< မထိး 28 >

1 တတး ပရံ ဝိၑြာမဝါရသျ ၑေၐေ သပ္တာဟပြထမဒိနသျ ပြဘောတေ ဇာတေ မဂ္ဒလီနီ မရိယမ် အနျမရိယမ် စ ၑ္မၑာနံ ဒြၐ္ဋုမာဂတာ၊
Mme ya re phakela mo mosong wa Tshipi, fa bosigo jwa tshipi boo sa, Marea Magatalena le Maria yo mongwe ba ya kwa phupung.
2 တဒါ မဟာန် ဘူကမ္ပော'ဘဝတ်; ပရမေၑွရီယဒူတး သွရ္ဂာဒဝရုဟျ ၑ္မၑာနဒွါရာတ် ပါၐာဏမပသာရျျ တဒုပရျျုပဝိဝေၑ၊
Ka tshoganetso ga nna thoromo ya lefatshe e kgolo; gonne moengele wa Morena o na a fologa kwa legodimong mme a pitikololela lentswe fa thoko ga phupu mme a nna mo godimo ga lone.
3 တဒွဒနံ ဝိဒျုဒွတ် တေဇောမယံ ဝသနံ ဟိမၑုဘြဉ္စ၊
Sefatlhogo sa gagwe sa bo se phatsima jaaka logadima, le diaparo tsa gagwe tsa bo di le bosweu jo bo fatlhang.
4 တဒါနီံ ရက္ၐိဏသ္တဒ္ဘယာတ် ကမ္ပိတာ မၖတဝဒ် ဗဘူဝး၊
Balebeledi ba roromisiwa ke letshogo fa ba mmona, mme ba idibala mo o neng o ka re ba sule.
5 သ ဒူတော ယောၐိတော ဇဂါဒ, ယူယံ မာ ဘဲၐ္ဋ, ကြုၑဟတယီၑုံ မၖဂယဓွေ တဒဟံ ဝေဒ္မိ၊
Mme moengele a bua le basadi a re, “Se boifeng!” Ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe,
6 သော'တြ နာသ္တိ, ယထာဝဒတ် တထောတ္ထိတဝါန်; ဧတတ် ပြဘေား ၑယနသ္ထာနံ ပၑျတ၊
mme ga a yo fano! Gonne o rudile fela jaaka a boletse. Tsenang lo bone fa mmele wa gagwe o neng o namaletse gone.
7 တူရ္ဏံ ဂတွာ တစ္ဆိၐျာန် ဣတိ ဝဒတ, သ ၑ္မၑာနာဒ် ဥဒတိၐ္ဌတ်, ယုၐ္မာကမဂြေ ဂါလီလံ ယာသျတိ ယူယံ တတြ တံ ဝီက္ၐိၐျဓွေ, ပၑျတာဟံ ဝါရ္တ္တာမိမာံ ယုၐ္မာနဝါဒိၐံ၊
Mme jaanong, itlhaganeleng lo ye go itsise barutwa ba gagwe gore o tsogile mo baswing le gore o ya kwa Galalea go rakana nabo teng. Ke one molaetsa wa me o ke o lo nayang.
8 တတသ္တာ ဘယာတ် မဟာနန္ဒာဉ္စ ၑ္မၑာနာတ် တူရ္ဏံ ဗဟိရ္ဘူယ တစ္ဆိၐျာန် ဝါရ္တ္တာံ ဝက္တုံ ဓာဝိတဝတျး၊ ကိန္တု ၑိၐျာန် ဝါရ္တ္တာံ ဝက္တုံ ယာန္တိ, တဒါ ယီၑု ရ္ဒရ္ၑနံ ဒတ္တွာ တာ ဇဂါဒ,
Basadi ba akofa ba tloga fa phupung ba tshogile gape ba itumetse thata, mme ba itlhaganelela go batla barutwa go ba bolelela molaetsa wa moengele.
9 ယုၐ္မာကံ ကလျာဏံ ဘူယာတ်, တတသ္တာ အာဂတျ တတ္ပာဒယေား ပတိတွာ ပြဏေမုး၊
Mme ya re ba santse ba siane, ka tshoganetso Jesu a ba kgatlhantsha! A re, “Dumelang!”. Ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe ba mo tshwara dinao ba mo obamela.
10 ယီၑုသ္တာ အဝါဒီတ်, မာ ဗိဘီတ, ယူယံ ဂတွာ မမ ဘြာတၖန် ဂါလီလံ ယာတုံ ဝဒတ, တတြ တေ မာံ ဒြက္ၐျန္တိ၊
Mme Jesu a ba raya a re, “Se boifeng! Yang go raya bana ba ga Rre lo re ba itlhaganelele kwa Galalea go nkgatlhantsha teng.”
11 သ္တြိယော ဂစ္ဆန္တိ, တဒါ ရက္ၐိဏာံ ကေစိတ် ပုရံ ဂတွာ ယဒျဒ် ဃဋိတံ တတ္သရွွံ ပြဓာနယာဇကာန် ဇ္ဉာပိတဝန္တး၊
Ya re basadi ba santse ba le mo tseleng e e yang motseng, bangwe ba mapodisi a Tempele ba ba neng ba disitse phupu ba ya kwa baperesiting ba bagolo go ba bolelela se se diragetseng.
12 တေ ပြာစီနဲး သမံ သံသဒံ ကၖတွာ မန္တြယန္တော ဗဟုမုဒြား သေနာဘျော ဒတ္တွာဝဒန်,
Phuthego ya baeteledipele botlhe ba Sejuda ya kuiwa, ga dumalanwa gore mapodisi a rekwe ka madi gore ba re erile ba robetse barutwa ba ga Jesu ba tla bosigo mme ba utswa mmele wa gagwe.
13 အသ္မာသု နိဒြိတေၐု တစ္ဆိၐျာ ယာမိနျာမာဂတျ တံ ဟၖတွာနယန်, ဣတိ ယူယံ ပြစာရယတ၊
14 ယဒျေတဒဓိပတေး ၑြောတြဂေါစရီဘဝေတ်, တရှိ တံ ဗောဓယိတွာ ယုၐ္မာနဝိၐျာမး၊
Mme phuthego ya ba solofetsa ya re, “Fa molaodi a ka utlwa ka ga kgang e, re tlaa lo sireletsa mme sengwe le sengwe se tlaa siama.”
15 တတသ္တေ မုဒြာ ဂၖဟီတွာ ၑိက္ၐာနုရူပံ ကရ္မ္မ စကြုး, ယိဟူဒီယာနာံ မဓျေ တသျာဒျာပိ ကိံဝဒန္တီ ဝိဒျတေ၊
Jalo mapodisi a dumalana go rekwa ka madi, mme ba bua se ba neng ba se rutilwe. Polelo ya bone ya anama mo Bajudeng, le gompieno e sa ntse e dumelwa.
16 ဧကာဒၑ ၑိၐျာ ယီၑုနိရူပိတာဂါလီလသျာဒြိံ ဂတွာ
Mme barutwa ba ba lesome le motso ba ya Galalea, ba ya thabeng e Jesu a neng a rile ba tlaa mo fitlhela teng.
17 တတြ တံ သံဝီက္ၐျ ပြဏေမုး, ကိန္တု ကေစိတ် သန္ဒိဂ္ဓဝန္တး၊
Mme koo ba feta ba rakana nae mme ba mo obamela; mme bangwe ba bone ba bo ba sa tlhomamise gore a ke ene Jesu tota!
18 ယီၑုသ္တေၐာံ သမီပမာဂတျ ဝျာဟၖတဝါန်, သွရ္ဂမေဒိနျေား သရွွာဓိပတိတွဘာရော မယျရ္ပိတ အာသ္တေ၊
A raya barutwa ba gagwe a re, “Ke neilwe taolo yotlhe kwa Legodimong le mo lefatshing.
19 အတော ယူယံ ပြယာယ သရွွဒေၑီယာန် ၑိၐျာန် ကၖတွာ ပိတုး ပုတြသျ ပဝိတြသျာတ္မနၑ္စ နာမ္နာ တာနဝဂါဟယတ; အဟံ ယုၐ္မာန် ယဒျဒါဒိၑံ တဒပိ ပါလယိတုံ တာနုပါဒိၑတ၊
Ke gone tsamayang mme lo dire barutwa mo merafeng yotlhe, lo ba kolobetse mo ineng la ga Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo.
20 ပၑျတ, ဇဂဒန္တံ ယာဝတ် သဒါဟံ ယုၐ္မာဘိး သာကံ တိၐ္ဌာမိ၊ ဣတိ၊ (aiōn g165)
Mme ke gone lo rute barutwa ba basha ba go tshegetsa ditaolo tsotlhe tse ke di lo neileng; mme lo tlhomamise Gore ke na le lona ka malatsi otlhe le go ya bokhutlong jwa lefatshe.” (aiōn g165)

< မထိး 28 >