисте, а постаде глава од угла: и нема ни у једном другом спасења;
Gonne Jesu Mesia (ene yo go buiwang ka ga gagwe mo dikwalong) ke ‘lentswe je le gannweng ke baagi le le neng la nna lentswe la kgokgotshwana.’
12 Јер нема другог имена под небом даног људима којим би се ми могли спасти.
Ga go na poloko mo go ope! Ka fa tlase ga legodimo lotlhe ga gona leina lepe le batho ba ka le bitsang gore ba bolokwe.”
13 А кад видеше слободу Петрову и Јованову, и знајући да су људи некњижевни и прости, дивљаху се, и знаху их да беху с Исусом.
Erile Lekgotla le bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, gape le lemoga gore ga ba a rutega ke batho fela, ba hakgamala mme ba lemoga gore go nna le Jesu go ba diretse eng.
14 А видећи исцељеног човека где с њима стоји не могаху ништа противу рећи.
Mme Lekgotla le ne le se kake la latola go fodisiwa ga gagwe gonne motho yo o neng a fodisitswe o ne a eme gone foo gaufi nabo!
15 Онда им заповедише да изиђу напоље из савета, па питаху један другог
Mme ba ba ntshetsa kwa ntle ga ntlwana e Lekgotla le kopanelang mo go yone ba sala ba gakololana.
16 Говорећи: Шта ћете чинити овим људима? Јер велики знак што учинише они познат је свима који живе у Јерусалиму, и не можемо одрећи;
Ba botsana ba re, “Re tlaa dirang ka banna ba? Ga re ka ke ra ganela gore ba dirile kgakgamatso e kgolo, gonne mongwe le mongwe mo Jerusalema o itse ka ga selo se.
17 Али да се даље не разилази по народу, да им оштро запретимо да више не говоре за име ово никоме.
Mme gongwe re ka ba emisa mo go anamiseng tumelo ya bone. Re tlaa ba bolelela gore fa ba ka dira gape jalo re tlaa dira gore ba obamele molao wa rona ka kgang.”
18 И дозвавши их заповедише им да ништа не спомињу нити да уче у име Исусово.
Mme ba ba biletsa mo teng, ba ba raya ba re ba seka ba tlhola ba bua sepe ka ga Jesu.
19 Петар и Јован одговарајући рекоше им: Судите је ли право пред Богом да вас већма слушамо неголи Бога?
Mme Petere le Johane ba ba raya ba re, “Atlholang lona gore a Modimo o batla re reetsa lona mo boemong jwa one!
20 Јер ми не можемо не говорити шта видесмо и чусмо.
Ga re ka ke ra khutlisa go bua ka dilo tse di ntle tse re bonyeng Jesu a di dira ebile re mo utlwile a di bua.”
21 А они запретивши им пустише их, не нашавши ништа како би их мучили, народа ради; јер сви хваљаху Бога за оно што се беше догодило.
Mme Lekgotla la ba bopela, lwa bofelo ba ba lesa ba tsamaya gonne ba ne ba sa itse gore ba ka ba otlhaya jang kwa ntle ga go tsosa mokubukubu. Gonne mongwe le mongwe o ne a galaletsa Modimo ka ntlha ya tiro e ntle e,
22 Јер оном човеку беше више од четрдесет година на коме се догоди ово чудо здравља.
ebong phodiso ya monna yo o saleng a lwetse dingwaga di le masome mane!
23 А кад их отпустише, дођоше к својима, и јавише им шта рекоше главари свештенички и старешине.
Ka bofefo fela fa ba sena go gololwa, Petere le Johane ba bona barutwa ba bangwe mme ba ba bolelela se Lekgotla le se ba reileng.
24 А они кад чуше, једнодушно подигоше глас к Богу и рекоше: Господе Боже, Ти који си створио небо и земљу и море и све што је у њима;
Mme badumedi botlhe ba kopanela thapelo e: “Oo Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsone,
25 Који устима Давида слуге свог рече: Зашто се буне незнабошци, и народи измишљају празне речи?
o buile bogologolo ka Mowa O O Boitshepo ka mogolwagolwane wa rona, motlhanka wa gago Kgosi Dafide, wa re ‘Ke ka ntlha yang fa baheitane ba tsogologela Morena, le merafe e e dieleele e dira maanonyana a a kgatlhanong le Modimo-Mothata-Yotlhe? Dikgosi tsa lefatshe di a kopana go tlhabantsha Morwa Modimo yo o tloditsweng!’
26 Састаше се цареви земаљски, и кнезови се сабраше уједно на Господа и на Христа Његовог.
27 Заиста се сабраше у овом граду на светог Сина Твог Исуса, ког си помазао, Ирод и понтијски Пилат с незнабошцима и с народом Израиљевим,
“Ke sone se se diragalang fano mo motseng o gompieno! Gonne Kgosi Herode, le Ponto Pilato mmusi, le ba-Roma botlhe le batho ba Iseraele, ba kopanetse Jesu, Morwa yo o tloditsweng, motlhanka wa gago yo o boitshepo.
28 Да учине шта рука Твоја и савет Твој напред одреди да буде.
Ga ba na go tlogela le fa e le sepe se wena mo nonofong ya gago o tlaa ba letlang go se dira.
29 И сад Господе! Погледај на њихове претње, и дај слугама својим да говоре са сваком слободом реч Твоју;
Mme jaanong Morena, utlwa go bopa ga bone, mme o neye batlhanka ba gago bopelokgale jo bogolo mo therong ya bone,
30 И пружај руку своју на исцељивање и да знаци и чудеса буду именом светог Сина Твог Исуса.
o bo o romele nonofo ya gago ya phodiso, le dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo di dirwe ka leina la motlhanka wa gago yo o itshepileng Jesu.”
31 И пошто се они помолише Богу затресе се место где беху сабрани, и напунише се сви Духа Светог, и говораху реч Божју са слободом.
Morago ga thapelo e, kago e ba neng ba kopanetse mo go yone ya tshikinyega, mme botlhe ba tlala Mowa O O Boitshepo mme ba rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale.
32 А у народа који верова беше једно срце и једна душа; и ниједан не говораше за имање своје да је његово, него им све беше заједничко.
Badumedi botlhe ba ne ba le pelo e le nngwe le mowa o le mongwe, mme ga bo go sena ope yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse.
33 И апостоли с великом силом сведочаху за васкрсење Господа Исуса Христа; и благодат велика беше на свима њима:
Mme baaposetoloi ba rera dithero tse di nonofileng ka ga tsogo ya ga Morena Jesu, mme ga nna le bolekane jo bo nitameng mo badumeding botlhe.
34 Јер ниједан међу њима не беше сиромашан, јер колико их год беше који имаху њиве или куће, продаваху и доношаху новце што узимаху зато,
Go ne go sena ope yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba neng ba na le ditsha kgotsa matlo ba ne ba a rekisa ba tlisa madi kwa baaposetoloing go a abela ba ba tlhokang.
35 И метаху пред ноге апостолима; и даваше се свакоме као што ко требаше.
36 А Јосија, прозвани од апостола Варнава, које значи Син утехе, Левит родом из Кипра,
Jaaka go ne go na le Josefa, (yo baaposetoloi ba neng ba mmitsa “Barenabase wa Moreti!” E ne e le wa Balifi ba kwa setlhaketlhakeng sa Kupero).
37 Он имаше њиву, и продавши је донесе новце и метну апостолима пред ноге.
E ne e le mongwe wa ba ba neng ba rekisa ditsha tsa bone tse ba neng ba na natso mme ba tlisa madi kwa baaposetoloing gore ba a abele ba ba tlhokang.