< II Koryntian 11 >
1 Obyście chcieli na chwilę znosić głupstwo moje! ale i znaszajcie mię.
Ke solofela gore lo tlaa nna pelotelele le nna fa ke ntse ke bua jaaka seeleele jaana. Ntetlang go bua se se mo pelong ya me.
2 Albowiem gorliwym jestem ku wam gorliwością Bożą; bom was przygotował, abym was stawił czystą panną jednemu mężowi Chrystusowi.
Ke lo tlhwaafaletse ka tlhwaafalo ya Modimo, ke tlhwaafaletse gore lorato lwa lona e nne lwa ga Keresete a le nosi, fela jaaka kgarebane e e itshekileng e bolokela monna a le mongwe lorato lwa yone, yo e tlang nnang ene monna wa gagwe.
3 Lecz boję się, by snać jako wąż oszukał Ewę chytrością swoją, tak też skażone myśli wasze nie odpadły od prostoty onej, która jest w Chrystusie.
Mme ke a boifa, ke tshaba gore ka tsela nngwe lo tlaa timediwa mo boitshekong jwa lona mo Moreneng, fela jaaka Efa a ne a tsiediwa ke Satane mo tshimong ya Edene.
4 Bo gdyby kto przyszedł, co by inszego Jezusa opowiadał, któregośmy nie opowiadali; albo gdybyście innego ducha wzięli, któregoście nie wzięli, albo inszą Ewangieliję, którejście nie przyjęli, dobrze byście go znosili.
Lo lebega lo tsietsega ka bonako: lo dumela sengwe le sengwe se mongwe fela o se lo bolelelang le fa a rera kaga Jesu yo mongwe go na le yo re mo rerang, kgotsa mewa e e farologaneng go na le Mowa O O Boitshepo o lo o amogetseng, kgotsa a lo supegetsa tsela e sele ya go bolokwa. Lo dumela gotlhe.
5 Boć mam za to, żem nie był w niczem podlejszy, niżeli oni bardzo wielcy Apostołowie.
Le fa go ntse jalo, ga ke bone gore “Barongwa ba ba hakgamatsang” ba ba ipitsang gore ba tswa kwa Modimong, ga ba nkgaise ka gope.
6 Bo chociażem też i prostakiem w mowie, wszakże nie w umiejętności; ale zgoła jawnymiśmy się stali we wszystkich rzeczach u was.
Fa ke le sebui se se bokoa, mme ke itse se ke buang kaga sone, jaaka ke akanya gore lo gopola jalo jaanong, gonne re go tlhomamisitse gangwe le gape.
7 Izalim się grzechu dopuścił, żem samego siebie uniżył, abyście wy byli wywyższeni, a żem wam darmo Ewangieliję Bożą opowiadał?
A ke kile ka dira phoso ka ingotla go dira gore lo ntebele kwa tlase ka ntlha ya gore ke lo reretse Mafoko a Modimo a a Molemo kwa ntle ga go lo kopa sepe.
8 Złupiłem inne zbory, biorąc od nich żołd, abym wam służył; a będąc u was i cierpiąc niedostatek, nie obciążyłem próżnując nikogo.
Mo boemong jwa moo ke “thopile” diphuthego tse dingwe ka go tsaya se ba neng ba se nthomeletse mme ka se dirisa fa ke santse ke na le lona, gore ke tle ke lo direle kwa ntle ga tuelo epe. Mme fa moo go setse go fetile mme ke tshwerwe ke tlala, ke ne ke ntse ke sa lo kope sepe, gonne Bakeresete ba ba neng ba tswa kwa Masedonia ba ntletse mpho e nngwe. Ga ke ise nke ke lo kope le fa e le ledi ebile ga ke kitla ke dira jalo.
9 Albowiem niedostatek mój dopełnili bracia, którzy przyszli z Macedonii, i we wszystkim strzegłem się, abym wam ciężkim nie był, i na potem strzec się będę.
10 Jestci prawda Chrystusowa we mnie, iż ta chluba nie będzie zatłumiona we mnie w krainach Achajskich.
Ke solofetsa se ka selekanyo sengwe le sengwe sa boammaaruri jo ke nang najo, gore ke tlaa bolelela mongwe le mongwe mo Akaia ka gone!
11 Dlategoż? czy że was nie miłuję? Bógci wie,
Ka ntlha ya eng? A ke ka ntlha ya gore lwa re ga ke lo rate? Modimo o a itse gore ke a lo rata.
12 Ale co czynię, czynić jeszcze będę dlatego, abym odciął przyczynę tym, którzy przyczyny szukają, aby w tem, z czego się chlubią, byli znalezieni tacy, jako i my.
Mme ke tlaa go dira gore ke tlhokise ba ba ipelafatsang seipato sa gore ba dira tiro ya Modimo jaaka re e dira.
13 Albowiem takowi fałszywi Apostołowie są robotnicy zdradliwi, którzy się przemieniają w Apostoły Chrystusowe.
Modimo ga o a roma batho bao gotlhelele; ke “batsietsi” ba ba lo tsietsang gore lo gopole gore ke baaposetoloi ba ga Keresete.
14 A nie dziw: bo i szatan sam przemienia się w Anioła światłości.
Le fa go ntse jalo ga ke hakgamale! Satane o ka iphetola moengele wa lesedi,
15 Nie wielka tedy, jeźli też słudzy jego przemieniają się, jakoby byli sługami sprawiedliwości, których koniec będzie podług uczynków ich.
jalo ga go hakgamatse gore batlhanka ba gagwe ba ka dira jalo le bone, ba bonale jaaka baruti ba Modimo. Kwa bokhutlong ba tlaa amogela kotlhao nngwe le nngwe e e tshwanelang ditiro tsa bone tsa boikepo.
16 Znowu powiadam, żeby mię kto nie miał za głupiego; jeźliż inaczej, więc jako głupiego przyjmijcie mię, abym się ja też nieco maluczko przechwalał.
Gape ke a lo kopa, se gopoleng gore ke latlhile botlhale jwa me go bua jaana; mme le fa lo gopola jalo, ntheetsang, nna seeleele, sematla, fa le nna ke ipelafatsa go se kae jaaka ba dira.
17 Co mówię, nie mówięć jako od Pana, ale jako w głupstwie z strony tej bezpiecznej chluby.
Go ikgantsha mo go ntseng jalo ga se sengwe se Morena o se ntaoletseng go se dira, gonne ke dira jaaka seeleele se se senang tlhaloganyo.
18 Ponieważ się ich wiele chlubi według ciała, i ja się chlubić będę.
Le fa go ntse jalo batho bao ba tsweletse ka go lo bolelela gore ba ditswerere go le kae, le nna ke tlaa tswelela jalo.
19 Bo radzi znosicie głupich, będąc sami mądrymi.
(Lo gopola gore lo botlhale thata, le fa go ntse jalo lo reetsa dieleele tseo; ka boitumelo; ga lo re sepe fa di lo dira makgoba a tsone di bo di tsaya sengwe le sengwe se lo nang naso, ba lo ja ntsoma, di lo faphamola sefatlhogo.
20 Bo znosicie, choć was kto zniewala, choć kto pożera, choć kto bierze, choć się kto wynosi, choć was kto policzkuje.
21 Mówiąc według zelżywości, jakobyśmy byli słabymi; lecz w czem kto śmiałym jest, (w głupstwie mówię) i jam śmiały.
Ketlhabiwa ke ditlhong gore ke re ga ke a nonofa mme ke le pelokgale jalo! Mme le fa e le eng se ba ka ipelafatsang ka sone, ke bua jaaka seeleele gape, ke ka ipelafatsa ka sone le nna).
22 Żydowie są, jestem i ja. Izraelczycy są, jestem i ja. Nasieniem Abrahamowem są, jestem i ja.
Ba ikgantsha gore ke Bahebera, a ke bone? Ee, le nna ke Mohebera, ebile ba re ke Baiseraele, batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo? Le nna ke Moiseraele. Ebile ba re ke bo morwa Aberahame? Ee, le nna ke morwawe.
23 Sługami Chrystusowymi są, (głupio mówię), więcej ja; w pracach obficiej, w razach nad miarę, w więzieniach obficiej, w śmierciach częstokroć.
Ba re ba direla Keresete? Mme ke mo diretse go feta! (A ke kile ka ipelafatsa jaana?) Ke dirile thata, ke golegilwe gantsinyana, ke iteilwe mo go senang palo, mme ka lebagana le loso gantsintsi.
24 Od Żydów wziąłem pięciokroć po czterdzieści plag bez jednej.
Makgetho a matlhano a a farologanyeng, Bajuta ba ntiteile dithupa di le masome a mararo le boferabongwe.
25 Trzykrociem był bity rózgami; razem był kamionowany; trzykroć się ze mną okręt rozbił, dzień i noc byłem w głębokości morskiej;
Ke iteilwe ka dithobane gararo. Ka kgobotlediwa ka maje gangwe fela. Ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka tlhola mo lewatleng bosigo jotlhe le letsatsi le le latelang.
26 W drogach częstokroć, w niebezpieczeństwach na rzekach, w niebezpieczeństwach od zbójców, w niebezpieczeństwach od swego narodu, w niebezpieczeństwach od pogan, w niebezpieczeństwach w mieście, w niebezpieczeństwach na puszczy, w niebezpieczeństwach na morzu, w niebezpieczeństwach między fałszywymi braćmi;
Ke tsamaile maeto a maleele a a lapisang ebile ke tsenye mo kotsing ya merwalela gantsi, mo bothukuthing, le mo go bagaetsho, Bajuta, le mo diatleng tsa Badichaba. Ke ne ka lebagana le dikotsi tse di diphatsa thata di tswa mo bathong ba bantsi ba metse le mo losong mo dikakeng le mo matsubutsubung a mawatle le mo bathong ba ba ipitsang bakaulengwe mo Moreneng mme e se bone.
27 W pracy i w utrapieniu, w niedosypianiu często, w głodzie, i w pragnieniu, w postach często, i w zimnie, i w nagości;
Ke tshedile ka letsapa, le ditlhabi le masigo ke sa robale. Ke bolailwe ke tlala gantsi le lenyora ka bo ka felelwa ke dijo; ke roromisitswe ke serame gantsi, ke sena diaparo tse di lekanyeng go nthuthafatsa.
28 Oprócz tego, co skądinąd przyda, ono naleganie na mię na każdy dzień i ono staranie o wszystkie zbory.
Jalo, mo godimo ga tse tsotlhe, ke na le tlhobaelo e e tsweletseng pele gore diphuthego di tsamaya jang:
29 Któż choruje, a ja nie choruję? Któż się gorszy, a ja nie palę?
Ke mang yo e a reng a dirile phoso ke se ke ke mo utlwele botlhoko? Ke mang yo e a reng fa a wa ke se ke ke rate go thusa? Ke mang yo e a reng fa a utlwisitswe botlhoko mo moweng ke nne fela ke sa gakalele yo o mo utlwisitseng botlhoko?
30 Jeźli się mam chlubić, z krewkości moich chlubić się będę.
Mme fa e le gore ke tshwanetse go ikgantsha, ke ka mpa ka ikgantsha kaga dilo tse di mpontshang bokoa jwa me.
31 Bóg i Ojciec Pana naszego, Jezusa Chrystusa, który jest błogosławiony na wieki, wie, iż nie kłamię. (aiōn )
Modimo, Rraagwe Morena wa rona Jesu Keresete, yo o tshwanetseng go bakwa ka metlha le metlha, o a itse gore ke bolela boammaaruri. (aiōn )
32 W Damaszku hetman ludu króla Arety osadził był strażą miasto Damaszek, chcąc mię pojmać;
Jaaka erile kwa Damaseko molaodi wa kgosi Aretase a mpeela badisa mo dikgorong tsa motse go ntshwara;
33 alem oknem po powrozie w koszyku przez mur był spuszczony i uszedłem rąk jego.
mme ke ne ka falotshiwa ka thapo le seroto mo phatlheng ya lokotswana lo lo ageletseng motse mme jalo ka tswa! (A go itsege mo go golo!).