+ မထိး 1 >

1 ဣဗြာဟီမး သန္တာနော ဒါယူဒ် တသျ သန္တာနော ယီၑုခြီၐ္ဋသ္တသျ ပူရွွပုရုၐဝံၑၑြေဏီ၊
Ba ke bagolwagolwane ba ga Jesu Keresete wa lotso lwa ga Kgosi Dafide le Aberahame:
2 ဣဗြာဟီမး ပုတြ ဣသှာက် တသျ ပုတြော ယာကူဗ် တသျ ပုတြော ယိဟူဒါသ္တသျ ဘြာတရၑ္စ၊
Aberahame e ne e le rraagwe Isake; Isake e ne e le rraagwe Jakobe; Jak obe e ne e le rraagwe Juda le bomonnawe ba basimane.
3 တသ္မာဒ် ယိဟူဒါတသ္တာမရော ဂရ္ဘေ ပေရဿေရဟော် ဇဇ္ဉာတေ, တသျ ပေရသး ပုတြော ဟိၐြောဏ် တသျ ပုတြော 'ရာမ်၊
Juda e ne e le rraagwe Perese le Sera (Tamare e ne e le mmaabo); Perese e ne e le rraagwe Heserone; Heserone e ne e le rraagwe Arame;
4 တသျ ပုတြော 'မ္မီနာဒဗ် တသျ ပုတြော နဟၑောန် တသျ ပုတြး သလ္မောန်၊
Arame e ne e le rraagwe Aminadabe; Aminadabe e ne e le rraagwe Nashone; Nashone e ne e le rraagwe Salemone;
5 တသ္မာဒ် ရာဟဗော ဂရ္ဘေ ဗောယမ် ဇဇ္ဉေ, တသ္မာဒ် ရူတော ဂရ္ဘေ ဩဗေဒ် ဇဇ္ဉေ, တသျ ပုတြော ယိၑယး၊
Salemone e ne e le rraagwe Boase (Rahabe e ne e le mmaagwe); Boase e ne e le rraagwe Obede (Ruthe e ne e le mmaagwe); Obede e ne e le rraagwe Jese;
6 တသျ ပုတြော ဒါယူဒ် ရာဇး တသ္မာဒ် မၖတောရိယသျ ဇာယာယာံ သုလေမာန် ဇဇ္ဉေ၊
Jese e ne e le rraagwe Kgosi Dafide. Dafide e ne e le rraagwe Solomone (mmaagwe o ne a kile a ne a le mogatsa Uria);
7 တသျ ပုတြော ရိဟဗိယာမ်, တသျ ပုတြော'ဗိယး, တသျ ပုတြ အာသာ: ၊
Solomone e ne e le rraagwe Rehoboame; Rehoboame e ne e le rraagwe Abija; Abija e ne e le rraagwe Asa;
8 တသျ သုတော ယိဟောၑာဖဋ် တသျ သုတော ယိဟောရာမ တသျ သုတ ဥၐိယး၊
Asa e ne e le rraagwe Jehoshafate; Jehoshafate e ne e le rraagwe Jerame; Jerame e ne e le rraagwe Usia;
9 တသျ သုတော ယောထမ် တသျ သုတ အာဟမ် တသျ သုတော ဟိၐ္ကိယး၊
Usia e ne e le rraagwe Jothame; Jothame e ne e le rraagwe Ahase; Ahase e ne e le rraagwe Hesekia;
10 တသျ သုတော မိနၑိး, တသျ သုတ အာမောန် တသျ သုတော ယောၑိယး၊
Hesekia e ne e le rraagwe Manase; Manase e ne e le rraagwe Amone; Amone e ne e le rraagwe Josaea;
11 ဗာဗိလ္နဂရေ ပြဝသနာတ် ပူရွွံ သ ယောၑိယော ယိခနိယံ တသျ ဘြာတၖံၑ္စ ဇနယာမာသ၊
Josaea e ne e le rraagwe Jokonia le bomonnawe ba basimane (ba tsetswe ka nako ya go gapelwa kwa Babelona).
12 တတော ဗာဗိလိ ပြဝသနကာလေ ယိခနိယး ၑလ္တီယေလံ ဇနယာမာသ, တသျ သုတး သိရုဗ္ဗာဝိလ်၊
Morago ga go gapelwa kwa Babelona: Jokonia o ne a tsala Salathiele; Salathiele e ne e le rraagwe Serubabele;
13 တသျ သုတော 'ဗောဟုဒ် တသျ သုတ ဣလီယာကီမ် တသျ သုတော'သောရ်၊
Serubabele e ne e le rraagwe Abiude; Abiude e ne e le rraagwe Eliakime; Eliakime e ne e le rraagwe Asore;
14 အသောရး သုတး သာဒေါက် တသျ သုတ အာခီမ် တသျ သုတ ဣလီဟူဒ်၊
Asore e ne e le rraagwe Sadoke; Sadoke e ne e le rraagwe Akime; Akime e ne e le rraagwe Eliude;
15 တသျ သုတ ဣလိယာသရ် တသျ သုတော မတ္တန်၊
Eliude e ne e le rraagwe Eleasare; Eleasare e ne e le rraagwe Mathame; Mathame e ne e le rraagwe Jakobe;
16 တသျ သုတော ယာကူဗ် တသျ သုတော ယူၐဖ် တသျ ဇာယာ မရိယမ်; တသျ ဂရ္ဘေ ယီၑုရဇနိ, တမေဝ ခြီၐ္ဋမ် (အရ္ထာဒ် အဘိၐိက္တံ) ဝဒန္တိ၊
Jakobe e ne e le rraagwe Josefa yo e neng e le monna wa ga Marea Mma-Jesu Keresete Mesia.
17 ဣတ္ထမ် ဣဗြာဟီမော ဒါယူဒံ ယာဝတ် သာကလျေန စတုရ္ဒၑပုရုၐား; အာ ဒါယူဒး ကာလာဒ် ဗာဗိလိ ပြဝသနကာလံ ယာဝတ် စတုရ္ဒၑပုရုၐာ ဘဝန္တိ၊ ဗာဗိလိ ပြဝါသနကာလာတ် ခြီၐ္ဋသျ ကာလံ ယာဝတ် စတုရ္ဒၑပုရုၐာ ဘဝန္တိ၊
Tse ke ditshika di le lesome le metso e le mene mo ditshikeng tse di simololang ka Aberahame go tla go fitlha mo go Kgosi Dafide; le tse di lesome le bone go simolola ka nako ya ga Kgosi Dafide go ya nakong ya go gapelwa kwa Babelona; le tse di lesome le bone go simolola ka nako eo go tla go fitlha mo go Keresete.
18 ယီၑုခြီၐ္ဋသျ ဇန္မ ကထ္ထတေ၊ မရိယမ် နာမိကာ ကနျာ ယူၐဖေ ဝါဂ္ဒတ္တာသီတ်, တဒါ တယေား သင်္ဂမာတ် ပြာက် သာ ကနျာ ပဝိတြေဏာတ္မနာ ဂရ္ဘဝတီ ဗဘူဝ၊
A ke mabaka a boammaaruri a a amanang le botsalo jwa ga Jesu Keresete: Marea mmaagwe, o ne a beeletswe go nyalwa ke Josefa. Mme ya re a sa ntse a le kgarebana, a ithwala ga Mowa o o boitshepo.
19 တတြ တသျား ပတိ ရျူၐဖ် သော်ဇနျာတ် တသျား ကလင်္ဂံ ပြကာၑယိတုမ် အနိစ္ဆန် ဂေါပနေနေ တာံ ပါရိတျက္တုံ မနၑ္စကြေ၊
Mme Josefa mmeeledi wa gagwe ka a le mosiami, a ikaelela go senya tsholofetso ka tidimalo ka a ne a sa rate go mmaa mo mpepeneneng go mo tlhabisa ditlhong.
20 သ တထဲဝ ဘာဝယတိ, တဒါနီံ ပရမေၑွရသျ ဒူတး သွပ္နေ တံ ဒရ္ၑနံ ဒတ္တွာ ဝျာဇဟာရ, ဟေ ဒါယူဒး သန္တာန ယူၐဖ် တွံ နိဇာံ ဇာယာံ မရိယမမ် အာဒါတုံ မာ ဘဲၐီး၊
Mme ya re a sa ntse a thantse a akanya ka ga selo se, a thulamela, a lora, mme a bona moengele a eme fa go ene a mo raya a re, “Josefa, morwa Dafide, se etsaetsege go tsaya Marea jaaka mosadi wa gago ka gore ngwana yo o mo rweleng o mo ithwele ka Mowa o o Boitshepo.”
21 ယတသ္တသျာ ဂရ္ဘး ပဝိတြာဒါတ္မနော'ဘဝတ်, သာ စ ပုတြံ ပြသဝိၐျတေ, တဒါ တွံ တသျ နာမ ယီၑုမ် (အရ္ထာတ် တြာတာရံ) ကရီၐျသေ, ယသ္မာတ် သ နိဇမနုဇာန် တေၐာံ ကလုၐေဘျ ဥဒ္ဓရိၐျတိ၊
Mme o tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa mo raya leina o re Jesu (Ke gore “Mmoloki”). Ka gore o tlaa golola batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.
22 ဣတ္ထံ သတိ, ပၑျ ဂရ္ဘဝတီ ကနျာ တနယံ ပြသဝိၐျတေ၊ ဣမ္မာနူယေလ် တဒီယဉ္စ နာမဓေယံ ဘဝိၐျတိ။ ဣမ္မာနူယေလ် အသ္မာကံ သင်္ဂီၑွရဣတျရ္ထး၊
Mo go tlaa diragatsa molaetsa wa Modimo o o kileng wa anamisiwa ke baporofiti ba one, ba re,
23 ဣတိ ယဒ် ဝစနံ ပုရွွံ ဘဝိၐျဒွက္တြာ ဤၑွရး ကထာယာမာသ, တတ် တဒါနီံ သိဒ္ဓမဘဝတ်၊
“Reetsang! Kgarebana e tlaa ithwala ngwana! E tlaa tshola ngwana wa mosimane, mme o tlaa bidiwa ‘Imanuele’.” (Ke gore “Modimo o na le rona”) fa go tlhalosiwa.
24 အနန္တရံ ယူၐဖ် နိဒြာတော ဇာဂရိတ ဥတ္ထာယ ပရမေၑွရီယဒူတသျ နိဒေၑာနုသာရေဏ နိဇာံ ဇာယာံ ဇဂြာဟ,
Erile Josefa a tsoga, a dira jaaka moengele a mo laetse, a isa Maria gae go nna mosadi wa gagwe.
25 ကိန္တု ယာဝတ် သာ နိဇံ ပြထမသုတံ အ သုၐုဝေ, တာဝတ် တာံ နောပါဂစ္ဆတ်, တတး သုတသျ နာမ ယီၑုံ စကြေ၊
Mme a nna a ntse a le kgarebana go fitlhelela morwawe a tsholwa mme Josefa a mo raya leina a re “Jesu.”

+ မထိး 1 >